Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Dilo Tsa Tlhago di Dirisanang Mmogo ka Teng

Kafa Dilo Tsa Tlhago di Dirisanang Mmogo ka Teng

Kafa Dilo Tsa Tlhago di Dirisanang Mmogo ka Teng

Mo dilong tsa tlhago “fela jaaka go le botlhokwa go gola le go ikatisa, go botlhokwa fela jalo gape gore setshedi sengwe le sengwe se nne le tirisanommogo le se se gaufi le sone.”—“Liaisons of Life.”

LEWATLE le ne le sisibetse. Go ne go utlwala fela modumo wa dinonyane tse dintsi tse di ratang go nna go bapa le lewatle. Fa o utlwa di tsositse modumo jaana, go raya gore go na le sengwe se se diregang mo teng ga metsi. Go ise go ye kae, go bonala dipudula mo metsing mme ka iketlo di itira mosako. Nakwana fela morago ga moo, go runya dilo tse pedi tse dikgolo tse dintsho mo metsing di tswa fa gare ga dipudula tseno tse di itirileng mosako. E ne e le maruarua a mabedi a a tswang kwa tlasetlase ga lewatle, mme a ne a atlhamolositse melomo ya one. Fa a setse a le kwa ntle ga metsi, a tswala melomo ya one, a bo a budulela mowa kwa ntle a bo a boa a thabuela gape mo metsing go boeletsa se a ntseng a se dira.

Maruarua ano a mabedi a dirisana mmogo go kokoanya ditshedinyana tse dintsintsi tsa metsi tse di bidiwang di-krill gore a di je. Maruarua ano a a bokete jwa ditone di le 40 a tla bo a dira jaaka e kete a a tantsha fa a le mo metsing, a thuma kafa tlase ga ditshedinyana tseno a bo a di dikologa a ntse a budula mowa. Fa a ntse a budula mowa jaana, go nna le dipudula tse di dikaganyetsang ditshedinyana tseno di bo di di tswalela jaaka e kete di tshwarwa ke letloa. Maruarua ano a tla bo a refosana go tlhatlogela kwa godimo a le mo gare ga letloa leno la dipudula a atlhamolositse melomo ya one a bo a betsega mo metsing a hupile ditshedinyana tseno a bo a di kometsa.

Mo dipoeng tsa Afrika, gantsi ditshwene le di-impala di dirisana mmogo. Lekwalopaka la Scientific American la re: “Diphologolo tseno tse pedi di na le tsela ya go tlhagisana fa go na le kotsi e e tlang.” Di-impala di kgona go dupelela sentle mme ditshwene tsone di kgona go bonela kgakala, ka gone di kgona go tlhagisana gore di se ka tsa tlhaselwa motlhofo ke dibatana. Bontšhwe le bone ba kgona go bonela kgakala mme dipitse tsa naga tsone di kgona go utlwa ka bonako, ka jalo le tsone di kgona go thusana fa go na le kotsi e e tlang.

Tseno ke dingwe tsa dikai tse dintsintsi tsa tsela e dilo tsa tlhago di dirisanang mmogo ka yone. Eleruri, go thusana go lemogiwa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, go simolola fela ka ditshedinyana tse dinnye go fitlha ka batho. Dingwe tsa ditshedi tse di thusanang tseno di a tshwana mme tse dingwe ga di tshwane gotlhelele. Dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Kgosi Solomone yo o neng a ithuta ka dilo tsa tlhago o ne a ela tlhoko tshoswane. O ne a kwala jaana: “Tsamaya o ye kwa tshoswaneng, wena setshwakga; bona ditsela tsa yone mme o tlhalefe. Le fa e se na molaodi, modiredi kgotsa mmusi, e baakanya dijo tsa yone selemo; e phuthile dijo tsa yone ka nako ya thobo.”—Diane 6:6-8.

Ditshoswane ke sekao se se molemo sa go dirisana mmogo, go bereka ka natla le go dira dilo ka thulaganyo, mme gantsi di bereka mmogo go rwala dilo tse dikgolo go di feta di bo di di tseela kwa mosimeng wa tsone. Tota e bile, ditshoswane dingwe di thusa tse dingwe tse di gobetseng kgotsa tse di lapileng thata mo losaisaing lwa tsone ka go di busetsa kwa mosimeng wa tsone. Fa re leba mekgwa eno ya tsone, ga go gakgamatse go bo Solomone a ile a dirisa tsone jaaka sekao se re tshwanetseng go se latela.

Mo ditlhogong tse di latelang, re tlile go bona kafa tirisanommogo e leng botlhokwa thata ka gone mo dilong tsa tlhago, e leng selo se se dirang gore botshelo, go akaretsa le jwa batho, bo kgone go tswelela. Gape, re tla ithuta gore batho ba senya tlhago jang gore ba solegelwe molemo ka bobone, kafa ba e kgotlelang ka teng le kafa ba nyeletsang ditshedi tsa yone ka teng. A Mmopi o tla ba letlelela go tswelela pele ba dira jalo go ya go ile?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Fa godimo: Ditshwene le di-“impala” di a thusana fa go na le kotsi e e tlang

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Ditshoswane ke sekao se se molemo sa tirisanommogo

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Bontšhwe ba kgona go bonela kgakala fa dipitse tsa naga tsone di le tsebe ntlha go utlwa, ka jalo di a thusana fa go na le kotsi e e tlang