Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Lefatshe Lotlhe le Tla Bo le Na le Tirisanommogo

Fa Lefatshe Lotlhe le Tla Bo le Na le Tirisanommogo

Fa Lefatshe Lotlhe le Tla Bo le Na le Tirisanommogo

A O KILE wa lebelela batho ba babedi ba e leng ditswerere tsa tanse ya ballet, kgotsa ba ba relelang mo aeseng kgotsa setswerere sa go akgega mo sekomporomaeeng? Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se dira ka botswerere le ka matsetseleko, ba dirisana mmogo sentle. A bo go ne go tla itumedisa jang ne fa botshelo gompieno bo ka bo bo ntse jalo—go rena tirisanommogo fela e seng dikgotlhang le dintwa. Go na le moo batho ga ba “batle go tsena mo tumalanong epe,” fela jaaka fa Baebele e boleletse pele ka motlha ono wa rona.—2 Timotheo 3:1-5.

Le fa go ntse jalo, mo maemong ano a a thata, dimilionemilione tsa batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ithuta go tshedisana mmogo ka kagiso le kutlwano. Jang? Ka go amogela taletso e e lorato e e kwadilweng mo Baebeleng mo go Isaia 48:17, 18. Ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.”

Fa re amogela taletso eno e e lorato, Jehofa e nna ene a re direlang molemo. O re kaela kafa re ka ‘tsamayang’ ka teng ka kagiso le kutlwano. Go farologana le seo go dirisa dikgopolo tsa batho ba ba sa itekanelang le difilosofi tsa bone ke boeleele fela. Gangwe le gape, hisitori ya batho e bontsha kafa mafoko ano a ga Jeremia 10:23 a leng boammaaruri ka gone: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Ka bokhutshwane fela, ga re na bokgoni jwa go ipusa le go tlhoma melao ya boitshwaro e e utlwalang le e e ka dirisiwang ke batho botlhe mo lefatsheng. Modimo ke ene fela a nang le tshwanelo ya go dira jalo.—Isaia 33:22.

Kagiso ya Mmatota le Kutlwano

Modimo o tla tloga a dira gore go nne le kutlwano mo lefatsheng la rona. O solofetsa nako e ka yone ‘lefatshe le tla tlalang kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’ (Isaia 11:9) Ee, kgabagare go tla rena kagiso fela.

Tota e bile, dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di tla nna le tsela e ntšha e di utlwanang ka yone, ka gonne Modimo o tla ruta batho ba gagwe ba ba ikanyegang kafa ba ka tlhokomelang ka teng naga e ba nnang mo go yone. Tota e bile o tla ‘dira kgolagano,’ jaaka fa go ka tualo, le dibatana tsotlhe, a dira gore di tshele ka kagiso le gore di ikobele batho.—Hosea 2:18; Genesise 1:26-28; Isaia 11:6-8.

Tsholofetso eno ga se toro fela. Ee ruri, Jesu o ne a bua ka yone gabedi mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. Sa ntlha, o ne a re: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” Morago ga moo, fa a ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapele jang, o ne a re: “Rraarona . . . , a thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 5:5; 6:9, 10) Fa Jesu a ne a tloga a swa, o ne a sobokanya se mafoko ano a tla se bolelang mo bathong ka lefoko le le lengwe fela le le molemo—‘paradaise.’ (Luke 23:43) Eleruri madi a a tsholotsweng a ga Jesu a dira gore tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise e nne ya mmatota!—Johane 3:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 11, 12]

Mo paradaiseng e e tlang ya Modimo, dilo tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng di tla nna le tsela e ntšha e di utlwanang ka yone