Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshelela mo Letshogong

Go Tshelela mo Letshogong

Go Tshelela mo Letshogong

ROXANA * o tshaba go bolelela monna wa gagwe gore o batla go bereka tiro ya nakwana. Lebaka la go bo a tshaba ke gore nako nngwe fa a ne a mo kopa madi a go palama bese gore a etele mmaagwe, monna wa gagwe o ne a mo itaya botlhoko mo e leng gore o ne a ya go bona ngaka. O nna a tshogile ka dinako tsotlhe.

Rolando o kile a ne a letla mosadi wa gagwe gore a pagame sepalangwa sa botlhe fa a tla gae bosigo, mme gone jaanong o ya go mo tsaya ka koloi. Go ile ga nna le ditiragalo di le dintsi tsa thubakanyo mo lefelong le ba nnang mo go lone mme seno se dirile gore a akanye gore mosadi wa gagwe o tla diragalelwa ke sengwe se se maswe.

Haidé o bereka mo lefelong le le mo gare ga motsemoshate. Nako nngwe fa a ne a le mo tseleng a ya gae, o ne a iphitlhela a le fa gare ga setlhopha sa batho ba ba mo mogwantong ba ba neng ba feleletsa ba dira ditiro tsa thubakanyo. Gone jaanong nako le nako fa a utlwa batho ba le mo mogwantong, o tshoga fela thata. A re: “Ke ikutlwa ke sa sireletsega. Ga ke tlhole ke batla go bereka fano, mme ga go se nka se dirang.”

Roxana, Rolando, le Haidé ba na le bothata jwa go boifa—mme e seng fela ka nako ya fa go tsoga thubakanyo. Ba tshelela fela mo letshogong. Fa batho ba tshelela mo letshogong, ba ka nna ba ikutlwa ba sa kgone go dira sepe. Letshogo le ka ba itsa go itumelela botshelo ka gonne ba sa kgone go dira se ba batlang go se dira. Letshogo le ka ama thata tsela e batho ba akanyang ka yone mme le ka ba thibela go tlhoma mogopolo mo dilong tse dingwe.

Go tshelela mo letshogong go ka dira gore motho a tlalelwe. Gantsi go dira gore a tshwenyege thata mo maikutlong a bo a feleletse a lwala. Makasine mongwe wa tsa boitekanelo o tlhalosa jaana: “Go tlalelwa thata go kgoreletsa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse mme ke gone go bakang malwetse a le mantsi. Mmele o nna o koafala fa nako e ntse e ya, segolobogolo dirwe tse di angwang ke go gatelelwa mo maikutlong. Motho a ka nna a tshwarwa ke haebolate, bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa diphilo, a ka nna a nna le bothata jwa go se dire sentle ga diedi tsa mmele tse di thusang ka tshilo ya dijo, a ka nna a tswa diso, a opiwa ke tlhogo, a tlhorega boroko, a tshwenyega thata mo maikutlong le go tlhobaela. Go gatelelwa mo maikutlong ka lobaka lo loleele go ka dira gore motho a nne le letsapa le legolo.”

Go tlwaelegile mo lefatsheng la gompieno gore batho ba tshelele mo letshogong. A re tla tsamaya re nna le lefatshe le mo go lone batho ba ka kgonang go itumelela botshelo ba sa boife?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.