Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Tirisanommogo e le Botlhokwa

Lebaka La go Bo Tirisanommogo e le Botlhokwa

Lebaka La go Bo Tirisanommogo e le Botlhokwa

“Ga go na setshedi sepe se se ka tshelang se le sosi—sengwe le sengwe se dirisana le tse dingwe, e ka tswa e le ka tlhamalalo kgotsa ka tsela nngwe e sele.”—“Symbiosis—An Introduction to Biological Associations.”

MO BOTSHELONG, ditshedi di dirisana mmogo e bile se sengwe se ikaegile ka se sengwe, ka jalo go a tshwanela eleruri go tlhalosa botshelo re re ke thulaganyo e e raraaneng tota! Go ntse fela jalo le ka batho. O kgona go bona bosupi jwa seno ka mmele wa gago. Go na le dibakateria tse di mosola tse di berekang ka setu mo maleng a gago tse di go thusang gore o nne o ntse o itekanetse sentle mo mmeleng ka go bolaya megare e e kotsi, le ka go go thusa go sila dijo le go tlhagisa dibitamine tse mmele o di tlhokang. Wena o di fepa ka dijo le go di naya lefelo le le siameng le di ka nnang mo go lone.

Go na le tirisanommogo e e tshwanang le mo mmeleng wa diphologolo, segolobogolo tse di otlang tse di jaaka dikgomo, dikgama le dinku. Karolo ya ntlha ya mogodu wa tsone o o dikarolo dintsi, tota go ka twe e tletse ka dibakateria di le dintsi thata, di-fungi kgotsa mouta le diporotosoa. Ditshedinyana tseno di bedisa cellulose, e leng khabohaetereite e e fitlhelwang mo dimeleng tse diphologolo di di jang, go nna mefuta e e farologaneng ya dikotla. Tota le ditshenekegi dingwe tse di jang cellulose, e leng mefuta ya dikhukhwana, mafele, ditshenekegi tse dinnye tse di senang diphuka, motlhwa le mefuta ya meruthwane, le tsone di dirisa dibakateria go sila dijo.

Tirisanommogo e e ntseng jalo ya ditshedi tse di sa tshwaneng e bidiwa symbiosis, mo go rayang “go tshedisana mmogo.” * Tom Wakeford, mo bukeng ya gagwe ya Liaisons of Life o bolela jaana: “Go dirisana mmogo ka tsela eno go botlhokwa thata gore setshedi sengwe le sengwe se tswelele pele se tshela.” Akanya ka mmu go se kae, ka gonne ke one o ditshedi di le dintsi tse di mo lefatsheng di tswang mo go one.

Tota go ka Twe Mmu o a Tshela!

Baebele e bolela gore mmu o na le maatla. (Genesise 4:12) Ntlha eno e utlwala sentle ka gonne mmu ga se leswe fela le le sa tsheleng. Ke selo se se raraaneng se dilo di tlhogang mo go sone, e bile o nyeuma ka ditshedinyana. Mo kilogerameng e le nngwe fela ya one go ka fitlhelwa dibakateria di feta dibilione di le 500, mouta o feta bilione le ditshenekegi kgotsa diboko tse di farologaneng di le dimilione di le 500. Bontsi jwa ditshedi tseno di dirisana mmogo, di ja dilo tse di tswang mo dilong tse di tshelang—tse di jaaka matlhare a a suleng le mantle a diphologolo—mme kafa letlhakoreng le lengwe di ntsha naeterojene e di e fetolang ka tsela nngwe gore dimela di kgone go e monya. Gape, di fetola khabone gore e nne khabonetaeokosaete le dilo tse dingwe tse dimela di di tlhokang gore di dire dijo ka maatla a letsatsi.

Dimela tse dingwe tse di jaaka alfalfa, clover, dierekisi le dinawa, di dirisana thata le dibakateria ka gonne di di letlelela gore di tshele mo meding ya tsone. Mme go na le gore dibakateria tseno di gobatse dimela, di dira gore medi ya tsone e tlhoge dikgotonyana tse dinnye. Bogolo jwa dibakateria tse di nnang mo dikgotonyaneng tseno bo menagana ga 40, mme di bidiwa di-bacteroid. Tiro ya tsone ke go fetola naeterojene go nna dikotla tse dimela tseno di ka di dirisang. Dimela tseno tsone di tlamela dibakateria tseno ka dijo.

Mouta le one o thusa thata mo go tlhogeng ga dimela. Tota e bile, mo e ka nnang setlhare sengwe le sengwe, setlhatshana le tlhaga di dirisana mmogo le mouta o o fitlhelwang kafa tlase ga mmu. Mouta ono le one o tsena mo meding ya dimela tseno, mme o di thusa go monya metsi le diminerale tsa botlhokwa tse di jaaka aene, phosphorus, potassium le zinc. Dimela tseno tsone di tlamela mouta ono ka dikhabohaetereite ka gonne one ga o kgone go itirela dijo ka o sena tlelorofole.

Semela se se ikaegileng thata ka mouta ke sethunya se se bidiwang orchid. Fa sethunya seno se itlhogela fela kwa nageng, go na le peo e e lerolenyana e e tlhokang go thusiwa gore e tlhoge. Mouta ono gape o thusa semela seno sa orchid ka go nonotsha medi ya sone e mennye. Fa Wakeford a bua ka mouta a re: “Ke one o o direlang orchid dijo le go tlhomamisa gore e fepiwa sentle ka dinako tsotlhe. [Mouta] one o ka nna wa fiwa selekanyo se sennye sa dibitamine le naeterojene e e tswang mo semeleng seno. Le fa go ntse jalo, orchid e na le tsela e e e dirisang go laola selekanyo se mouta o golang ka sone. Semela seno ga se letle mouta go gola ka tsela e e sa laolesegeng, ka gone fa o batla go golela ka kwa ga medi, semela seno se o bolaya ka tsela ya tlholego fela.”

Malebana le dimela tse di thunyang malomo, ga di dirisane mmogo fela le ditshedinyana tse di mo mmung; di dirisana mmogo gape le ditshedi tse dingwe tse re kgonang go di bona ka matlho.

Tirisanommogo e e Thusang Dimela go Ata

Fa notshi e kotama mo godimo ga sethunya, go nna le tirisanommogo nngwe e e diregang magareng ga yone le sone. Sethunya se tlamela notshi ka tswina le mmudula mme notshi e dira gore sethunya se tshelegelwe ke mmudula o o tswang mo dithunyeng tse dingwe tse di tshwanang le sone. Seno se dira gore dithunya di ikatise. Fa malomo ano a sena go amogela mmudula, a tlogela go dira dijo. Ditshenekegi di itse jang gore jaanong “mokete wa dijo” o fedile? Dithunya di thusa ditshenekegi go itse seno ka ditsela tse di farologaneng. Di ka nna tsa se ka tsa tlhola di nna le monko o o monate, malomo a tsone a ka nna a tlhotlhorega, kgotsa tsa sekamela ntlheng e nngwe kgotsa tsa fetola mmala wa tsone—tsa nna letobo fela. Rona batho re ka nna ra se ka ra kgatlhwa ke seno, mme gone fa dithunya di dira jalo di a bo di thusa dinotshi tseno tse di dirang ka thata gore jaanong di dirise maatla a tsone mo dithunyeng tse dingwe tse di iseng di tshelegelwe ke mmudula.

Mo dingwageng tsa bosheng palo ya ditshenekegi tse di anamisang mmudula, segolobogolo dinotshi, e ile ya fokotsega fela thata mo mafelong mangwe. Bothata jono bo tshwenya fela thata ka gonne mo e ka nnang diperesente di le 70 tsa dimela tse di thunyang malomo di ikaegile ka ditshenekegi gore di anamise mmudula wa tsone. Mo godimo ga moo, diperesente di le 30 tsa dijo tse re di jang di tswa mo dimeleng tse mmudula wa tsone o anamisiwang ke dinotshi.

Ditshoswane Tse di mo Tshingwaneng

Ditshoswane dingwe le tsone di itumelela go dirisana mmogo le dimela. E re ka ditshenekegi tseno di nna mo dimeleng tseno e bile di bona dijo mo go tsone, di ka nna tsa anamisa mmudula wa tsone, tsa anamisa peo ya tsone, tsa di tlamela ka menontsha kgotsa go di sireletsa gore di se ka tsa jewa ke diphologolo le ditshenekegi tse dingwe tse di jang dimela. Ditshoswane dingwe tse di nnang mo teng ga mitlwa ya setlhare sa mokala di kgona go senya dimela tse di batlang go ithathelela ka setlhare seno, tse di di bonang fa di ntse di tsamayatsamaya di disitse setlhare seno. Setlhare se lebogela ditshoswane tiro eno e e duleng diatla ka go di tlamela ka tswina.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ditshoswane dingwe di rata “go rua ditshedinyana tse dingwe” jaaka ditshenekegi tse di bidiwang di-aphid tse di ntshang tswina fa ditshoswane di di ama ka bonolo ka dinakanyana tsa tsone. Buka ya Symbiosis e bolela jaana ka di-aphid: “Ditshoswane di rua ditshenekegi tseno jaaka e kete ke dikgomo, di gama tswina ya tsone gore e nne dijo tsa tsone di bo di di sireletsa mo ditsheding tse dingwe.” Fela jaaka fa morui wa dikgomo a ka tlhatlheela dikgomo tsa gagwe mo lesakeng bosigo, ditshoswane le tsone gantsi di tlhatlheela di-aphid mo seolong sa tsone fa go le bosigo go di sireletsa, mme mo mosong di di isa kwa mafulong a tsone, mo gantsi di fulang matlhare a a sa leng masha a a nang le dikotla gone. Ga re bue ka di-aphid di se kae fela. Ditshoswane di kgona go nna le “metlhape” ya di-aphid di le diketekete mo seolong se le sengwe fela!

Mefuta mengwe ya dirurubele le yone fa e sa ntse e le diboko, e tlhokomelwa ke ditshoswane. Ka sekai, serurubele se segolo se se pududu se dirisana mmogo le ditshoswane tse dikhibidu. Tota e bile, se ka se kgone go gola sentle fa se sa thusiwe ke ditshoswane. Fa e sa ntse e le seboko, se leboga ditshoswane ka go ntsha seedinyana se se botshe. Moragonyana, fa serurubele se tswa mo kgapetleng ya sone, se tswa mo mosimeng wa ditshoswane se babalesegile e bile se sa gobala.

Go Tshela le Ditshedi Tse di Kotsi

Fa o ka bo o le nonyane, a o ne o ka tlisa noga e e tshelang mo sentlhageng sa gago? O ka nna wa re: “Legoka!” Le fa go ntse jalo, go na le mefuta mengwe ya dinonyane tse di dirang jalo—mofuta mongwe wa morubisi. E dirisana mmogo le noga e e bidiwang blind snake. Go na le gore noga eno e je mamphorwana a morubisi, e ja ditshoswane, dintshi, ditshenekegi tse dingwe le mae a tsone. Go ya ka pego ya makasine wa New Scientist, mamphorwana a a godisiwang a na le noga eno “a gola ka bonako mme go direga thata gore a gole go fitlha e nna merubisi e metona” go feta a a godisitsweng go se na noga eno e e phepafatsang sentlhaga sa one.

Dinonyane tse di bidiwang water thick-knee, kgotsa water dikkop, tsone ga di nne le noga; tsone di rata go aga sentlhaga sa tsone gaufi le fa kwena ya noka ya Nile e beetseng mae a yone gone—mme kwena eno e ja dinonyane dingwe! Le fa go ntse jalo, go na le gore nonyane eno e jewe ke kwena, e nna e disitse sentlhaga sa yone le mae a kwena. Fa go na le sengwe se se kotsi se se tlang kwa sentlhageng sa yone kgotsa kwa maeng a kwena, nonyane eno e tla bo e letsa molodi wa go tlhagisa kwena. Fa e le gore kwena e ne e tsamaile, fa e utlwa molodi ono e tla bo e tla e tabogile e ipaakanyeditse go tlhasela.

Go Ntsha Leswe mo Ditsheding Tse Dingwe

A o setse o kile wa bona dinonyane tse di jaaka mmamoleane kgotsa nonyane e e bidiwang kala di ntse di kotame mo godimo ga ditshepe, dikgomo, dithutlwa kgotsa pholo, di ntse di ntshantsha dilo mo letlalong la tsone? Go ka lebega e kete dinonyane tseno di a tshwenya, mme gone tota di thusa diphologolo tseno fela thata ka gonne di ja dinta, dikgofa le ditshenekegi tse dingwe tse diphologolo tseno di sa kgoneng go di itlhotlhora. Gape, di ja le dinamanyana tse di tshwaeditsweng ke malwetse e bile di na le diboko. Nonyane e e bidiwang kala yone e bile e kgona go tlhagisa phologolo fa go na le kotsi e e tlang.

E re ka kubu e fetsa nako e ntsi e le mo metsing, yone e phepafadiwa ke dinonyane le ditlhapi. Fa kubu e le mo metsing, tlhapi e e bidiwang black labeos, ya mofuta wa di-carp e gopa leswe la kubu ka go tlosa bolele, letlalo le le senyegileng le diparasaete—tota re ka re e ntsha sengwe le sengwe se se ngaparetseng kubu. Gape e phepafatsa meno le marinini a kubu! Tlhapi eno e thusiwa ke ditlhapi tse dingwe, dingwe di phepafatsa dintho, tse dingwe di dirisa melomo ya tsone e e motswi go phepafatsa mo gare ga menwana ya kubu le mo dikarolong tse dingwe tsa mmele tse go seng motlhofo go fitlha mo go tsone.

Ebu, ditlhapi le tsone di nna le dilo tse dingwe tse di sa batlegeng tse di tshwanetseng tsa tlosiwa mo go tsone, tse di jaaka ditshedi tsa metsi tse di bidiwang di-crustacean le dibakateria, mouta le dinta, letlalo le le suleng kgotsa le le tlhasetsweng ke bolwetse. Gore ditlhapi di ntshiwe dilo tseno, gantsi di ya kwa lefelong le di ka bonang thuso kwa go lone. Fa di le kwa mafelong ano, ditlhapi tsa mebala e e galolang tse di bidiwang gobies, wrasses le di-shrimp di ntsha ditlhapi tseo leswe, mme leswe leno ke lone dijo tsa ditlhapi tseno. Tlhapi e kgolo thata e ka nna ya bo ya phepafadiwa ke setlhopha sotlhe sa ditlhapi tseno tse di phepafatsang!

Tlhapi e e tlileng go phepafadiwa e na le ditsela tse di farologaneng tse e supang ka tsone gore e batla go phepafadiwa. Ka sekai, tse dingwe di ema ka tsela e e sa tlwaelegang—di lebisitse tlhogo kwa tlase mogatla kwa godimo. Kgotsa di ka nna tsa nna di butse melomo ya tsone le maroba a di hemang ka one, jaaka e kete tsa re: “Tsenang. Ga ke na go lo loma.” Ditlhapi tseno di tla bo di simolola tiro, tota le fa e ka nna tlhapi e e kotsi e e bidiwang moray eel kgotsa shaka. Ditlhapi dingwe di kgona go iphetola mmala fa di ntse di phepafadiwa, gongwe e le go dira gore ditshenekegi tse di sa batlegeng di bonale sentle le go feta. Buka ya Animal Partnerships e bolela gore mafelo a bobogelo a ditlhapi di tswaletsweng mo go one a a senang ditlhapi tse di ntshang leswe, gantsi ditlhapi tsa teng “ka bonako fela di nna le diparasaete di bo di lwala. Mme fa ditlhapi tse di ntshang leswe di tsenngwa mo metsing a ditlhapi tseo, di simolola tiro ya tsone, mme ditlhapi tse dingwe tsotlhe di tla bo di tlhoma mola go ipaakanyetsa go tla go ntshiwa leswe la tsone.”

Fa re ntse re ithuta go le gontsi ka seno, re gakgamadiwa le go feta ke go bona kafa dilo tse di tshelang mo lefatsheng di dirisanang mmogo ka teng le kafa di ikaegang ka tse dingwe ka teng. Fela jaaka batshameki ba diletswa mo mminong wa okhestra, setshedi sengwe le sengwe se na le seabe mo go direng gore go nne le tirisanommogo mo botshelong le boitumelo—go akaretsa le botshelo jwa batho. Ruri seno se bontsha sentle gore dilo tseno di dirilwe ka botlhale le gore go na le Motlhami yo Mogolo!—Genesise 1:31; Tshenolo 4:11.

Se se Senyang Tirisanommogo ya Dilo Tsa Tlhago

Go utlwisa botlhoko tota gore gantsi batho ba palelwa ke go dirisana sentle le dilo tsa tlhago. Go farologana le diphologolo, tse gantsi di dirang dilo ka tlholego fela, batho bone ba tlhotlhelediwa ke mabaka a a farologaneng, a a tshwanang le lorato le dinonofo tse dingwe tse di molemo, gape ba ka tlhotlhelediwa ke letlhoo le bopelotshetlha jwa boithati.

E re ka go bonala e kete batho ba laolwa thata ke dilo tse di umakilweng labofelo fa godimo, ba le bantsi ba tshwenyegile ka isagwe ya polanete ya rona. (2 Timotheo 3:1-5) Mme bothata jwa bone ke gore ga ba akanye ka Mmopi. Go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo ka lefatshe ga se fela gore go tla busetsa dilo tsa tlhago mo mannong a tsone mme gape go tla dira gore dibopiwa tsotlhe di dirisane mmogo ka kutlwano go feta le e leng pele.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go na le mefuta e le meraro ya tsela e ditshedi di tshedisanang mmogo ka yone: fa ditshedi ka bobedi di solegelwa molemo ke go dirisana mmogo; fa setshedi se le sengwe se solegelwa molemo ke se sengwe mme se sa se gobatse; le fa setshedi se beile fela mo go se sengwe gore se solegelwe molemo. Setlhogo seno se tlotla ka dikai tsa fa ditshedi ka bobedi di solegelwa molemo ke go dirisana mmogo.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Setshedi se se Gabedi

Dibata tse e keteng ke logogo, tse di mmala o mosetlha kgotsa o motala tse gantsi o di bonang mo majeng le mo dithitong tsa ditlhare go ka direga gore e bo e le dimelanyana tse di bidiwang dimelametsing. Metswedi mengwe ya tshedimosetso e bolela gore go ka tswa go na le mefuta ya tsone e le 20 000! Dimelametsing di ka nna tsa lebega e kete ke setshedi se le sengwe fela, mme gone tota ke tse pedi—ke mouta le bolele.

Ke ka ntlha yang fa ditshedi tseno tse pedi di kopana go nna selo se le sengwe? Mouta ga o kgone go itirela dijo tsa one. Ka jalo o ngaparela mo boleleng ka gonne jone bo kgona go tlhagisa sukiri ka thulaganyo ya fotosentesese. Sukiri eno e bolele bo e dirang e na le go dutla mo go jone, mme mouta o bo o e monya. Mouta one o thusa bolele ka go dira gore o nne bongola e bile gape o bo sireletsa gore bo se ka jwa fisiwa thata ke letsatsi.

Moitsesaense mongwe o ne a dira motlae ka dimelametsing a re ke “mouta o o kgonneng go lemoga temo.” Buka ya Liaisons of Life e bolela gore tota dimelametsing di itse temo tota ka gonne “di fitlhelwa mo e ka nnang go menagane ga lesome mo lefatsheng fela jaaka dikgwa tsa pula tsa kwa boboatsatsi.” Di teng go tswa kwa Arctic go ya go fitlha fela kwa Antarctic, tota e bile di a tle di tlhoge le mo mekwatleng ya ditshenekegi!

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Korale—Bokgoni Jwa go Tshedisana le Dilo Tse Dingwe

Dikorale di dirwa ke polyp le bolele. E re ka bolele bo tlhoga mo teng ga disele tsa polyp, ke jone jo bo dirang gore dikorale di nne le mebalabala e mentle. Gantsi bolele jono bo feta di-polyp ka bokete, ka dinako tse dingwe bo nna bokete go menagane gararo go feta polyp, e leng se se dirang gore dikorale e nne e kete ke semela e seng setshedi sengwe! Le fa go ntse jalo, tiro ya konokono ya bolele ke go fetola masalela a dilo tse di tshelang go nna dijo, mme diperesente di le 98 tsa dijo tseno di jewa ke di-polyp. Di-polyp di tlhoka dijo tseo gore di tshele di bo di kgone le go dira dikorale tseno.

Bolele bo solegelwa molemo ke tirisanommogo eno ka ditsela tse pedi. Sa ntlha, bolele bo bona dijo go tswa mo lesweng le le ntshiwang ke di-polyp—e leng khabonetaeokosaete, naeterojene le di-phosphate. Sa bobedi, bolele bo sirelediwa ke dikgapa tse di thata tsa di-polyp tse bo tlhogang mo go tsone. Gape bolele bo tlhoka marang a letsatsi; ke gone ka moo dikorale di tlhogang mo metsing a a bonesitsweng sentle ke letsatsi.

Fa dikorale di tshwenngwa ke sengwe, a re re gongwe temperetšhara ya metsi e a tlhatloga, di-polyp di ntshetsa bolele kwa ntle di bo di latlhegelwa ke mmala wa tsone. Di ka nna tsa swa ka ntlha ya tlala. Mo dingwageng tsa bosheng jaana baitsesaense ba lemogile gore mo lefatsheng lotlhe dikorale di le dintsi di latlhegelwa ke mmala wa tsone.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Thuto ka Tirisanommogo

Difofane tse pedi di fofa mo loaping di tlhomagane fela jaaka dinonyane di a tle di fofe di tlhomagane. Ga se gore difofane di fofa jalo gale le gale, go dirwa fela ditekeletso tsa saense tsa go etsa se se sa tswang go ithutiwa ka dinonyane tse dikgolo tse di ratang metsi tse di bidiwang dikukara. Babatlisisi ba ile ba lemoga gore dikukara di rata go fofa di tlhomagane jalo ka gonne nngwe le nngwe ya tsone e thusiwa go fofa ke maatla a phefo e e fetlhiwang ke e e fa pele ga yone. Go fofa jalo go fokotsa lobelo lo dipelo tsa tsone di itayang ka lone ka diperesente di le 15 fa o di bapisa le e e fofang e le nosi fela, ka jalo ga di dirise maatla a mantsi fa di fofa di le mmogo. A sefofane le sone se ka solegelwa molemo ke go etsa tsela e dikukara di fofang ka yone?

Go bona gore a seno se ka kgonega, baenjenere ba ne ba dira sefofane se se nang le didiriswa tse di raraaneng tsa ileketeroniki gore ba dire ditekeletso ka sone. Didiriswa tseno tsa ileketeroniki di thusa mokgweetsi wa sefofane seno gore a kgone go se fofisa mo lefelong le le lengwe fela le le tlhomameng se tlhomagane sentle le sefofane se se fa pele ga sone, se sa fapogele go sele ka sekgala se se fetang disentimetara di le 30 go tswa mo go sone di katogane ka dimetara di ka nna 90. (Bona setshwantsho.) Go ne ga direga eng? Sefofane seno se ne sa kgona go ya kwa pele ka lobelo lwa diperesente di le 20 se sa kgorelediwe ke maatla a phefo e se tlhabaganang le yone fa go bapisiwa le fa se ka bo se fofa se le sosi, mme selekanyo sa lookwane lo se neng sa lo dirisa lo ne lwa wela kwa tlase ka diperesente di le 18 go na le fa se ka bo se ne se fofa se le sosi. Babatlisisi ba dumela gore dilo tseno tse di neng tsa ribololwa di ka nna tsa dirisiwa mo difofaneng tsa sesole le mo go tse di pegang batho.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Jets: NASA Dryden Flight Research Center; birds: © Joyce Gross

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Mo mogodung wa yone, kgomo e na le dibakateria di le dintsi, mouta le diporotosoa (setshwantsho se se godisitsweng)

[Motswedi wa Setshwantsho]

Inset: Melvin Yokoyama and Mario Cobos, Michigan State University

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dinotshi di thusa dithunya gore di ikatise

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Kgomo e na le mmamoleane

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tlhapi e e bidiwang “butterfly” e na le tlhapi e nnye e e ntshang leswe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Shrimp” e e mebalabala e phepafatsa “anemone