Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Bone Sengwe se se Botoka

Re Bone Sengwe se se Botoka

Re Bone Sengwe se se Botoka

JAAKA GO BOLETSE FRANCIS DEL ROSARIO DE PÁEZ

Ka 1988 nna le bonkgonne le ditlhopha tse dingwe tsa mmino, re ne ra nna le konsarata kwa Madison Square Garden ya kwa New York City re bogetswe ke batho ba le diketekete. Setlhopha sa rona, se se neng se tlhagisa thata tsela e ke binang ka yone, se ne sa amogelwa ka boitumelo. Fa re ne re sa le basha, Rre o ne a re thusa gore re atlege mo tirong eno.

E RE KA rre le ene e ne e le seopedi, o ne a lemoga gore bonkgonne ba le supa ba na le bokgoni mo go tsa mmino. Ka jalo, o ne a rekisa ntlo ya gaetsho mme a reka diletswa le didirisiwa tse dingwe tsa mmino go ba thusa gore ba itlhamele setlhopha sa mmino. Ka nako eo, ke ne ke sa le mmotlana, ka gonne ke ne ke sa tswa go tsholwa dingwaga di se kae fela pele ga moo ka 1966. Ka nako eo, lelapa la gaetsho le ne le nna kwa toropong ya Higüey kwa Dominican Republic.

Ka 1978 bonkgonne ba ne ba nna le konsarata ya bone ya ntlha kwa holong ya toropo kwa Higüey. Moragonyana ba ne ba fudugela kwa motsemoshate wa Santo Domingo mme ba tshwarela dikonsarata tsa bone koo. Ba ne ba simolola go tshameka le go opela mmino wa merengue mme batho ba le bantsi ba ne ba simolola go rata mmino wa bone thata. * Setlhopha sa bone se ne se bidiwa Los Hermanos Rosario (BooraRosaio).

Ke ne ke batla go nna mo setlhopheng sa mmino sa bonkgonne, ka gonne ke ne ke sa bolo go eletsa go nna motho yo o itsegeng mo go bineng. Kwa phathing nngwe, nkgonne e bong Pepe, yo e neng e le moeteledipele wa setlhopha, o ne a ntaletsa go tla go bina, a raya babogedi a re: “Francis ke mongwe wa bokgaitsadiake, ke ene yo mmotlana mme o kgona go bina.” Batho ba ba neng ba le teng ba ne ba kgatlhwa ke tsela e ke neng ke bina ka yone. Ke ne ka dirisa tshono eo go bolelela Pepe gore ke batla go bina mo setlhopheng. Mme fa ke ne ke le dingwaga di le 16 ke ne ka simolola go bina ka metlha fa setlhopha sa Los Hermanos Rosario se nna le dikonsarata.

Go Gatela Pele mo go Tsa Mmino

Pele ga seno, go ne go ntse go na le seopedi sa mosadi mo ditlhopheng tsa mmino wa merengue mme go ne go ise go ke go direge gore go nne le mosadi a bina a le nosi mo seraleng fa gare ga setlhopha sa banna. Ke ne ka itlhamela tsela e ke binang ka yone ke dirisa mokgwa o o tla tsamaisanang le mmino wa rona wa merengue. Fa mokgwa wa me wa go bina o ne o setse o tumile, o ne wa bidiwa mokgwa wa go bina wa lo Francis Rosario.

Re ne re na le pina ya merengue e e bidiwang “Cumandé,” e mangwe a mafoko a yone a neng a re: “Y ahora todo el mundo como Francis Rosario” (A mongwe le mongwe jaanong a bine jaaka Francis Rosario). Gantsi fa mafoko ao a sena go opelwa batho ba ne ba bina jaaka nna. Ka dinako tse dingwe ba ne ba nna fa fatshe ba bo ba ntebelela fa ke ntse ke bina. Kgabagare, go ne go dirisiwa setshwantsho sa me fa setlhopha sa rona se tlile go nna le konsarata. Mongwe le mongwe o ne a itse gore fa a bona setshwantsho sa me go raya gore setlhopha sa Los Hermanos Rosario se tla bo se na le konsarata.

Fa ke sena go simolola go bina mo setlhopheng sa bonkgonne, go ne ga tsenngwa baopedi ba bangwe mo setlhopheng sa rona, go akaretsa banna ba bararo booraPáez. Mongwe wa bone yo e neng e le motshameki wa phala e bong Roberto, moragonyana o ne a nna monna wa me. BooraPáez ba ne ba thusa thata mo go goleng ga setlhopha sa rona. Setlhopha sa Los Hermanos Rosario se ne sa simolola go amogela ditaletso tse dintsi tsa go tshameka mo thelebisheneng kwa Santo Domingo, le go dira dikonsarata kwa dinageng tse dingwe.

Ka 1988 re ne ra etela kwa United States le kwa Canada. Nngwe ya dikonsarata tse re nnileng le tsone ke e e umakilweng pelenyana ya kwa Madison Square Garden. Bontsi jwa ditlhopha tse di tumileng thata tsa mmino wa merengue di ne di na le dikonsarata koo, mme batho ba ne ba rata setlhopha sa rona thata. Morago ga konsarata eo, go ne go direga gantsi gore barulaganyi ba dikonsarata ba dire gore setlhopha sa rona e nne sone se konelang thulaganyo. Go feta le fa e le leng pele, go bina ga me e ne e le gone go dirang gore setlhopha sa Los Hermanos Rosario se ratiwe thata. Re ne ra rekisa direkoto di le dintsi tsa mmino wa rona.

Re ne re tsamaya thata, re etela dinaga tse di jaaka Columbia, Ecuador, Panama, Puerto Rico, Curaçao, Spain, Jeremane le dinaga tse dingwe. Go ise go ye kae, setlhopha sa rona se ne sa simolola go nna bommamoratwa kwa dinageng tsa kwa Latin America. Mmino, serala, diaparo tse re neng re di apara le tsela e re neng re ipaakanya ka yone, e ne ya simolola go nna dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa me.

Fa ne ke ise ke nyalwe, ke ne ke tle ke ipolelele gore fa go na le monna mongwe yo o nkgatlhegelang mme a sa batle gore ke bine, ke tla tlogela ene pele ga ke tlogela go bina. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae ke ne ka fetola tsela e ke lebang dilo ka yone.

Fa ke Simolola go Bona Botlhokwa Jwa Dilo Tsa Semoya

Phetogo eno e ne ya direga fa re ne re etetse kwa Canary Islands ka 1991. Nna le Roberto re ne re sa tswa go nyalana. Mogolowe e bong Freddy, yo o neng a le mo setlhopheng sa rona, o ne a simolotse go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme ka metlha mme o ne a nna a tshwere dikgatiso tsa bone.

Ka letsatsi lengwe ke ne ka bona buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise kwa kamoreng ya ga Freddy, mme ka simolola go e bala. Ke ne ka kgatlhwa ke setlhogo se se reng “Dihele—A Tota di Teng?” Se ne sa nkgatlha ka gonne Mmè o ne a mpoleletse gore motho yo o dirang dilo tse di bosula o tla sha kwa diheleng. Ka jalo ke ne ke tshaba go ya diheleng.

Dibeke di le mmalwa morago ga foo, fa re ne re sa ntse re le kwa Canary Islands, ke ne ka senyegelwa ke mpa. Fa ba ne ba nkisa kwa kokelong, ke ne ka kopa Roberto gore a kope Freddy a nkadime buka e ke neng ke e bone kwa kamoreng ya gagwe. Ke ne ke batla go e bala fa ke ntse ke robetse kwa kokelong. Ke ne ke rata buka eo. Nngwe ya dilo tse ke neng ka di ithuta e ne e le gore Baebele ga e rute gore go na le dihele tse di tukang le gore Modimo ga a ise a ko a eletse go tlhokofatsa ope. (Jeremia 7:31) Go ne go nkgatlha go utlwa gore Baebele e ruta gore batho ba ba suleng ga ba utlwe sepe.—Moreri 9:5, 10.

Fa re boela kwa Dominican Republic, Freddy, o ne a romela Mosupi wa ga Jehofa gore a re etele. O ne a re bolelela ka tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, mme seno se ne sa kgatlha le monna wa me. (Pesalema 37:29; Luke 23:43) Re ne ra kopa go ithuta Baebele.

Ke Fetola Tsela e ke Lebang Dilo Tsa Botlhokwa ka Yone

Fa kitso ya me ya Baebele e ntse e oketsega, tsela e ke neng ke leba tiro e ke neng ke e rata thata ka yone, e ne ya simolola go fetoga. Melaometheo ya Baebele ya simolola go ama tsela e ke akanyang ka yone. (Baroma 12:2) Ke ne ke tle ke ipotse jaana: ‘Nka bina jang ka tsela eno ke lebilwe ke batho ba bantsi bano? Ga se se ke se batlang.’ Ke ne ka rapela Modimo jaana: “Nthuse gore ke tswe mo seemong seno.” Ke ne ka bolelela monna wa me kafa ke ikutlwang ka teng mme le ene o ne a ikutlwa jalo. O ne a re: “Moratiwa, nna pelotelele. A go tswe wena pele mme nna ke tla latela morago.”

Ke ne ka ima gape, mme e re ka ke ne ke sa tlhole ke kgona go bina thata, seno se ne sa mpha sebaka sa go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi. Dipokano tseno di ne tsa nnonotsha mme di ne tsa nonotsha le Roberto, yo le ene a neng a nna gone mo go tsone, mme di ne tsa dira gore re lemoge gore go molemo go le kana kang go kopanela le batho ba ga Jehofa. Re ne ra tlhaloganya gore fa re batla go gatela pele mo boammaaruring, re tlhoka taelo le kgothatso e e neelwang kwa dipokanong tsa Bokeresete. (Bahebera 10:24, 25) Tota le fa go ne go direga gore re bereke ka kwantle ga Dominican Republic, nna le Roberto re ne re tle re batle Holo ya Bogosi mme re bo re ya kwa dipokanong.

Fa ke sena go tshola ngwana, ke ne ka boela tirong mme ke ne ke sa tlhole ke e tlhoafaletse. Go ne ga bonala gore ke fetogile mme makwalodikgang a ne a simolola go nyatsa tsela e ke neng ke bina ka yone. Gantsi ba ne ba mpotsa jaana: “Ke eng o sa tlhole o bina jaaka pele?” Ke ne ke nna ke rapela Jehofa gore a nthuse mo seemong seno gore ke se ka ka lwa le bonkgonne. Ke ne ke setse ke le mongwe wa ba ba laolang setlhopha sa rona, mme ke ne ke sa batle go lwa le bone.

Fa ke sena go ima gape, ke ne ka bolelela Rafa, yo e neng ya nna ene a etelelang setlhopha pele fa nkgonne e bong Pepe a sena go tlhokafala, gore ke batla go ipha nako e e oketsegileng le bana mme nka se tlhole ke boela tirong. O ne a re ke dire se ke akanyang gore se ntshiametse. Ga go na ope wa bonkgonne yo o kileng a nkganetsa fa ke ithuta Baebele. Ke ba leboga thata ka ntlha ya seno.

Botshelo jo Bosha Jwa go Direla Jehofa

Ka 1993, morago ga dingwaga di le lesome ke le mo setlhopheng seno, ke ne ka tlogela tiro ya go bina mme ka ineela mo go Jehofa ka botlalo. Ke ne ka nna mmoledi wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mme fa Roberto a sena go tlogela setlhopha, re ne ra kolobediwa ka 1994. (Mathaio 24:14) Freddy le mogoloe Roberto e bong Julio, le bone ba ne ba nna Basupi, mme leloko le lengwe la setlhopha e bong Manuel Pérez le ene o ne a nna Mosupi. Ba sa ntse ba direla Jehofa ka boikanyegi le gompieno.

Batho ba le bantsi ba ne ba sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ke tlogetse mmino, ka gonne ke ne ke itumelela tiro ya me thata. Bangwe, jaaka motlhagise mongwe yo o itsegeng thata wa thulaganyo nngwe ya thelebishene wa naga ya gaetsho, ba ne ba akanya gore ke dirwa fela ke diphetogo dingwe tsa nakwana mo botshelong jwa me. O ne a re: “Fela jaaka baopedi ba bangwe, o tla itharabologelwa mme o tla boela mo setlhopheng gape.” Mme seo ga se ise se ko se direge. Ke ne ke ikemiseditse go dira sotlhe se nka se kgonang go direla Jehofa.

Gone jaanong re na le bana ba le bararo: Katty, Roberto, le Obed. Re leka go ba ruta gore dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong ke dilo tsa semoya e seng dikhumo. E re ka re itse ka dilo tseno, re kgona go ba tlhagisa malebana le kafa lefatshe le tsietsang ka teng le go ba naya kaelo e e siameng mo botshelong. Thuto ya rona ya Baebele ya beke le beke ya lelapa e re solegetse molemo thata, ka gonne e re thusitse go nna re le seoposengwe mo lefatsheng leno le mo go lone malapa a nnelang go kgaogana.

Re lekile go ruta bana ba rona gore ba lebe Jehofa jaaka motho wa mmatota yo ba ka mo ikanyang. (Diane 3:5, 6; Bahebera 11:27) Mme gape re ba bontshitse botlhokwa jwa go nna teng ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone. Go bona bana ba rona ba golela mo tseleng ya boammaaruri ke mpho e e di gaisang tsotlhe. Mo dingwageng tse pedi tse di fetileng, ke ne ke le mmulatsela yo o thusang, e leng leina le Basupi ba ga Jehofa ba le dirisang fa ba bua ka batho ba ba dirisang diura di le 50 le go feta kgwedi nngwe le nngwe ba bolelela ba bangwe ka dilo tse ba di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng. Mme e setse e le dingwaga di le mmalwa jaanong monna wa me e le mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete.

Ke sa ntse ke rata mmino wa merengue. Mme ka maswabi, bontsi jwa mmino o o tlwaelegileng gompieno o farologane thata le wa nako e e fetileng. E kile ya bo e le mmino o o siameng. Gone jaanong, fa re batla go utlwa mmino o o amogelesegang wa merengue re tshwanetse go o tlhopha ka kelotlhoko.

Go Direla Jehofa go Tla Pele

Go na le dilo tse dintsi tse lefatshe le ka re di nayang mme selo sa botlhokwa ke gore ke ka ntlha yang fa le re naya dilo tseno. Go ntse jalo le mo kgwebong ya mmino, fa o e lebile fela o tla bona e kete o a kgatlha e bile go bonala go se na dikotsi dipe. Le fa go ntse jalo, ga go a nna jalo. Batho ba le bantsi ba ba leng mo kgwebong ya tsa mmino ba dirisa diokobatsi e bile ba na le boitsholo jo bo sa siamang. Fa o tshameka mo dikonsarateng o tsalana le batho ba ba akanyang gore o tshwanetse go tshelela monate fela mme ga ba akanye ka ditlamorago tsa gone.—1 Bakorintha 15:33.

Re lemogile gore selo se se molemo go di gaisa tsotlhe ke go direla Jehofa. Ke gakologelwa nako nngwe fa ke ne ke boela kwa hoteleng morago ga konsarata e kgolo go di gaisa tsotlhe, mme ke ikutlwa ke sa kgotsofala. Gone jaanong ke lemoga gore ke ka go bo re ne re sa kgotsofatse selo sa botlhokwatlhokwa se re se tlhokang, e leng dilo tsa semoya.—Mathaio 5:3.

Gone jaanong re batla go itumedisa Mmopi wa rona, re dira jalo segolobogolo ka go rera le go ruta batho ka Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 24:14; Ditiro 20:35) Go dira jalo go dira gore lelapa la rona le itumele le go kgotsofala. Re itumela tota go bo re le mo gare ga batho ba Modimo mme re na le ditsala tsa mmatota—bakaulengwe le bokgaitsadi mo tumelong—tse jaaka rona di nang le tsholofelo e e itumedisang ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha la Modimo.—Mareko 10:29, 30; 2 Petere 3:13; Tshenolo 21:3, 4.

Kgwebo ya tsa boitlosobodutu e ne e re naya madi a mantsi. Mme go itse Modimo wa rona e bong Jehofa, go dirile gore re bone dikhumo tse di botlhokwa go di gaisa tsotlhe. Re itumela thata go bo re kgona go direla Modimo yo o nang le boikaelelo, Modimo yo o itumetseng yo o re kopang gore re mo ikanye! (Pesalema 37:3) Re tlhatswegile pelo tota gore re bone sengwe se se botoka thata go gaisa go tuma le go nna le dikhumo, mme re rapela Jehofa gore a re thuse gore rotlhe mo lelapeng la rona re dire go rata ga gagwe go ya go ile.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Merengue ke mofuta wa mmino o batho ba kgonang go o binela. Fa mmino ono o ne o simolola, setlhopha se sennye sa baopedi se ne se dirisa diletswa tsa kosetina, guiro le tambora (e leng moropa o o itewang kafa matlhakoreng a mabedi). Fa nako e ntse e tsamaya, o ne o tshamekwa ke ditlhopha tse di kgolwane (tse gape di itsegeng e le orquestas kwa Dominican Republic). Gone jaanong ditlhopha tse dintsi tse di tshamekang mmino wa merengue di dirisa keyboard, di-saxophone, diphala le meropa ya conga le diletswa tse dingwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le bangwe ba setlhopha sa rona fa ke ne ke sa ntse ke simolola go tshameka mo setlhopheng seno

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa re ne re na le konsarata kwa New York City, mo e ka nnang ka 1990

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Re le fa pele ga Holo ya Bogosi

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Setshwantsho se sennye: Ka nako ya thuto ya Baebele ya lelapa