Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Kgwebo E e Di Gogang Kwa Pele go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng”

“Kgwebo E e Di Gogang Kwa Pele go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng”

“Kgwebo E e Di Gogang Kwa Pele go Gaisa Tsotlhe mo Lefatsheng”

Ngwaga le ngwaga, batho ba feta dimilione di le 600 ba tsaya maeto go ya kwa dinageng tse dingwe. Ba bangwe ba le dimilione di le makgolokgolo ba tsaya maeto go ya kwa mafelong a mangwe a a mo dinageng tsa bone ka ntlha ya tiro kgotsa ka go bo ba batla go itlosa bodutu fela. Ka gone, kgwebo ya bojanala—go akaretsa le dihotele, mafelo a boitapoloso, difofane le mekgatlho e e thusang batho ka tsa bojanala e tlhalosiwa e le “kgwebo e e di gogang kwa pele go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.”

GO FOPHOLEDIWA gore kgwebo ya bojanala mo lefatsheng lotlhe e dira diranta di ka nna dibilione di le 24 ngwaga le ngwaga. Bajanala ba ka nna ba se ka ba itsaya e le maloko a mokgatlho wa lefatshe lotlhe o o rotloetsang kagiso, mme gone eno ke tsela e Mokgatlho wa Lefatshe wa Bojanala wa Lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng o tlhalosang kgwebo eno ka yone. Ka 2004, mokwaledikakaretso wa mokgatlho ono e bong Francesco Frangialli, o ne a bua jaana mo kopanong nngwe e e neng e rulagantswe ke tonakgolo ya kwa Iseraele kwa Botlhabagare: “Bojanala le kagiso ke diyathoteng di bapile. Tlhotlheletso ya bojanala e maatla thata jaana mo e leng gore e fetola maemo a go lebegang a ne a ka se ka a fetoga, mme e ka tlisa kutlwano e go neng go tsewa gore e ka se nne teng.”

Kgwebo eno e e nang le tlhotlheletso e kgolo jaana e tlholega kae? A ruri bojanala bo a thusa? A ‘tlhotlheletso e e maatla’ ya bojanala tota e ka tlisa kagiso?

Metlha ya go Atlega ga Bojanala

Kgwebo ya gompieno ya bojanala kwa dinageng tsa Bophirima e simologile mo lekgolong la bo19 la dingwaga. Fa go ntse go nna le diphetogo tse dikgolo mo go tsa ditiro, diphetogo tseno di ne tsa thusa go tokafatsa matshelo a batho ba ba dikobodimagetleng kwa Yuropa le kwa United States, mme batho ba le bantsi ba ile ba iphitlhela ba na le madi le nako ya go tsaya maeto.

Mo godimo ga moo, go ile ga dirwa kgatelopele e kgolo thata mo mefuteng ya dipalangwa tse di kgonang go pega batho ba le bantsi. Diterena tse di maatla di ne di tsamaisa batho go tswa kwa toropong e nngwe go ya kwa go e nngwe, mme dikepe tse dikgolo di ne di tsamaisa ba bangwe ka lobelo go tswa kwa kontinenteng e nngwe go ya kwa go e nngwe. Go ne ga agiwa dihotele tse dikgolo gaufi le diteishene tsa diterena le mafelo a boemakepe gore bajanala ba nne le mafelo a ba ka robalang mo go one le a ba ka bonang dijo mo go one.

Ka 1841, rakgwebo mongwe wa Moesemane e bong Thomas Cook o ne a bona kafa go kopanya thulaganyo ya tsa dipalangwa le ya marobalo e ka nnang molemo ka teng. Ke ene motho wa ntlha go rulaganya gore go nne le tsela ya go ntsha madi a le kompa, o a ntsha gangwe fela go duelela dipalangwa, marobalo, dijo le ditiro tse dingwe tsa go itlosa bodutu kwa dinageng di sele. Modiredi mongwe wa puso wa Moboritane e bong William Gladstone o ne a bua jaana ka dingwaga tsa bo1860: “Ka ntlha ya thulaganyo eno e e tlhomilweng ke Rre Cook, jaanong batho ba maemo otlhe mo setšhabeng ba kgona go etela kwa dinageng di sele e bile ba setse ba di itse, mme seno se dirile gore ba se ka ba nna le lenyatso mo bathong ba dinaga tseo mme go na le moo, ba ba bontshe bopelonomi.”

Kgatelopele e Kgolo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga

Ka maswabi, le mororo bojanala bo ile jwa dira gore batho ba le bantsi ba dinaga tse di farologaneng ba tlwaelane, ga bo a ka jwa kgona go thibela dintwa tse pedi tsa lefatshe tse di neng tsa runya mo karolong ya ntlha ya lekgolo la bo20 la dingwaga. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa gore diphetogo tse di neng tsa nna teng mo loagong le kgatelopele e e neng ya dirwa mo go tsa botegeniki ka ntlha ya dintwa tseo di senye kgwebo ya bojanala, di ne tsa dira gore kgwebo eno e gole ka lobelo lo logolo.

Go tsaya maeto ka difofane go ne ga thusa batho go fitlha ka bonako kwa ba yang teng e bile go ne go sa je madi a le mantsi, dikontinente di ne tsa simolola go nna le ditsela tse dintsi tse dikgolo, dikoloi le tsone di ne tsa ntsifala. Mo bogareng jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ya malatsing a boikhutso le go tsaya maeto a bojanala e ne ya nna dilo tse di tlwaelegileng mo dinageng tsa Bophirima, mme di kgonwa ke mo e ka nnang batho ba maemo otlhe mo setšhabeng. Mo godimo ga moo, batho ba le dimilionemilione ba ne ba nna le dithelebishene mo magaeng a bone mme ba simolola go kgatlhwa ke ditshwantsho tse di bontshang mafelo a mantle a bojanala, mme seno se ne sa ba tlhotlheletsa go etela mafelo ao.

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1960, palo ya bajanala ba ba etelang dinaga di sele e ne e fitlha go dimilione di le 70 ngwaga le ngwaga. Mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1990, palo eno e ne ya gola go nna dimilione tse di fetang 500! Go ne ga agiwa mafelo a boitapoloso mo lefatsheng lotlhe a a tla dirisiwang ke bajanala ba ba tswang kwa dinageng di sele le bajanala ba ba etelang mafelo a a mo nageng ya bone. Madirelo mangwe a a sa amaneng ka tlhamalalo le bojanala a ne a solegelwa molemo ke seno, ka gonne bajanala ba reka dijo le dino di le dintsi mo go one e bile ba dirisa madi go reka dilwana tse dingwe tse dintsi le go duelela ditirelo dingwe tse ba thusiwang ka tsone.

Gompieno, bojanala bo thusa thata ikonomi ya dinaga tse di fetang 125. Fa pego ya dikgang ya 2004 ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Bojanala wa Lekgotla la Ditšhaba tse di Kopaneng e ne e tlhalosa melemo e bojanala bo nang le yone, e ne ya tlhalosa gore bojanala bo ka fokotsa lehuma ka go dira gore go nne le dikgwebo tse dinnye tsa bojanala. E re ka bojanala bo dira gore batho ba bangwe ba nne le ditiro, bo kgona go dira gore batho ba le bantsi “ba nne le kitso ka tsa tikologo, setso le loago.”

Mme gone o ka nna wa botsa wa re: “Bojanala bo ka kgona jang go dira dilo tseno tsotlhe? E bile bo ka solegela tikologo molemo jang?’

Go Rekisa Dilo Tsa Tlholego ka Boikaelelo Jwa go e Sireletsa

Mo masimologong a dingwaga tsa bo1980, baitsesaense bangwe le badiri ba difilimi ba ne ba kgatlhegela thata tiro ya go namola dikgwa tsa pula le dithotana tsa maje a korale a a mo mawatleng mmogo le ditshedi tse botshelo jwa tsone bo ikaegileng ka dilo tseno. Dipego tsa bone le dithulaganyo tsa thelebishene tse di buang ka dilo tsa tlholego di ne tsa dira gore batho ba kgatlhegele thata go etela mafelo ano a a gakgamatsang a tlholego. Dikgwebo tse dinnye tse di neng tsa bulwa go thusa baitsesaense le badiri ba difilimi, di ne tsa gola gore di tlamele bajanala ba bantsi ba ba kgatlhegelang dilo tsa tlholego.

Go ise go ye kae, go ne ga nna le batho ba le bantsi ba ba ratang go etela mafelo a dilo tsa tlholego, mme seno se ne sa dira gore karolo eno ya bojanala e nne kgwebo e e golang ka lobelo lo logolo. Ee ruri, go kgothaletsa batho go kgatlhegela dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego go ile ga nna le matswela a magolo tota. Mokwaladikgang e bong Martha S. Honey o ne a tlhalosa jaana: “Mo dinageng di le mmalwa, go etela mafelo a dilo tsa tlholego e ile ya nna kgwebo e e golang ka lobelo lo logolo, e e bonang madi a le mantsi a dinaga di sele go feta kgwebo ya go romelwa ga dipanana kwa Costa Rica, kofi kwa Tanzania le Kenya, matsela le dibenyane kwa India.”

Ka jalo, bojanala bo ile jwa thusa thata gore go nne le madi a go sireletsa dimela le diphologolo. Honey o ne a re: “Kwa Kenya, go fopholediwa gore tau e le nngwe e dira lotseno lwa bokana ka didolara di le 7 000 [diranta di le 42 000] ka ngwaga ka ntlha ya bojanala, mme motlhape wa ditlou one o dira lotseno lwa didolara di le 610 000 [diranta di le dimilione di le 3,7] ka ngwaga.” Go fopholediwa gore dithotana tsa maje a korale tse di mo lewatleng kwa Hawaii di dira lotseno lwa didolara di le 360 million [diranta di le dimilione di le dikete di le 2,2] ngwaga le ngwaga fa batho ba etela lefelo leno la dilo tsa tlholego!

Go Lemoga se Tota Bojanala Jwa Mafelo a Dilo Tsa Tlholego e Leng Sone

Pego ya United Nations Environment Programme ya Ecotourism: Principles, Practices and Policies for Sustainability ya re: “Dikgwebo di le dintsi tsa bojanala di ile tsa fitlhela go le molemo go dirisa mafoko a a reng ‘mafelo a bojanala a dilo tsa tlholego’ mo dibukeng tsa tsone, mme dipuso di ile tsa dirisa mafoko ao thata go kgothaletsa batho go etela dinaga tsa tsone, mme ga di dire sepe se se kalo go leka go latela melaometheo ya konokono [ya bojanala jwa mafelo a dilo tsa tlholego].” O ka tlhomamisa jang gore loeto lo o batlang go lo tsaya e tla nna lwa go bona dilo tsa tlholego kgotsa nnyaa?

Megan Epler Wood, e leng ene yo o kwadileng pego e e fa godimo, o tlhalosa gore fa motho a tsaya loeto go ya kwa mafelong a dilo tsa tlholego, go tshwanetse ga direga dilo tse di latelang: Pele ga a tsaya loeto, a nne le tshedimosetso ka setso le tikologo ya lefelo le a le etelang, mmogo le dikaelo malebana le moaparo o o tshwanelang le tsela e bajanala ba tshwanetseng go itshwara ka yone; a nne le tshedimosetso e e feletseng ka tsela e lefelo le a le etelang le bopegileng ka yone, mokgwa wa batho ba lefelo leo, maemo a lone a bopolotiki mmogo le gore go ka etelwa jang batho ba lefelo leo go na le go kopana le bone fela kwa mabenkeleng; a tlhokomele gore madi a go tsena mo dirapeng tsotlhe a tshwanetse a bo a duetswe ka botlalo; gape a tlhokomele gore lefelo leo le na le marobalo a a tshwanelang tikologo eo sentle le gore a agilwe ka tsela e e se kitlang e baka tshenyo mo tikologong.

Se Mafelo a Bojanala a Dilo Tsa Tlholego a se Fitlheletseng

Fa motho a tsaya loeto lwa mofuta ono, o a bo a sa ye go bona fela dilo tsa tlholego. Loeto lono lo ile lwa tlhalosiwa e le “loeto lwa go ya go bona mafelo a dilo tsa tlholego ka boikaelelo jwa go tlhaloganya tsela ya botshelo le hisitori ya mafelo ao, go ela tlhoko gore motho a se ka a tshwenyatshwenyana le tikologo ya one, mme kafa letlhakoreng le lengwe a nne le seabe mo go godiseng ikonomi go thusa batho ba ba nnang mo mafelong ao.”

A bojanala jwa go etela mafelo a dilo tsa tlholego bo fitlheletse mekgele eo e e molemo? Martin Wikelski, wa Yunibesithi ya Princeton a re: “Bojanala jwa mafelo a dilo tsa tlholego ke sengwe sa dilo tse di thusang thata go boloka [Setlhaketlhake] sa Galapagos se le mo maemong a a siameng.” Mo nageng ya Afrika ya Rwanda, go bolelwa gore mofuta ono wa bojanala o thusitse gore go sirelediwe ditshwene tse di nnang mo dithabeng e re ka o thusa batho ba naga eo go bona madi ka ditsela tse dingwe go na le go utswa diphologolo. Mo dinageng tse dingwe tsa Afrika, dirapa tsa diphologolo di tlhokomelwa ka madi a bajanala.

Mo lefatsheng lotlhe, bojanala jwa go etela mafelo a dilo tsa tlholego bo thusitse go tokafatsa maemo a tsa tikologo le a loago, mme ga go pelaelo gore kgwebo ya bojanala e ile ya solegela ikonomi ka tsela e e molemo tota. Mme gone, a kgwebo eno e na le tlhotlheletso e e siameng ka dinako tsotlhe? Ke eng se se tlileng go direga mo isagweng ka bojanala mo lefatsheng lotlhe?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Dintlha Dingwe go Thusa Batho ba ba Etelang Dinaga Tse Dingwe *

Pele ga o tsaya loeto

1. Kwala lenaane la dilo tsa botlhokwa—makwalo a mosepele, dinomoro tsa credit card, dinomoro tsa thekete ya sefofane le dintlha dingwe tse di amanang le ditšheke tsa bajanala. Dira dikhopi tsa lenaane leno mme o tlogele e nngwe kwa gae, o tsamaye ka e nngwe.

2. Tlhomamisa gore o na le lekwalo le le sa ntseng le le mo nakong la mosepele le visa e e siameng; rulaganyetsa gore o entelwe malwetse ape fela a go ka tswang go tlhokega gore o a entelwe.

3. Tlhomamisa gore o na le inshorense e e feletseng ya kalafi, ka gonne go alafelwa maemo a tshoganyetso kgotsa go rulaganyediwa sepalangwa sa tshoganyetso gore o boele gae o le kwa moseja go ka nna ga go ja diranta di le diketekete. Fa e le gore o motho yo o lwalang, tsamaya o tshotse lekwalo la ngaka le le tlhalosang bolwetse jwa gago le gore o nwa melemo efe. (Ela tlhoko: Dinaga dingwe di ka tswa di sa letlelele batho gore ba tsene mo go tsone ka melemo e e rileng. Go bona dintlha ka botlalo malebana le seno, botsa baemedi ba dinaga tseo tse o batlang go etela kwa go tsone ba ba leng mo nageng ya gaeno kgotsa botsa badiredi bangwe ba puso.)

Fa o le mo loetong

1. O se ka wa tsamaya ka dilo tsa botlhokwa thata tse o sa batleng go latlhegelwa ke tsone.

2. Dira gore o tshwarele lekwalo la mosepele le dilo tse dingwe tsa botlhokwa gaufi le wena, o se ka wa di tsenya mo bekeng ya gago e nnye e o tsamayang o e tshotse kgotsa mo dikgetsing tse di kgonang go bonwa ke mongwe le mongwe. O se ka wa dira gore makwalo otlhe a tshwarwe ke motho a le mongwe fela wa lelapa.

3. Fa o tsentse sepatšhe sa gago mo potleng, go ka nna thata gore bakgothosi ba se ntshe mo potleng fa o se bofile ka mabanta a raba.

4. Ela tlhoko tsela e o dirisang credit card ka yone, mme o se ka wa reka dilwana tse di fetang madi a selekanyo se o se ipeetseng. O ka nna wa tshwarwa kwa dinageng tse dingwe fa o ka feta selekanyo se o se beetsweng sa go reka ka credit card.

5. Nna kelotlhoko fa o tsaya masole ditshwantsho, dikago tsa madirelo kgotsa tse dingwe, tse di jaaka boemakepe, diporo kgotsa boemafofane. Dinaga tse dingwe di ka tsaya seno e le go tsenya tshireletsego ya tsone mo kotsing.

6. O se ka wa isetsa ope sephuthelwana se se tswang kwa mothong yo o sa mo itseng.

Fa o reka dilo tse o tla ikgopotsang loeto lwa gago ka tsone

1. Se lebale gore dinaga di le dintsi ga di letle motho go tsena mo go tsone ka dilo tse di dirilweng ka lonaka lwa tlou, dikgapa tsa dikhudu, dimela, boboa le dilo tse dingwe, tota le fa di ka tswa di le dinnye.

2. Nna kelotlhoko fa o reka dilo tse di dirilweng ka letsopa ka gonne dingwe tsa tsone di ka nna tsa tsenya batho botlhole fa di sa dirwa sentle.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 27 Tshedimosetso eno e e tswang go Department of State Publication 10542 e fetotswe go sekae.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bojanala jwa go ya go bona mafelo a dilo tsa tlholego bo setse bo ratwa ke batho ba le bantsi