Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhogo sa Bogologolo se Ama Batho Dipelo

Setlhogo sa Bogologolo se Ama Batho Dipelo

Setlhogo sa Bogologolo se Ama Batho Dipelo

KWA sekolong sengwe kwa Suwałki, kwa bokonebotlhaba jwa Poland, morutabana o ne a kopa baithuti gore ba ye go baakanyetsa motlotlo o o buang ka go ntsha mpa. Justyna yo o nang le dingwaga di le 16 o ne a baakanyetsa tshedimosetso eno a dirisa dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa. Mo letsatsing la motlotlo ono, morutabana o ne a naya baithuti sebaka sa go tlhalosa maikutlo a bone ka kgang eno.

Justyna a re, “Ke ne ka ya kwa go morutabana mme ka mmontsha setlhogo se se reng ‘Se se Diregang Letsatsi le Letsatsi ka Ngwana yo o Iseng a Tsholwe,’ se se gatisitsweng mo makasineng wa Tsogang! wa May 22, 1980 (ka Seesemane). O ne a raya morutabana wa gagwe a re: “Tsweetswee ela tlhoko gore e kwadilwe jaaka e kete go ne go bua ngwana ka boene, lesea le le iseng le tsalwe, le le neng le tlile go bolawa ka go ntsha mpa. Ke akanya gore o tla e rata fela thata.” Morutabana o ne a simolola go balela setlhogo seo kwa godimo. Baithuti botlhe ba ne ba sisibetse, ba reeditse ka kelotlhoko.

E ne ya re morutabana a ise a bo a fitlhe mo gare ga setlhogo seno, a bo a sa tlhole a kgona go itshoka, mme o ne a kopa moithuti yo mongwe gore a tswelele ka go se bala. Morutabana o ne a nna fa fatshe mme a simolola go lela. Fa setlhogwana seno se sena go balwa, go ne ga tsoga motlotlo o o itumedisang, mme baithuti ba bangwe ba ne ba kopa gore ba direlwe dikhopi tsa setlhogwana seno. Justyna o bolela jaana: “Bana ba ke tsenang le bone mo tlelaseng ba ne ba simolola go fetoga mo tseleng e ba lebang dikgatiso tsa Basupi ba ga Jehofa ka yone. Mo nakong e e fetileng, ba ne ba sa di rate, mme jaanong ba simolotse go di rata. Mosimane mongwe o ne a bo a simolola go bala dikamasine tsa Tsogang! ka metlha.”

Fela jaaka Justyna a ne a kgona go dirisa setlhogwana se a neng a se bone mo makasineng wa Tsogang! o o sa leng o gatisiwa dingwaga tse di fetang 20 tse di fetileng, le wena o ka kgona go bona “kgetsi e e tletseng botlhale” mo dimakasineng tsa bogologolo tsa Tsogang! (Jobe 28:18) Fa o le kwa dipokanong tsa Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la gaeno, o ka nna wa sekaseka dibolumo tsa makasine wa Tsogang! mo laeboraring ya teng. O tla itumelela go bala ditlhogo tse di molemo tse di sa felelweng ke mosola wa tsone. Gape, Basupi ba ga Jehofa ba ba mo lefelong la gaeno ba ka nna ba go naya makasine wa bosheng wa Tsogang!

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Justyna, fa a ne a sa ntse a tsena sekolo