Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Segakolodi se se Berekang go Galaletsa Modimo

Go Nna le Segakolodi se se Berekang go Galaletsa Modimo

Go Nna le Segakolodi se se Berekang go Galaletsa Modimo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA UKRAINE

FA BA lelapa la ga Chibisov, ba e leng Basupi ba ga Jehofa kwa Ukraine ba boela gae morago ga dipokano tsa Bokeresete, ba ne ba sela sepatšhe se na le dilo tsa botlhokwa mo teng, go akaretsa le laesense ya go kgweetsa, dikarata tsa sekoloto le madi a a kana ka diranta di le 3 000. Mo lelapeng leno la batho ba le batlhano, rre ke ene fela yo o neng a bereka. O ne a amogela diranta di ka nna 420 ka kgwedi. Ka gone madi ano a ba a setseng a ne a ka ba thusa fela thata. Ba ne ba dirang?

Mmè wa teng a re: “Bomorwadiarona ba ne ba simolola go buisana gore ba ka busetsa jang sepatšhe seno kwa go mong wa sone, yo laesense ya gagwe ya go kgweetsa e neng e bontsha gore ke motho wa mosadi. Nna le monna wa me re ne ra itumedisiwa ke go bona kafa bana ba rona ba bontshang ka teng gore ba na le digakolodi tse di thapisitsweng sentle. Letsatsi le le latelang ke ne ka founela mosadi yono yo o latlhegetsweng ke sepatšhe. Olha o ne a tla go se tsaya a itumetse thata mo a neng a tsholola keledi, mme a re bolelela gore ene le monna wa gagwe ba na le mabenkele a se kae mo toropong ya rona. Madi ano a a mo sepatšheng e ne e le madi a ba tlileng go duela badiri ba bone madi a bone a kgwedi ka one. Mo godimo ga moo, nngwe ya dipampiri tse di amanang le madi tse di neng di le mo sepatšheng sa gagwe e ne e le botlhokwa thata mo diakhaontong tsa kgwebo ya gagwe.

“Olha o ne a re botsa gore re setse kae sepatšhe seno. Re ne ra mmolelela re bo re mo tlhalosetsa gore re ne re le foo ka gonne re ne re tswa kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa re mo tsamaisetsa dingwe tsa dikgatiso tsa Baebele, o ne a di amogela ka tlotlo.

“Dibeke di le mmalwa moragonyana, Mosupi mongwe yo re kopanelang le ene mo phuthegong ya rona o ne a re bolelela gore o ne a tsamaisetsa mosadi mongwe yo o neng a feta le tsela dikgatiso tsa Baebele. Mosadi yono o ne a mo tlhalosetsa gore pele ga foo o ne a ka se ka a bo a reetsa Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, gone jaanong o ne a sa ikemisetsa fela go reetsa mme gape o ne a tla tsaya le dikgatiso. A re lebaka la go bo a dira jalo ke gore Basupi ba ne ba busetsa morwadie sepatšhe sa gagwe.”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Lelapa la ga Chibisov