Masetlapelo a Tlholego le Ditiro Tsa Batho Tse di a Etegetsang
Masetlapelo a Tlholego le Ditiro Tsa Batho Tse di a Etegetsang
FA KOLOI e tlhokomelwa sentle, e ka nna sepalangwa se se babalesegileng. Le fa go ntse jalo, yone koloi eo e ka nna kotsi tota fa e kgweediwa botlhaswa mme e sa tlhokomelwe. Re ka re go ntse jalo le ka polanete ya rona ya Lefatshe.
Go ya ka baitsesaense ba le bantsinyana, diphetogo tse di bakilweng ke batho mo atemosefereng le mo mawatleng di dirile gore polanete ya rona e nne lefelo le le kotsi ka gonne diphetogo tseno di dira gore go nne le masetlapelo a magolo a tlholego a a diregang gangwe le gape. Mme go bonala maemo a tla nna maswe mo isagweng. Setlhogo se se buang ka ga go fetoga ga tlelaemete mo makasineng wa Science se ne sa re: “Re mo seemong se re sa itseng gore dilo tse re di dirang di tlile go ama jang polanete e le nosi fela e re tshelang mo go yone.”
Gore re tlhaloganye botoka gore dilo tse batho ba di dirang di ka tswa di ama jang go etegela ga masetlapelo a tlholego, re tshwanetse go itse go sekae ka dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego. Ka sekai, ke eng se se bakang difefo tse dikgolo, jaaka dikgwanyape?
Tsela e Lefatshe le Anamisang Mogote ka Yone
Tsela e tlelaemete ya lefatshe e leng ka yone e tshwantshiwa le motšhine o o fetlhang mogote wa letsatsi o bo o o anamisa. E re ka mafelo a Boboatsatsi a utlwa mogote wa letsatsi thata, seno se dira gore themperetšha e se ka ya tshwana mme moya o o mo atemosefereng o simolola go tsamaya go tswa kwa ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe. * Go dikologa ga lefatshe letsatsi le letsatsi go dira gore moya ono o montsi, o o bongola o simolole go dikologa, o tlhatlogela kwa godimo. Go tswa foo moya ono o baka difefo.
Fa o leba tsela e ka kakaretso difefo tsa mafelo a boboatsatsi di tsamayang ka yone, o tla lemoga gore gantsi di tsamaela kgakala le ekhweitha—e ka tswa e le go ela kwa bokone kgotsa kwa borwa—kwa dikgaolong tse di tsiditsana. Ka go dira jalo, difefo di thusa gape go anamisa mogote, mme seno se dira gore go se ka ga nna mogote thata e bile go se ka ga nna tsididi thata. Mme fa thempheretšha ya metsi a a fa godimo mo lewatleng—e leng karolo e metsi a lewatle a moafadiwang mo go yone—e feta didikirii di ka nna 27 tsa Celsius, difefo tseno di ka nna maatla tota gore e nne ditsuatsue, dikgwanyape kgotsa ditsokotsane—maina a tota a kayang selo se le sengwe, mme a bidiwa jalo go ikaegile fela ka gore masetlapelo ano a tlholego a direga mo dikarolong dife.
Masetlapelo a a maswe go gaisa otlhe mo hisitoring
ya United States a a ileng a bolaya batho ba bantsi, a ne a direga fa kgwanyape e ne e itaya ka maatla toropo nngwe ya setlhaketlhake ya Galveston, kwa Texas, ka September 8, 1900. Makhubu a lewatle a a bakwang ke sefefo a ne a bolaya batho ba toropo eo ba ka nna 6 000 go ya go 8 000, go akaretsa le batho ba ka nna 4 000 ba ba nnang mo mafelong a a gaufi le yone, mme a ne a senya matlo a ka nna 3 600. Tota e bile ga go na kago epe e e neng ya sala e eme kwa Galveston.Jaaka go boletswe mo setlhogong se se fetileng, go ile ga nna le difefo di le dintsinyana tse dikgolo mo dingwageng tsa bosheng. Baitsesaense ba ntse ba dira dipatlisiso go bona gore a ditiragalo tseno ga di bakwe ke go gotela ga moya o o mo atemosefereng, e leng sengwe se se ka tswang se dira gore difefo di nne maatla thata. Le fa go ntse jalo, go fetoga ga maemo a bosa e ka tswa e le letshwao le le lengwe le le bontshang gore moya o o mo loaping o a gotela. Go ka tswa go setse go na le bothata jo bongwe jo bo ka nnang kotsi tota jo bo bakwang ke go gotela ga moya o o mo atemosefereng.
Go Oketsega ga Metsi a Lewatle le go Rengwa ga Dikgwa
Go ya ka setlhogo sengwe mo lokwalopakeng lwa Science, “metsi a mawatle a setse a oketsegile ka disentimetara di le 10 go ya go di le 20 mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng mme re ka lebelela gore a oketsege le go feta.” Seno se ka tswa se amana jang le bothata jwa go gotela ga moya o o mo atemosefereng? Babatlisisi ba bua ka ditsela dingwe tse pedi tse ka tsone bothata jwa go gotela ga moya o o mo atemosefereng bo ka nnang jwa dira gore metsi a lewatle a oketsege. Nngwe ya tsone ke gore go ka direga gore mafelo a a aparetsweng ke aese le dikgapetla tse ditona tsa aese a gakologe mme seno se ka dira gore metsi a mawatle a oketsege. Selo se sengwe se se ka nnang sa direga ke gore metsi a lewatle a ka thuthafala thata, mme fa mawatle a thuthafala, metsi a one a a oketsega.
Ditlhaketlhake tse dinnye tsa Pacific tsa Tuvalu di ka tswa di setse di amiwa ke ditlamorago tsa go oketsega ga metsi a lewatle. Makasine wa Smithsonian o bolela gore dipatlisiso tse di dirilweng mo setlhaketlhakeng sa Funafuti di bontsha gore metsi a lewatle la koo a oketsegile ka “palogare ya dimilimetara di le 5,6 ngwaga le ngwaga mo dingwageng di le lesome tse di fetileng.”
Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, fa palo ya baagi e oketsega, mafelo a ditoropo a dikologiwa ke metseselegae le mekhukhu, mme tikologo e senngwa le go feta. Gantsi diphetogo tseno di ka dira gore masetlapelo a tlholego a nne maswe thata. Akanya ka dikai dingwe.
Setlhaketlhake sa Haiti se na le baagi ba le bantsi e bile se itsege thata ka go rema dikgwa. Pego nngwe ya bosheng ya dikgang e ne ya bolela gore, le fa maemo a tsa ikonomi, a dipolotiki le a loago a Haiti a le maswe, go rengwa ga dikgwa ke gone go tlileng go tsenya naga eno mo mathateng a magolo. Matlhotlhapelo a seno a ne a bonala ka 2004 fa dipula tsa matsorotsoro di ne di baka go gosomana ga mmu mo go neng ga bolaya batho ba le diketekete.
Makasine wa Time wa kwa Asia o bontsha gore “go gotela ga moya o o mo atemosefereng, matamo, go rengwa ga dikgwa le tsela ya go lema e mo go yone ditlhare di rengwang di bo di fisiwa gore go jalwe dijalo” ke dilo tse di gakaditseng masetlapelo a tlholego a a amileng Asia Borwa. Mo godimo ga moo, go rengwa ga dikgwa go ka baka komelelo e kgolo ka go
dira gore mmu o omelele ka bonako. Mo dingwageng tsa bosheng, dikomelelo kwa Indonesia le kwa Brazil di ile tsa dira gore go nne le melelo e e senyang tota mo dikgweng tse gantsi di a bong di na le metsi a mantsi gore di ka tuka. Le fa go ntse jalo, maemo a a feteletseng a bosa ga se one fela a a bakang masetlapelo a tlholego. Dinaga di le dintsi di ka amiwa ke masetlapelo a a tlholegang kwa botennyeng jwa lefatshe.Fa Lefatshe le Roroma
Karolo e e fa godimo ya lefatshe e dirilwe ka dikarolo tsa maje a bogolo jo bo sa tshwaneng a a nang le go suta. Ee ruri, karolo e e fa godimo ya lefatshe e tshikinyega thata mo e leng gore ngwaga le ngwaga go ka nna le dithoromo tsa lefatshe di le dimilione di le dintsi. Gone mme, bontsi jwa dithoromo tseno ga di nke di lemogiwa.
Go bolelwa gore mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa dithoromo tsotlhe tsa lefatshe di direga mo mapharong a maje ano. Gape, thoromo ya lefatshe e ka bakwa ke fa maje ano a gotlhana. Mofuta ono wa thoromo ya lefatshe o direga sewelo mme ka dinako tse dingwe o ka baka tshenyo e kgolo tota. Go fopholediwa gore thoromo ya lefatshe e e ileng ya bolaya batho ba le bantsi go feta le fa e leng pele ke e e neng ya itaya diporofense di le tharo kwa China ka ngwaga wa 1556. E ka tswa e ile ya bolaya batho ba ka nna 830 000!
Gape dithoromo tsa lefatshe di ka nna tsa baka dikotsi tse dingwe fa di sena go feta. Ka sekai, ka November 1, 1755, thoromo ya lefatshe e ne ya papetla toropo ya Lisbon, kwa Portugal e e neng e na le baagi ba le 275 000. Le fa go ntse jalo, masetlapelo a ne a ise a fele. Thoromo eno ya lefatshe e ile ya baka le melelo le makhubu a a bolayang a tsunami a go tweng bogodimo jwa one e ne e le jwa dimetara di le 15, a tsamaya ka lobelo lo lo boitshegang go tswa kwa Lewatleng le le fa gaufi la Atlantic. Palogotlhe ya batho ba toropo eno ba ba neng ba swa e ne e feta 60 000.
Le fa go ntse jalo, le mo ditiragalong tseno batho ke bone ba ka tsela nngwe ba dirang gore masetlapelo ao a nne magolo jalo. Lebaka lengwe ke gore go nna batho ba le bantsi mo dikarolong tse go ka diregang masetlapelo thata mo go tsone. Mokwadi Andrew Robinson a re: “Gone jaanong mo e ka nnang halofo ya ditoropo tse dikgolo tsa lefatshe
di mo mafelong a go ka diregang thata gore go nne le thoromo ya lefatshe mo go one.” Sengwe gape se se ka bakang bothata ke dikago—dilo tse di dirisitsweng go di aga le gore di agilwe sentle go le kana kang. Gantsi polelwana e e reng, “Batho ga ba bolawe ke dithoromo tsa lefatshe; ba bolawa ke dikago,” e ile ya itshupa e le boammaaruri. Le fa go ntse jalo, ga go na sepe se batho ba ka se dirang ka gonne ba le bantsi ba humanegile thata gore ba ka ikagela matlo a a ka se kang a gosomana fa go nna le thoromo ya lefatshe.Makgwamolelo—A Bopa Mafelo a Masha e Bile a a Senya
Pego nngwe ya Setheo sa Smithsonian kwa United States ya re: “Gongwe makgwamolelo a ka nna 20 a tla bo a thunya fa o ntse o bala mafoko ano.” Ka kakaretso fela, kgopolo ya gore maje a lefatshe a ntse a suta e e bidiwang plate tectonics e bontsha gore dithoromo tsa lefatshe le makgwamolelo a tlile go direga mo mafelong a a tshwanang—mo mapharong a maje, segolo jang a a leng mo boalong jwa lewatle; mo karolong e e fa godimo ya lefatshe, mo seretse se se molelo sa makgwamolelo se bilogang go tswa mo mapharong a maje a a kafa tlase ga karolo e e fa godimo ya lefatshe gone; e bile seno se tla direga le mo dikarolong tse mo go tsone maje ano a lefatshe a thulanang gone, leje le lengwe le bo le tsena kafa tlase ga le lengwe.
Makgwamolelo a a diregang mo dikarolong tse mo go tsone maje a thulanang gone, ke one a a tshosetsang batho thata ka gonne go lemogilwe gore a thunya gantsi e bile a thunya thata mo dikarolong tse go nnang batho ba le bantsi mo go tsone. Pacific Rim e e bidiwang Ring of Fire, e na le makgwamolelo a a ntseng jalo a le makgolokgolo. A sekae a one a fitlhelwa gape le mo karolong e e tswetswenang ka seretse se se molelo, mo dikarolong tse di se nang mapharo. Ditlhaketlhake tsa Hawaii, tsa Azore, Ditlhaketlhake tsa Galápagos le Ditlhaketlhake tsa Society, go bonala tsotlhe fela di nnile gone ka ntlha ya makgwamolelo ano.
Totatota, makgwamolelo a ile a thusa thata mo go bopeng mafelo a masha a lefatshe. Go ya ka aterese ya Internet ya yunibesithi nngwe, mo e ka nnang “90% ya dikontinente tsotlhe le dikarolo dingwe tsa boalo jwa lewatle di nnile gone ka ntlha ya makgwamolelo.” Mme ke eng se se dirang gore makgwamolelo mangwe a thunye ka maatla a magolo jaana?
Lekgwamolelo le thunya fa seedi se se molelo se se bidiwang magma se pumpunyega go tswa kwa karolong e e fisang thata e e kwa tengteng ya lefatshe. Makgwamolelo mangwe a tswetswena seretse se se molelo fela, se go diregang ka sewelo gore se tsamaye ka lobelo lo lo lekaneng gore se ka fisa batho ba sa lebelela. Mme makgwamolelo a mangwe one a thunya ka maatla a mogolo tota go feta bomo ya nuklea! Seno se ikaegile ka gore ke dilo dife tse di kopantsweng go dira seretse seno le gore se loile go le kana kang e bile go ya le ka gore seretse seno se tlhakane le digase di le kae le metsi a mantsi go le kana kang a a belang. Fa seretse seno se setse se le gaufi le go thunya, metsi le digase di nna di oketsega. Fa seretse seno se tswakane sentle se thunya go tshwana le fa o bula thini ya senotsididi.
Se se itumedisang ke gore, gantsi makgwamolelo a bontsha go sa le gale gore a tlile go thunya. Go ne go ntse jalo ka lekgwamolelo la thaba e e bidiwang Mount Pelée kwa setlhaketlhakeng sa Caribbean sa
Martinique ka 1902. Le fa go ntse jalo, go ne go setse go le gaufi thata gore go tshwarwe ditlhopho kwa lefelong lengwe le le gaufi le thaba eno la St. Pierre, mme boradipolotiki ba ne ba kgothaletsa batho gore ba se ka ba tswa mo lefelong leno le fa thaba eno e ne e setse e kuisa melora, e bile batho ba motse ba ne ba lwala e bile ba tshogile. Tota e bile, bontsi jwa mabenkele a ne a setse a feditse malatsi a le mantsi a tswetswe!Ka May 8 e ne e le Letsatsi la Tlhatlogo ya Morena, mme batho ba le bantsi ba ne ba ile kwa kerekeng e kgolo ya Katoliki go ya go rapelela gore ba namolwe mo lekgwamolelong. Mo mosong oo, ka bonako fela pele ga ura ya borobedi, thaba ya Mount Pelée e ne ya thunya, mme ya kuisa leru le lentsho la melora, mosidi le digase tse di molelo tota tsa didikirii di le 200 go ya go di le 500 tsa Celsius. Leru leno le le kotsi le ne la fologela kwa tlase ga thaba ka bonako, le ne la khurumetsa toropo, la bolaya batho ba ka nna 30 000, mme la nyerolosa tshipi e e lediwang ya kereke la ba la fisa dikepe tse di kwa boemakepeng. Go thunya gono ga lekgwamolelo go ne ga bolaya batho ba le bantsi go feta le fa e le leng pele mo lekgolong la bo20 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, go ka bo go sa swa batho ba bantsi jalo fa batho bano ba ka bo ba ile ba tsaya tsia matshwao a a neng a bontsha gore kotsi e etla.
A Masetlapelo a Tla Oketsega?
Mo pegong ya World Disasters Report 2004, mekgatlho ya International Federation of Red Cross le wa Red Crescent Societies e ne ya bolela gore mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, masetlapelo a a amanang le dilo tsa tlholego tse di diregang mo lefatsheng le a a amanang le maemo a bosa, a ile a oketsega ka diperesente di feta 60. Pego eno e e neng ya gatisiwa pele ga masetlapelo a tsunami a December 26 kwa Lewatleng la India e bolela gore “dilo tseno di bontsha gore di tlile go direga ka lobaka lo loleele.” Ga go na pelaelo gore fa batho ba tswelela ba nna mo mafelong a masetlapelo a ka diregang thata mo go one le dikgwa di tswelela di rengwa, ga go na lebaka lepe la go nna le tsholofelo ka isagwe.
Mo godimo ga moo, dinaga di le dintsi tse di tlhabologileng di ntse di ntsha digase tse di gotetsang atemosefere. Go ya ka setlhogo sengwe mo makasineng wa Science, fa go sa tsewe kgato gone jaanong go fokotsa bothata jono jwa go ntshetsa digase mo atemosefereng “seno se tshwana le go gana kalafi ya bolwetse bongwe jo bo ntseng bo gola: Go bontsha sentle gore go tlile go nna le ditlamorago tse dikgolo tota.” Pego nngwe ya kwa Canada e e buang ka ditsela tsa go fokotsa bogale jwa masetlapelo a tlholego e ne ya bua jaana ka ditlamorago tseo: “Go ka bolelwa gore go fetoga ga tlelaemete ke bothata jo bogolo le jo bo atileng thata go feta mathata ape a mangwe a tikologo a batho ba kileng ba lebana le one.”
Le fa go ntse jalo, gone jaanong ditšhaba ga di kgone go dumalana gore a dilo tse batho ba di dirang di gotetsa moya o o mo atemosefereng, mme mo godimo ga moo ga di kgone go dumalana ka ditsela tse di ka dirisiwang go laola bothata jono. Seemo seno se re gopotsa mafoko ano a a boammaaruri a Baebele: “Ga se ga motho . . . go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Le fa go ntse jalo, jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, re na le lebaka la go nna le tsholofelo ya gore seemo se tlile go fetoga. Tota e bile, masetlapelo a a diregang gompieno, go akaretsa le mathata a batho ba lebanang le one, ke bosupi jwa gore go setse go le gaufi le gore a fedisiwe.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 6 Go se anamisiwe ga mogote wa letsatsi ka tsela e e lekalekaneng gape go baka makhubu a lewatle e bile go fetisetsa mogote kwa dikarolong tse di tsiditsana.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]
LEKGWAMOLELO MO TSHIMONG YA MMIDI
KA 1943 molemi mongwe wa mmidi kwa Mexico o ne a bona sengwe se tlhoga mo tshimong ya gagwe mo boemong jwa mmidi. Fa a le kwa tshimong ya gagwe, o ne a bona mapharo a bulega mo mmung. Mo letsatsing le le latelang, mapharo ano a ne a ipopile go nna lekgwamolelo le lennye. Mo bekeng e e latelang, lekgwamolelo leno le ne le goletse kwa godimo ka dimetara di le 150, mme ngwaga morago ga moo, le ne le le bogodimo jwa dimetara di le 360. Kgabagare, lekgwamolelo leno le gone jaanong le leng bogodimo jwa dimetara di le 2 775 fa le bapisiwa le bogodimo jwa lewatle, le ne la feleletsa le le boleele jwa dimetara di le 430. Lekgwamolelo leno le le bidiwang Paricutín le ne la kgaotsa go thunya ka 1952, mme ga le ise le ko le thunye gape fa e sa le ka nako eo.
[Motswedi wa Setshwantsho]
U. S. Geological Survey/Photo by R. E. Wilcox
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]
MODIMO O NE A NAMOLA DITŠHABA MO MASETLAPELONG
LEUBA ke mofuta mongwe wa dikotsi tsa masetlapelo. Lengwe la mauba a a kileng a nna gone bogologolo ke le le neng la nna gone kwa Egepeto wa bogologolo mo motlheng wa ga Josefa, morwa Jakobe kgotsa Iseraele. Leuba leno le ne la nna gone dingwaga di le supa mme la ama Egepeto, Kanana le mafelo a mangwe. Le fa go ntse jalo, leuba leno ga le a ka la laila batho botlhe ka gonne Jehofa o ne a boleletse pele dingwaga di le supa gore le ne le tla nna teng. Gape o ne a ba a bolela gore dingwaga di le supa tsa pele ga leuba leno e ne e tlile go nna dingwaga tsa kgora kwa Egepeto. Ka kaelo ya monna yo o boifang Modimo e bong Josefa, yo ka thuso ya Modimo a ileng a nna tonakgolo le mookamedi wa dijo kwa Egepeto, Baegepeto ba ne ba boloka dijo tse dintsi tsa ditlhaka mo ba neng “ba tlogela go di bala.” Ka jalo, Egepeto e ne ya kgona go ipolokela dijo ya ba ya kgona go di abela le “batho ba lefatshe lotlhe,” go akaretsa le lelapa la gagabo Josefa.—Genesise 41:49, 57; 47:11, 12.
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
HAITI 2004—Basimane ba rwele metsi a go nwa mo mebileng e e tletseng metsi. Go rengwa ga dikgwa go bakile go elela ga seretse se sentsi
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Background: Sophia Pris/EPA/Sipa Press; inset: Carl Juste/Miami Herald/Sipa Press
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Dinaga di le dintsi di ntse di ntshetsa digase tse di bakang mogote mo atemosefereng
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Mark Henley/Panos Pictures