Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tshwanetse go Rapela Lekgarebana Marea?

A o Tshwanetse go Rapela Lekgarebana Marea?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A o Tshwanetse go Rapela Lekgarebana Marea?

MAREA ke motho yo o itsegeng thata mo bathong ba ba itseng sengwe ka Bokeresete. Dikwalo di bontsha gore Modimo Mothatayotlhe o ile a segofatsa kgarebe eno ka tsela e e kgethegileng ka go mo tlhopha gore e nne mmaagwe Jesu. Go tsholwa ga ga Jesu go ne go tlhomologile ka gonne Marea e ne e le lekgarebana fa a ne a mo ima. Dikereke dingwe tsa ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ga di bolo go nna di tlotlomatsa Marea ka tsela e e kgethegileng. Ka 431 C.E., Council of Ephesus e ne ya mmitsa “Mma Modimo,” mme gompieno batho ba le bantsi ba rutiwa gore ba mo rapele. *

Baobamedi ba ba tlhoafetseng ba itse gore ba tshwanetse go lebisa dithapelo tsa bone kwa mothong yo o tshwanetseng. Baebele e ruta eng malebana le seno? A Bakeresete ba tshwanetse go rapela Lekgarebana Marea?

“Re Rute Kafa re ka Rapelang ka Gone”

Pego ya Efangele ya ga Luke e bolela gore mongwe wa barutwa ba ga Jesu o ne a mo kopa jaana: “Morena, re rute kafa re ka rapelang ka gone.” Fa Jesu a tsibogela kopo ya gagwe, o ne a simolola ka gore: “Le fa e le leng fela fa lo rapela, lo re, ‘Rara, a leina la gago le itshepisiwe.’” Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gape go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Luke 11:1, 2; Mathaio 6:9.

Ka jalo, selo sa ntlha se re se ithutang ke gore, fa re rapela kgotsa fa re obamela, re tshwanetse go rapela le go obamela Rraagwe Jesu e leng Jehofa. Ga go na gope mo Baebele e re bolelelang gore re rapele mongwe o sele. Seno se a tshwanela ka gonne, jaaka fa Moshe a ne a bolelelwa fa a amogela Melao e e Lesome, Jehofa ke “Modimo yo o batlang boineelo jo bo feletseng.”—Ekesodo 20:5.

Go Tweng ka Rosari?

Batho ba le bantsi ba ba rapelang Marea ba ile ba rutiwa gore ba ka kgona go bona masego fa ba ka nna ba boaboeletsa mafoko a a rileng mo dithapelong tsa bone—dithapelo tse di jaaka Galaletsa Marea, Thapelo ya Rara wa rona le tse dingwe. Buka ya Symbols of Catholicism ya re mo Bakatoliking, “ga go pelaelo gore tsela e e tlwaelegileng thata ya go obamela Marea ke ya go dirisa rosari.” Rosari e dirisiwa mo bodumeding go tlotla Lekgarebana Marea. Mme lefoko leo le kaya gape dibaga tse di dirisiwang go bala dithapelo. Yone buka eo e tlhalosa jaana: “Setlhopha sa ditalama di le tlhano tse di kgaoganngwang ke talama e le nngwe di supa gore motho o tla boeletsa dithapelo tsa ‘Galaletsa Marea’ di le 50, di le tlhano tsa ‘Rara wa Rona,’ le di le tlhano tsa ‘A go Galalediwe Rara.’” A Modimo o amogela dithapelo tse di rapelwang go dirisiwa rosari?

Le mo kgannyeng eno, taelo e Jesu a neng a e naya barutwa ba gagwe e re naya karabo malebana le se re tshwanetseng go se dira. O ne a re: “Fa o rapela, o se ka wa boaboeletsa dilo di le dingwe, fela jaaka batho ba ditšhaba ba dira, gonne ba ithaya ba re ba tla utlwiwa ka ntlha ya go dirisa ga bone mafoko a mantsi.” (Mathaio 6:7) Ka jalo, Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe ka tlhamalalo gore ba se ka ba boaboeletsa mafoko a a rileng mo dithapelong tsa bone.

Mongwe a ka nna a botsa jaana: ‘A mme Jesu ga a ka a ruta barutwa ba gagwe gore ba boeletse thapelo ya Rraarona, e e leng karolo ya rosari?’ Gakologelwa gore Jesu o ne a ruta thapelo ya sekao, e e neng ya feleletsa e bidiwa thapelo ya Rraarona, kgotsa Thapelo ya Morena. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore o ile a ruta thapelo eno fela fa a sena go ba tlhagisa malebana le go “boaboeletsa dilo di le dingwe.” Go bontsha gore Jesu o ne a sa reye gore thapelo ya sekao e tshwarwe ka tlhogo le gore e boaboelediwe go supiwa ke tsela e a neng a dirisa mafoko a a farologaneng ka teng mo makgetlhong a mabedi a a neng a ruta barutwa ba gagwe go rapela mo go one. (Mathaio 6:9-15; Luke 11:2-4) Mogopolo wa se Jesu a neng a se bua mo makgetlhong ao o ne o tshwana mme mafoko a a neng a a dirisa a ne a sa tshwane. Seno se dira gore re swetse ka gore Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe sekao fela kgotsa dikai tsa kafa ba ka rapelang ka gone le gore ke eng se se tshwanelang se ba ka se rapelelang. Mme se se botlhokwa le go feta, mafoko a gagwe a bontsha gore thapelo e tshwanetse go lebisiwa kwa go mang.

Go Tlotla Marea

Go bo Dikwalo di sa rute gore Bakeresete ba tshwanetse go rapela Marea, ga go supe ka tsela epe gore a se ka a newa tlotlo ka ntlha ya seabe se a nnileng le sone mo go diragatseng maikaelelo a Modimo. Masego a a tla tlang ka Morwawe a tla solegela batho botlhe ba ba kutlo molemo. Marea ka boene o ne a re: “Dikokomana tsotlhe di tla mpolela ke le yo o itumetseng.” Ntsalae e bong Elisabetha o ne a re Marea o “sego gareng ga basadi.” O ne a le sego tota. Marea o ne a na le tshiamelo e ntle ya gore a tlhophiwe go tshola Mesia.—Luke 1:42, 48, 49.

Le fa go ntse jalo, Marea ga se ene fela yo Dikwalo di bolelang gore o sego. Jaele le ene o ne a bolelwa gore o “segofadi[tswe] segolo mo basading,” ka ntlha ya se a neng a se dira gore setšhaba sa bogologolo sa Iseraele se solegelwe molemo. (Baatlhodi 5:24) Jaele le Marea ba ba neng ba ikanyega, mmogo le basadi ba bangwe ba ba neng ba boifa Modimo ba ba umakilweng mo Baebeleng, ke batho ba re tshwanetseng go ba etsa—mme e seng go ba obamela.

Marea e ne e le molatedi yo o ikanyegang wa ga Jesu. O ne a le teng ka makgetlho a a farologaneng fa Jesu a ne a dira bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng e bile o ne a le teng le ka nako ya loso lwa gagwe. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, Marea o ne a “nnetse ruri mo thapelong” le bomorwarraagwe Jesu. Seno se dira gore re dumele gore le ene o ne a tlodiwa ka moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. mme ka ntlha ya seo le ene o ne a na le tsholofelo ya go nna mongwe wa setlhopha sa monyadiwa se se tla busang kwa legodimong le Keresete.—Mathaio 19:28; Ditiro 1:14; 2:1-4; Tshenolo 21:2, 9.

Le fa go ntse jalo, ga go na sepe sa dilo tseno tse di ka dirang gore re rapele Marea. Go rapela go tswa pelong ke selo se se botlhokwa mo kobamelong ya rona mme Bakeresete ba kgothalediwa gore ba “[nnele] ruri mo thapelong.” (Baroma 12:12) Le fa go ntse jalo, kobamelo yotlhe e tshwanetse ya lebisiwa mo go Jehofa fela ka Jesu Keresete.—Mathaio 4:10; 1 Timotheo 2:5.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kgopolo eno ya gore Marea ke mmaagwe Modimo e theilwe mo thutong e e seng ya Dikwalo ya Tharonngwe, e e reng Jesu ke Modimo.