Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

Kafa o ka Nnang Tsala ya Modimo ka Gone

▪ Seo ke se boroutšhara jwa ditsebe di le 32 jwa setlhogo se se reng O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo! bo re rutang sone. Dithuto tsa yone tse di monate di akaretsa setlhogo se se reng “Modimo o go Laletsa Gore o Nne Tsala ya Gagwe” le se se reng “Modimo ke Tsala E e Di Gaisang Tsotlhe E o Ka Nnang le Yone.” Boroutšhara jono bo diretswe go thusa mmadi gore a ithute dithuto tsa motheo tsa Baebele.

Mo setlhogong se se reng “Ditsala Tsa Modimo di Tla Nna mo Paradaiseng,” boroutšhara jono bo tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle maikaelelo a Modimo a nang le one ka lefatshe. Le fa go ntse jalo, gore re itumelele go tshela mo Paradaiseng e Baebele e re solofetsang yone, re tshwanetse go ithuta gore Modimo o batla re mo direla jang. Dithuto tse di jaaka e e reng “Kafa o ka Bonang Bodumedi Jwa Boammaaruri ka Teng” le e e reng “Gana Bodumedi Jwa Maaka!” di tla go thusa go nna tsala ya Modimo le gore o amogelwe ke ene. Re solofela gore o tla solegelwa molemo thata ke go bala boroutšhara jono.

Fa o batla go nna le jone, tlatsa fela setlankana se se fano mme o se romele kwa atereseng e o e neilweng fano kgotsa kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Kwantle ga go itlama ka sepe, ke kopa lo nthomelele boroutšhara jwa setlhogo se se reng O ka Kgona go Nna Tsala ya Modimo!

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.