Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore Ke se Ka ka Tlwaelana le Batho Ba ba Sa Siamang?

Nka Dira Jang Gore Ke se Ka ka Tlwaelana le Batho Ba ba Sa Siamang?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore Ke se Ka ka Tlwaelana le Batho Ba ba Sa Siamang?

“Ke ne ka simolola go tlwaelana le mosetsana mongwe kwa sekolong. . . . O ne a sa dirise diokobatsi, a sa ye kwa diphathing tse di sa siamang kgotsa go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo sa siamang. O ne a sa dirise matlhapa e bile o ne a le botlhale thata kwa sekolong. Mme ruri e ne e se tsala e e siameng.”—Beverly. *

KE KA ntlha yang fa Beverly a ile a bolela se se fa godimo? Gone jaanong o lemoga gore mosetsana yole o ne a mo tlhotlheletsa gore a nne le mekgwa e e sa siamang. Beverly o tlhalosa jaana: “Fa ke ntse ke tlwaelana le ene, le nna ke ne ka simolola go bala dibuka tse di buang ka tirisabadimo, ka ba ka simolola go kwala ka yone.”

Mosha mongwe yo o bidiwang Melanie le ene o ne a simolola go nna le boitshwaro jo bo sa siamang—o ne a tlhotlhelediwa ke mongwe yo o ipitsang Mokeresete ka ene! O ka itse jang gore a motho e tla nna tsala e e siameng kgotsa nnyaa? A ka dinako tsotlhe go kotsi go tsalana thata le batho ba e seng badumedi? A seo se raya gore fa motho e le Mokeresete ka wena ga go kotsi go tsalana le ene?

Mme go tweng ka go tsalana le motho wa bong bo sele? Fa e le gore go na le mongwe yo o batlang go nyalana le ene, o ka itse jang gore botsalano jwa lona e tla nna jo bo siameng? Mma re bone gore melaometheo ya Baebele e ka re thusa jang go araba dipotso tseno.

Ditsala Tse di Siameng ke Tse di Ntseng Jang?

A lebaka la go bo motho yo Beverly a neng a tsena sekolo le ene e ne e se moobamedi wa Modimo wa boammaaruri le ne le tshwanetse la mo thibela go dira botsala le ene? Gone ke boammaaruri gore Bakeresete ba boammaaruri ga ba tseye gore motho ga a siama kgotsa gore ga a na boitsholo jo bo siameng fela ka bo go e se modumedi ka rona. Mme fa go tla mo kgannyeng ya go nna ditsala tse dikgolo le bone, re na le lebaka la go nna kelotlhoko. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa batho ba ba neng ba le kwa phuthegong ya Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga jaana: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) O ne a raya jang?

Go ka direga gore bangwe ba Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba tlwaelane le Baepikuria ba e neng e le balatedi ba mofilosofi wa Mogerika e bong Epikuria. Gone ke boammaaruri gore Epikuria o ne a ruta balatedi ba gagwe gore ba ithute go dirisa tlhaloganyo, ba nne pelokgale, ba nne le boikgapo le go nna le tshiamiso. E bile o ne a ba kgalemela gore ba se ka ba dira boleo jwa sephiri. Mme ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a tsaya gore Baepikuria, le e leng bangwe mo phuthegong ba ba nang le megopolo e e tshwanang le ya bone, ke batho “ba ba bosula”?

Baepikuria e ne e se baobamedi ba Modimo wa boammaaruri. E re ka ba ne ba sa dumele mo tsogong ya baswi, ba ne ba dumela gore motho o tshwanetse a itumelela botshelo gone jaanong ka mo a ka kgonang ka teng. (Ditiro 17:18, 19, 32) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo go tlwaelana le batho ba ba ntseng jalo, go ile ga dira gore bangwe mo phuthegong ya Korintha ba se ka ba tlhola ba dumela mo tsogong ya baswi. Ke ka moo 1 Bakorintha kgaolo 15—e mo go yone re fitlhelang tlhagiso ya ga Paulo malebana le ditsala tse di bosula—e na le dipolelo tse dintsi tse di kwaletsweng go thusa Bakeresete bao ba bogologolo gore ba boe ba dumele gape mo tsholofetsong ya tsogo.

Re ithuta eng mo go seno? Gore tota le batho ba ba sa direleng Modimo ba ka nna le dinonofo tse di siameng. Mme fa o ba tlhopha go nna ditsala tsa gago tse dikgolo, ba tla tlhotlheletsa tsela e o akanyang ka yone, tumelo ya gago le boitsholo jwa gago. Ka jalo, mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwaletse Bakorintha, Paulo o ne a bolela jaana: “Lo se ka lwa pataganela jokwe le ba ba sa dumeleng.”—2 Bakorintha 6:14-18.

Fred wa dingwaga di le 16, o ne a bona boammaaruri jwa mafoko ano a ga Paulo. Mo tshimologong, o ne a dumela gore o tla nna le seabe mo tirong nngwe ya morago ga sekolo e e neng e akaretsa go ya kwa nageng nngwe e e tlhabologang go ya go thusa bana ba koo. Le fa go ntse jalo, fa ene le baithuti ka ene ba ntse ba ipaakanyetsa mosepele, Fred o ne a fetola mogopolo wa gagwe. O ne a re: “Ke ne ka bona gore go nna nako e telele jalo ke na le bone go ne go sa ntshiamela mo semoyeng.” Ka ntlha ya seo, Fred o ne a swetsa go tswa mo porojekeng eo mme a akanya ka go thusa batho ba ba tlhokang ka ditsela tse dingwe.

Go Tsalana le Bakeresete ka Wena

Le fa go ntse jalo, go tweng ka go nna le ditsala mo phuthegong ya Bokeresete? Fa Paulo a ne a kwalela lekawana Timotheo, o ne a mo tlhagisa jaana: “Mo ntlong e kgolo go na le dijana e seng tsa gouta le selefera fela mme gape go na le tsa logong le letsopa, mme dingwe ke tsa boikaelelo jo bo tlotlegang mme tse dingwe ke tsa boikaelelo jo bo se nang go ka tlotlwa. Jalo, fa motho a nnela kgakala le tsa bobedi, o tla nna sejana sa boikaelelo jo bo tlotlegang, a itshepile, a na le mosola mo go mong wa gagwe, a ipaakanyeditse tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 2:20, 21) Ka jalo, Paulo o ne a bua ka tlhamalalo gore go ka direga gore tota le mo Bakereseteng, go nne le batho ba ba sa itshwareng ka tsela e e tlotlegang. O ile a tlhamalala fela jalo fa a ne a laela Timotheo gore a nnele kgakala le batho ba ba ntseng jalo.

A seno se raya gore o tshwanetse go belaela Bakeresete ka wena? Nnyaa. E bile ga go reye gore o tshwanetse wa lebelela gore ditsala tsa gago di se ka tsa dira diphoso. (Moreri 7:16-18) Le fa go ntse jalo, go bo fela mosha a tla dipokanong tsa Bokeresete kgotsa a na le batsadi ba ba tlhoafetseng mo phuthegong ga go reye gore motho yo o ntseng jalo e ka nna tsala e e siameng e o ka e tlhophang.

Diane 20:11 ya re: “Mosimane [kgotsa mosetsana] o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” Ka jalo, o tla bo o le botlhale fa o ka ipotsa jaana: A go bonala sentle gore kamano ya motho yono le Jehofa ke selo sa botlhokwa mo botshelong jwa gagwe? Kgotsa, a go na le sengwe se se bontshang gore tsela e a akanyang ka yone le boikutlo jwa gagwe di bontsha “moya wa lefatshe”? (1 Bakorintha 2:12; Baefeso 2:2) A go tsalana ga gago le ene go go kgothaletsa go obamela Jehofa?

Fa o tlhopha ditsala tse di ratang Jehofa thata e bile di rata le dilo tsa semoya, o tla bo o sa tile fela mathata, mme gape o tla nna le nonofo e kgolwanyane ya go direla Modimo. Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Latelela tshiamo, tumelo, lorato, kagiso, mmogo le ba ba bitsang Morena ka pelo e e phepa.”2 Timotheo 2:22.

Go Tsalana le Batho ba Bong bo Sele

Fa e le gore o setse o godile mme o batla go nyala, a o ile wa akanya ka kelotlhoko gore melaometheo eno e tshwanetse ya go thusa jang fa o tlhopha molekane wa lenyalo? Go na le dilo tse dintsi tse di ka dirang gore o kgatlhegele motho yo o batlang go nyalana le ene, mme ga go na dipe tsa tsone tse di botlhokwa jaaka boemo jwa motho yoo jwa semoya.

Ke ka moo Baebele e re tlhagisang gangwe le gape malebana le go nyala motho yo a seng “mo Moreneng.” (1 Bakorintha 7:39; Duteronome 7:3, 4; Nehemia 13:25) Gone ke boammaaruri gore batho ba e seng badumedi e ka nna ya bo e le batho ba ba ikanyegang, ba ba itshwereng sentle le ba ba akanyetsang batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, ga ba na tlhoafalo e wena o nang le yone ya go godisa dinonofo tseo le go batla go dira gore lenyalo la gago le nnele ruri.

Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o ineetseng mo go Jehofa mme a ikanyega mo go ene a ka kgona go tlhagolela dinonofo tsa Bokeresete le go lwela gore a nne a na le tsone. O tlhaloganya gore Baebele e amanya go rata molekane wa gago le go nna le kamano e e molemo le Jehofa. (Baefeso 5:28, 33; 1 Petere 3:7) Ka jalo, fa balekane ka bobedi ba rata Jehofa, ba na le lebaka le le nonofileng la gore ba nne ba ikanyega mongwe go yo mongwe.

A seno se raya gore manyalo a badumedi mmogo a ka se ka a nna le mathata le e seng? Nnyaa. Ka sekai, fa o ka nyalana le motho yo o sa kgatlhegeleng dilo tsa semoya thata, go ka direga eng? E re ka motho yo o bokoa a se kitla a kgona go emelana le mathata a tsamaiso eno ya dilo, go motlhofo gore a katoge phuthego ya Bokeresete ka bonya ka bonya. (Bafilipi 3:18; 1 Johane 2:19) Akanya fela gore o tla nna le mahutsana a kana kang le go sa utlwane mo lenyalong fa molekane wa gago a ka amega mo “dilong tse di leswafatsang tsa lefatshe.”—2 Petere 2:20.

Pele ga o simolola botsalano jo bo tla felelang ka lenyalo, ipotse seno: A motho yono o iponatsha e le motho yo o ratang dilo tsa semoya? A o tlhoma sekao se se siameng malebana le tsela ya gagwe ya go tshela ya Bokeresete? A motho yono o tlhaloganya boammaaruri jwa Baebele sentle, kgotsa a o sa ntse a tlhoka nako e e oketsegileng gore a gole semoyeng? A o tlhatswegile pelo tota gore go rata Jehofa ke selo se se tlang pele mo botshelong jwa gagwe? Fa o itse gore motho yoo o na le leina le lentle go ka thusa thata. Le fa go ntse jalo, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, o tshwanetse wa tlhomamisega gore motho yo o mo kgatlhegelang o ineetse mo go Jehofa le gore a ka nna molekane yo o molemo wa lenyalo.

Gakologelwa gape gore batho bangwe ba ba kgatlhegelang “batho ba ba sa siamang” ba kgatlhegela pele dilo tse di sa siamang—tse di jaaka boitlosobodutu jo bo sa siamang kgotsa dilo dingwe tse di sa siamang. Basha ba ba tlhomang sekao mo phuthegong ya Bokeresete ba ka se ka ba kopanela le wena mo dilong tse di ntseng jalo. Ka jalo, sekaseka pelo ya gago.

Fa e le gore o tlhoka go tsenya pelo ya gago mo tseleng, o se ka wa kgobega marapo. O ka kgona go e tsenya mo tseleng. (Diane 23:12) Selo sa botlhokwa ke gore: Ke eng se tota wena o se batlang? A o rata dilo tse di siameng le batho ba ba dirang dilo tse di siameng? Ka thuso ya ga Jehofa, o ka kgona go nna le pelo e e ntseng jalo. (Pesalema 97:10) Mme fa o ithapisa gore o nne le bokgoni jwa go lemoga se se siameng le se se sa siamang, o tla bona go le motlhofo go lemoga gore ke bomang ba e ka nnang ditsala tse di siameng, tse di agang.—Bahebera 5:14.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Ditsala tse di siameng di ka go tlhotlheletsa ka tsela e e siameng semoyeng