Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ba ba Neelang Bosupi ka Bopelokgale

Basha ba ba Neelang Bosupi ka Bopelokgale

Basha ba ba Neelang Bosupi ka Bopelokgale

Basha ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba bua ka bopelokgale ka tumelo ya bone kwa sekolong le mo bodireding jwa Bokeresete mme ba ile ba atlega thata mo go seno. Akanya ka dikai tse di latelang. *

Kristina a re: “Fa ke ne ke le mo mophatong wa boraro, morutabana wa rona o ne a re naya bukana e re neng re tshwanetse go kwala ka dilo tse re di dirang letsatsi le letsatsi mo go yone. Morutabana o ne a bala dibukana tsa rona mme le ene a bo a re kwalela sengwe mo go tsone. Ke ne ka swetsa go kwala ka puo e ke tlileng go e neela mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo mo bukaneng ya me. Go bonala e ile ya kgatlha morutabana, ka jalo ke ne ka mo laletsa go tla Holong ya Bogosi go tla go reetsa fa ke neela puo ya me. Ga a ka a tla a le esi fela mme gape go ne ga tla le morutabana yo o neng a nthuta mo mophatong wa ntlha. Moragonyana fa re le kwa sekolong, morutabana o ne a bolelela tlelase yotlhe kafa puo ya me e neng e mo kgatlhile ka teng. Ke ne ka itumela. Mme ga go a ka ga felela foo. Mo e ka nnang ngwaga morago ga foo, ke ne ka kgona go tlhalosa maitemogelo a me kwa kopanong ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa mme morutabana wa me o ne a le teng gape. Moragonyana, nna le tsala nngwe ya me ya mmulatsela re ne ra mo etela mme ra mo neela buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. O ile a tla le kwa go nngwe ya dikopano tsa rona tsa kgaolo!”

Sydnee yo o nang le dingwaga di le thataro, o ne a kgona go bua ka bopelokgale le bana ba a tsenang tlelase le bone ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo, seemo sa batho ba ba suleng le gore Jesu o amana jang le Modimo. Mmaagwe a re: “E nnile mmoledi yo mmotlana yo o tlhagafetseng le yo o pelokgale.” Fa Sydnee a wetsa ngwaga wa gagwe wa ntlha wa sekolo, o ne a bolela gore o hutsafetse. O ne a bolela jaana: “Ke tshwenyegile ka bana ba ke neng ke na le bone mo tlelaseng. Ba tla ithuta jang ka Jehofa?” Sydnee o ne a na le leano. Ka letsatsi la bofelo la sekolo, o ne a naya seithuti sengwe le sengwe mpho ya sephuthelwana se sentle. E ne e le kgatiso ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. Sydnee o ne a tsamaisa dikhopi di le 26, a bolelela baithuti gore ba bule dimpho tsa bone fa ba fitlha kwa gae ba na le batsadi ba bone. Sydnee o dira gore bana ba a tsenang tlelase le bone e nne tshimo ya gagwe. Gape o ne a ba founela go utlwa gore a ba rata dibuka tseo. Mosetsana mongwe o ne a re o bala khopi ya gagwe bosigo bongwe le bongwe le mmaagwe.

Fa Ellen a ne a le dingwaga di le 15, o ne a naya morutabana wa gagwe wa hisitori dimakasine di le mmalwa tsa Tsogang! Ellen a re: “O ne a di rata mme e setse e le dingwaga di le pedi jaanong a ntse a bala Tsogang!” Ellen o tswelela jaana: “Bosheng jaana ke ne ka mo naya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, mme o ne a mpolelela gore bomorwadie ba le babedi ba e rata thata. Ka jalo, ke ne ka mo naya buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Moragonyana o ne a nthomelela karata. O ne a kwadile jaana mo go yone: ‘Ke leboga dibuka tseno fela thata. Nna le bomorwadiake re di bala tota. Go itumedisa thata go bona mosha yo o nitameng e bile a ineetse jaaka wena. Ga go na mpho epe e motho a ka e fiwang e e gaisang mpho ya go nna le tumelo. O nthutile mo gontsi thata go na le kafa nna ke go rutileng ka teng!’ Seno se ile sa mpontsha gore batho ba anaanela boammaaruri jwa Baebele fa re dira maiteko a go ba bolelela ka jone.”

Daniel o ne a le dingwaga di le thataro fa a ne a simolola go tshwara thuto ya gagwe ya ntlha ya Baebele. O bolela jaana: “Ke ne ke tlhola ke tsamaya le mmè kwa dithutong tsa gagwe mme le nna ke ne ke batla go ruta mongwe.” Daniel o ne a tlhopha Mmè Ratcliff—mosadimogolo mongwe yo a kileng a mo tsamaisetsa dikgatiso tsa Baebele. O ne a mo raya a re: “Nka rata go go bontsha buka e ke e ratang thata ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela, mme ke rata go itse gore a nka tla beke nngwe le nngwe go tla go e bala le wena.” Mmè Ratcliff o ne a amogela kopo ya ga Daniel. Laura, e bong mmaagwe Daniel a re: “Re ne ra simolola go ithuta le Mmè Ratcliff moragonyana mo letsatsing leo. Daniel le Mmè Ratcliff ba ne ba refosana go bala dirapa mme Daniel a bo a kopa Mmè Ratcliff gore a bale makwalo a a rileng a a umakilweng kwa bofelong jwa kgang e ba e balang. Ke ne ke tsamaya le Daniel mme go ne go bonala Mmè Ratcliff a ikaeletse go buisana fela le Daniel ka dikgang tseno!” Fa nako e ntse e tsamaya, Daniel le Mmè Ratcliff ba ne ba simolola go ithuta buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Ka nako eo, kgaitsadie Daniel yo mmotlana e bong Natalie o ne a godile mo a bileng a neng a kgona go bala, ka jalo o ne a kopanela mo thutong. Mmè Ratcliff o ne a na le dipotso di le dintsi—dingwe tsa tsone e le tse di thata. Daniel le Natalie ba ne ba dirisa bukana ya Dipolelo Tsa Bibela Tsa Puisano le khonkhodense e e kafa morago ga Baebele gore ba kgone go neela dikarabo tse di tswang mo Dikwalong. Mmè Ratcliff, yo e neng e le Mokatoliki botshelo jwa gagwe jotlhe, o ne a kgatlhwa thata ke se a neng a se ithuta. O ne a bolela jaana morago ga puisano nngwe e ba neng ba na le yone: “E kete nka bo ke simolotse go ithuta Baebele bogologolo!” Ka maswabi, bosheng jaana Mmè Ratcliff o ne a tlhokafala a na le dingwaga di le 91. Le fa go ntse jalo, go ithuta Baebele go ile ga dira gore a itse boammaaruri jo bo botlhokwa thata, a bo a ithuta le ka tsholofelo ya Baebele ya go tsoga ga baswi le gore ba tla boa ba tshela gape mo lefatsheng la paradaise. Daniel o na le dingwaga di le lesome gone jaanong mme o tshwara dithuto tsa Baebele di le pedi. Natalie, yo a nang le dingwaga di le robedi, o ithuta Baebele le mosetsana mongwe yo o lekanang le ene.

Basha ba ba jaaka Kristina, Sydnee, Ellen, Daniel le Natalie ba itumedisa batsadi ba bone ba Bakeresete. Se se botlhokwa le go feta, ba itumedisa pelo ya ga Jehofa mme ga a kitla a lebala lorato lo basha ba ba ntseng jalo ba ileng ba le bontsha leina la gagwe.—Diane 27:11; Bahebera 6:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Dikgatiso tsotlhe tse go buiwang ka tsone mo setlhogong seno di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Kristina (kwa godimo) le Sydnee

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Daniel le Natalie

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ellen