Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshelela mo Letshogong?
Ke Eng fa Batho ba le Bantsi Jaana ba Tshelela mo Letshogong?
BATHO ba tshelela mo letshogong. Letshogo ke boikutlo jo motho a sa kgoneng go bo bona mme o a bo utlwa, ke selo se se amang mo e ka nnang mongwe le mongwe le fa gantsi re sa kgone go lemoga seo. Ke eng se se tshosang batho? Ke eng se se dirang gore batho bangwe ba tshoge fa ba tswa mo magaeng a bone? Ke eng fa batho ba le bantsi ba ikutlwa ba sa babalesega kwa tirong? Ke eng fa batho ba le bantsi ba tshwenyegile ka pabalesego ya bana ba bone? Ke dilo dife tse di dirang gore batho ba boife mo magaeng a bone?
Ke boammaaruri gore go na le dilo di le dintsi tse di boifisang batho, mme re tlile go sekaseka di le nnè fela tse di ba tshwenyang nako le nako—go tlhaselwa mo ditoropong, go tshwarwatshwarwa ga basadi ke banna ba bangwe, go betelelwa le fa banna ba itaya basadi ba bone kwa gae. Sa ntlha, mma re sekasekeng go tlhaselwa mo ditoropong. Kgang eno e tlile sentle ka nako ka gonne gone jaanong mo e ka nnang halofo ya batho botlhe e nna mo metsesetoropong.
Go Tlhaselwa mo Ditoropong
Ditoropo tsa ntlha go nna teng di ne di agelwa go sireletsa batho, mme gone jaanong batho ba le bantsi ba di tsaya e le mafelo a a kotsi. Lefelo le pele le neng le tsewa le babalesegile gone jaanong le a tshabiwa. Mafelo a a tlhanaselang ka batho mo ditoropong ke one a gantsi dinokwane di thukuthang batho mo go one, mme mo ditoropong dingwe, mafelo a le mantsi a go nnang batho ba ba humanegileng mo go one ga
a na dipone tsa mo tseleng e bile ga a na mapodise a le mantsi, ka gone go kotsi go tsena mo go one.Ka dinako tse dingwe batho ba na le mabaka a a utlwalang a go boifa ka gonne batho ba le bantsi thata ba bolawa setlhogo. Go ya ka pego ya World Health Organization, batho ba le dimilione di le 1,6 mo lefatsheng lotlhe ba a tlhaselwa ngwaga le ngwaga ba bo ba bolawa. Mo Afrika, go fopholediwa gore mo bathong bangwe le bangwe ba le 100 000, ba le 60,9 ba bone ba bolawa setlhogo ngwaga le ngwaga.
Batho ba le bantsi, mafelo a le mantsi le mekgatlho e le mentsi tse pele go neng go tsewa gore di sireletsegile, gone jaanong di tsewa di le kotsi. Ka sekai, gone jaanong mabala a le mantsi a metshameko, dikolo le mabenkele di tsewa e le mafelo a go nang le bokebekwa jo bo tshosang mo go one. Mo makgetlong mangwe, baeteledipele ba bodumedi, badirediloago le barutabana—batho ba go lebeletsweng gore ba sireletse ba bangwe—ba ile ba dira gore batho ba se ka ba tlhola ba ba tshepa. Dipego tsa gore bangwe ba bone ba sotla bana di dirile gore batsadi ba okaoke go tlogela bana ba bone le batho ba bangwe gore ba ba tlhokomele. Go lebeletswe gore mapodise a sireletse batho, mme mo ditoropong dingwe mapodise a le mantsi ga a ikanyege e bile ga a dirise taolo ya one sentle. Ba tsa “tshireletso” ba ile ba dira gore mo dinageng dingwe batho ba se ka ba lebala dintwa tsa selegae tse mo go tsone baratiwa ba bone ba ileng ba tsewa ke masole mme ba se ka ba tlhola ba ba bona gape. Ka gone, mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, go na le gore batho ba ikutlwe ba babalesegile fa ba na le mapodise le masole, ba ikutlwa ba boifa le go feta.
Buka ya Citizen of Fear—Urban Violence in Latin America, ya re: “Baagi ba metsemeshate ya dinaga tsa Latin America ba tshelela fela mo letshogong, mme ba nna mo mafelong a a kotsi go gaisa mo lefatsheng. Mo kgaolong eno e kgolo, mo e ka nnang batho ba le dikete di le 140 ba swa setlhogo ngwaga le ngwaga, mme moagi a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le bararo o ile a amiwa ke thubakanyo, e ka tswa e le ka tlhamalalo kgotsa ka tsela nngwe e sele.” Mo dikarolong tse dingwe gape tsa lefatshe, megwanto ya sepolotiki e nna gone nako le nako mo ditoropong tse dikgolo. Fa megwanto e e ntseng jalo e felela ka thubakanyo, batho ba le bantsi ba dirisa tshono eno go utswa mo mabenkeleng, mme go bo go tsoga tlhakatlhakano. Batho ba ba nang le mabenkele mo ditoropong ba ka nna ba iphitlhela ba tseneletswe ke batho ba bantsi ba ba galefileng mo mabenkeleng a bone.
Mo dinageng di le dintsi go ile ga nna le pharologano e kgolo fa gare ga tsela e batho ba ba humileng ba tshelang ka yone fa ba bapisiwa le ba ba humanegileng, mme seno se ile sa dira gore letlhoo le gole ka iketlo. Batho ba le bantsi ba ba tsayang gore ba humanegile ba ile ba senyetsa batho ba ba itsholetseng. Seno ga se ise se direge mo ditoropong dingwe mme boemo bo ntse bo ela koo, le fa gone go sa itsiwe gore go tla direga leng.
Magodu le batho ba ba lwelang diphetogo go bonala le bone ba boifisa batho, mme go sa ntse go na le dilo tse dingwe gape tse di tlhobaetsang batho mo ba feleletsang ba boifa.
Go Boifa ga Basadi ka Ntlha ya go Tshwarwatshwarwa ke Banna ba Bangwe
Basadi ba le dimilionemilione ba tshelela fela mo letshogong letsatsi le letsatsi ka ntlha ya go lelediwa melodi le go lejwa ka tsela e e sa tshwanelang ke batho ba ba senang boitshwaro. Makasine wa Asia Week wa re: “Dipatlisiso di bontsha gore mosadi a le mongwe wa Mojapane mo go ba le banè o setse a kile a tshwarwatshwarwa ke banna ba bangwe mo gare ga batho, mme diperesente di le 90 tsa ditiragalo tseno di direga mo tereneng. . . . Ke diperesente di le 2 fela tsa bone tse di tseelang monna yo o ba tshwaratshwarang kgato. Ba le bantsi ba bone ba bolela gore lebaka la konokono la go bo ba sa tseye kgato epe ke ka gonne ba boifa se monna yono a tla se ba dirang.”
Go tshwaratshwara basadi go oketsegile thata kwa
India. Mmegadikgang mongwe wa koo o tlhalosa jaana: “Nako le nako fa mosadi a tswa mo ntlong ya gagwe o simolola go boifa. Gongwe le gongwe kwa a yang teng o kgobiwa ka mafoko le go tewa dilo tse di tlhabisang ditlhong.” Kwa toropong nngwe ya India, kwa gantsi batho ba teng ba leng motlotlo ka go sireletsega ga mebila ya bone, go ile ga begwa jaana: “Bothata [jwa toropo eno] ga bo mo mebileng mme bo mo diofising. . . . Diperesente di le 35 tsa basadi ba ba ileng ba botsolodiwa ba ile ba bolela gore ba ne ba tshwarwatshwarwa ke banna ba bangwe kwa ba berekang teng. . . . Diperesente di le 52 tsa basadi di ile tsa bolela gore ba tlhopha go dira ditiro tse di duelang madi a mannye ka go bo ba tshaba go tshwarwatshwarwa ke banna ba bangwe . . . mme ditiro tseno ke tse ba berekang [fela] le basadi ba bangwe mo go tsone.”Go Boifa go Betelelwa
Basadi ba na le dilo di le dintsi tse ba di boifang go feta go digwa seriti fela. Ka dinako tse dingwe go tshwarwatshwarwa ga bone ke banna ba bangwe go bontsha gore banna bao ba batla go ba betelela. Ka gone, go a utlwala gore basadi ba le bantsi ba bo ba tshaba go betelelwa go gaisa le eleng go bolawa. Mosadi a ka nna a iphitlhela ka tshoganyetso fela a le nosi mo lefelong le a boifang gore a ka betelelwa mo go lone. A ka nna a bona monna yo a sa mo itseng le yo a sa mo tshepeng. A ka nna a simolola go tshoga fa a ntse a leka go bona gore ke eng se se ka nnang sa direga. A ka nna a ipotsa a re: ‘Ke eng se monna yono a ka nnang a se dira? Nka tshabela kae? A nka goa?’ Maemo a a tshwanang le ano a mosadi a iphitlhelang a le mo go one nako le nako a ka nna a dira gore a nne le mathata a botsogo. Batho ba le bantsi ga ba batle go nna mo ditoropong kgotsa go ya kwa go tsone fela ka gonne ba boifa dilo tseno.
Buka ya The Female Fear ya re: “Go boifa, go tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong ke dilo tse di tshwenyang basadi ba le bantsi ba ba nnang mo ditoropong letsatsi le letsatsi. Poifo e basadi ba nang le yone e dira gore ba akanye gore ba tshwanetse ba nna ba le malala a laotswe ka dinako tsotlhe, ba ntshitse matlho dinameng, mme seno se dira gore ba tlhobaele thata fa ba utlwa mongwe yo o ba setseng morago a tsamaela gaufi thata le bone, segolobogolo fa go le bosigo. Ke . . . boikutlo jo basadi ba nang le jone ka dinako tsotlhe.”
Basadi ba le bantsi ba amiwa ke bokebekwa jo bo setlhogo. Le fa go ntse jalo, go boifa thubakanyo go ama mo e ka nnang basadi botlhe. Kgatiso ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya The State of World Population 2000, ya re: “Mo lefatsheng lotlhe, mo e ka nnang mosadi a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le bararo o ile a itewa, a patelediwa ke mongwe go tlhakanela dikobo le ene kgotsa a sotliwa ka tsela nngwe e sele—mme gantsi o tlhaselwa jalo ke motho yo a mo itseng.” A bothata jono jwa go boifa bo setse bo anametse le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo? Go tlwaelegile go le kana kang gore batho ba tshelele mo letshogong mo magaeng a bone?
Go Boifa ga Basadi ka Ntlha ya go Itewa ke Banna ba Bone
Mokgwa wa mo sephiring wa gore monna a iteye mosadi wa gagwe gore a mo ikobele ke tshiamololo e e masisi e e fitlhelwang mo lefatsheng lotlhe—mme ke bosheng fela jaana mokgwa ono o simolotseng go tsewa e le tlolomolao mo mafelong mangwe. Kwa India, pego nngwe e bolela gore “mo e ka nnang diperesente di le 45 tsa basadi ba India ba fapholwa ke banna ba bone, ba a ba ragakaka kgotsa go ba itaya.” Go sotliwa ga molekane wa lenyalo ke bothata jo bo masisi jo bo bakang mathata a botsogo mo lefatsheng lotlhe. Malebana le basetsana ba dingwaga di le 15 go ya go basadi ba dingwaga di le 44 kwa United States, Federal Bureau of Investigation e bolela gore thubakanyo ya mo lelapeng ke yone e ba gobatsang thata go feta dikotsi tsa tsela, go thukuthiwa le go betelelwa di kopane. Ka gone, go itewa ga basadi ke banna ba bone go kotsi thata go gaisa go omana ka nako nngwe mo go felelang ka gore banyalani ba fapholane. Basadi ba le bantsi ba tshelela mo letshogong la gore ba ka gobadiwa le go bolawa ke banna ba bone. Patlisiso e e neng ya dirwa kwa nageng ya Canada e ile ya bontsha gore nngwetharong ya basadi ba ba ileng ba itewa ke banna ba bone ba ile ba boifa ka dinako tse dingwe gore ba tla bolawa. Kwa United States, babatlisisi ba babedi ba ile ba re: “Legae ke lefelo le le kotsi thata mo basading mme gangwe le gape ke lefelo la bosetlhogo le la go tlhokofadiwa.”
Ke ka ntlha yang fa basadi ba le bantsi ba ineeletse malapa a a kotsi jaana? Batho ba le bantsi ba ipotsa jaana: ‘Ke eng fa ba sa kope thuso? Ke eng fa ba sa itsamaele?’ Gantsi lebaka la go bo ba sa dire jalo ke ka gonne ba boifa. Go boifa go ile ga tlhalosiwa e le jone bothata jo bogolo jwa thubakanyo ya mo lelapeng. Banna ba ba sotlang basadi ba bone gantsi ba a ba itaya fa ba batla gore ba ba ikobele mme ba bo ba ba bolelela gore fa ba ka ntsha mosi ka sekhurumelo ba tla ba bolaya. Tota le fa mosadi yo o itewang ke monna a ka kopa thuso, ga se ka dinako tsotlhe a thusiwang. Go na le mokgwa wa gore batho ba tseye bothata jwa gagwe motlhofo fela, ba mo itlhokomolose
kgotsa ba bone go itshiametse fela gore monna a mo iteye, tota le batho ba ba tlhoileng mekgwa e mengwe ya thubakanyo ba dira jalo. Selo se sengwe gape ke gore monna yo o sotlang mosadi a ka nna a lebega e le motho yo o siameng fa a se kwa ga gagwe. Gantsi ditsala tsa gagwe ga di dumele gore o itaya mosadi wa gagwe. E re ka basadi bano ba ba sotliwang ba sa tsewe tsia e bile go se gope kwa ba ka tshabelang teng, bontsi jwa bone ba fitlhela go se sepe se ba ka se dirang fa e se fela gore ba tshelele mo letshogong.Basadi ba ba sotliwang ba kgabagare ba feleletsang ba itsamaetse ka dinako tse dingwe ba tlhaselwa ka tsela e nngwe gape ya go salwa morago ke banna ba bone. Kwa Amerika Bokone, patlisiso ya bosheng e e neng ya dirwa mo basading ba le sekete kwa nageng ya Louisiana e ne ya bontsha gore diperesente di le 15 tsa bone di ile tsa salwa morago ke banna ba bone. Akanya fela ka letshogo le ba nnang le lone. Motho yo o ileng a go tshosetsa o sa ntse a go setse morago gongwe le gongwe kwa o yang gone. O a go founela, o go sala morago, o nna a go lebile e bile o a go emela. A ka nna a bo a bolaya le seruiwa sa gago sa mo gae. Seno sotlhe se dira gore o nne o tshogile thata!
O ka nna wa bo o sa tlhaselwe ka tsela eno. Mme gone, dilo tse o di dirang letsatsi le letsatsi di laolwa ke letshogo go le kana kang?
A Letshogo le Laola Tsela e o Dirang Dilo ka Yone?
E re ka re tshelela fela mo letshogong, re ka nna ra se ka ra ela tlhoko kafa ditshwetso tse dintsi tse re di dirang letsatsi le letsatsi di laolwang ke poifo ka teng. Poifo e laola se o se dirang gantsi go le kana kang?
A go boifa thubakanyo go dirile gore wena kgotsa lelapa la gago lo se ka lwa goroga bosigo kwa gae lo le nosi? A poifo e dira gore o se ka wa dirisa dipalangwa tsa botlhe? A o ile wa tshwanelwa ke go tlhopha tiro nngwe e sele ka ntlha ya dikotsi tsa go ya tirong le go boa? Kgotsa a go boifa badirimmogo le wena kgotsa batho ba o tlileng go dirisana le bone go ile ga dira gore o tlhophe tiro nngwe e sele? A poifo e laola kafa o tshedisanang le ba bangwe ka teng kgotsa boitlosobodutu jo o bo tlhophang? A gongwe go boifa go kopana le matagwa a a tlhogoethata le batho ba bantsi go dirile gore o se ka wa tlhola o ya kwa metshamekong mengwe le dikhonsata? A poifo e dirile gore go nne le dilo dingwe tse o sa kgoneng go di dira kwa sekolong? E re ka batsadi ba le bantsi ba boifa gore bana ba bone e ka nna ditlhokotsebe, ba setse ba simolotse go ba tlhophela sekolo se ba ka se tsenang, mme poifo eno e dira gore re tlhaloganye sentle lebaka la go bo batsadi ba le bantsi ba bona go le botoka gore ba ye go tsaya bana ba bone kwa sekolong le fa gone bana bao ba ka kgona go ikisa gae ka dinao kgotsa ba dirisa sepalangwa sa botlhe.
Ee ruri, batho ba tshelela fela mo letshogong. Mme ke bogologolo batho ba ntse ba boifa thubakanyo. A re ka lebelela gore maemo a fetoge? A go se tlhole re boifa ke toro fela? Kgotsa a go na le mabaka a a utlwalang a go lebelela gore mo isagweng go tla bo go sena ope yo o boifang sengwe se se bosula?