A Basadi ba Tshwanetse go Fitlha Bontle Jwa Bone?
Kgopolo E e Mo Baebeleng
A Basadi ba Tshwanetse go Fitlha Bontle Jwa Bone?
GEORGE SIMONTON yo e leng motlhami yo o nang le maitemogelo wa difeshene e bile e le porofesa wa Setheo sa Difeshene sa New York o ne a re: “Basadi ba rata difeshene.” O tlhalosa jaana: “Basadi ba rata go bontsha botho jwa bone, go ipaakanya le go oketsa bontle jwa bone . . . Ke akanya gore go dira jalo go bontsha gore motho o a itlotla le gore o tlotla batho ba a tshelang le bone.” Ee, go ikgabisa ga e bolo go nna selo se se tsewang e le tsela e basadi ba supang bosadi jwa bone ka yone, go oketsa bontle jwa bone le gore ba nne le seriti.
Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya bodumedi, bangwe ba tsaya go ikgabisa ga basadi go sa siama. Tertullian o ne a kwala jaana mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E.: “Basadi ba ba boitshepo . . . fa . . . e le gore ba bantle ka tlhago, . . . ga ba a tshwanela go oketsa bontle jwa bone, mme ba tshwanetse go bo fitlha.” Malebana le ditlolo tsa go intlafatsa, o ne a tswelela ka go re: “Basadi ba leofela Modimo fa ba tshasa difatlhego tsa bone ditlolo, fa ba tshasa marama a bone ka setlolo sa teng kgotsa go dira gore dintshi tsa bone di nne ditelele.” Mme o ne a tlhalosa “dilo tse ba ikgabisang ka tsone” tsa gauta le selefera a re ke “dilo tse di hepisang.”
Gompieno, go na le batho ba le bantsi ba ba sa ntseng ba le kgatlhanong thata le go ikgabisa ga basadi. Madumedi mangwe a iletsa maloko a one go tsenya dibenyane, go itshasa ditlolo, kgotsa le e leng go apara diaparo tse di nang le mebala e e galolang. A mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go fitlha bontle jwa gagwe, kgotsa a o tshwanetse go leka go tokafatsa tsela e a lebegang ka yone?
Pono ya Modimo ka go Ikgabisa ga Basadi
Baebele ga e bue thata ka kgang ya go rwala dibenyane le go dirisa ditlolo
tsa go intlafatsa. Le fa go ntse jalo, go na le bosupi jo bo lekaneng jo bo bontshang gore Modimo ga a kgale ditsela tseno le tse dingwe tsa go ikgabisa.Ka sekai, fa Modimo a ne a tlhalosa tsela e a neng a segofaditse Jerusalema ka yone, o ne a bua ka motse oo e kete ke mosadi, a bolela jaana: “Ka go kgabisa ka mekgabisa . . . , mme wa gola wa nna montle thata thata.” (Esekiele 16:11-13) Mekgabisa e e ntseng jalo, le fa e le ya tshwantshetso, e ne e akaretsa maseka, dibaga le manyena. Ka tsela e e siameng, Dikwalo gape di bapisa mekgabisa ya gauta e motho a ka nnang le yone le “mokgalemi yo o botlhale” yo mafoko a gagwe a utlwiwang ke motho yo o ratang go reetsa. (Diane 25:1, 12) Ka jalo, go bonala sentle gore fa e le fano Dikwalo di bua molemo ka dilo tseno ka go dira dipapiso ka tsone, Modimo a ka se ka a bo a le kgatlhanong le gore basadi ba di dirise go ikgabisa.
Basadi ba Bakeresete ba a Ikgabisa
Ditemana dingwe tsa Baebele di bua ka tlhamalalo ka go ikgabisa ga basadi. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle.” Fa basadi ba dira seo ka “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo,” go tla supa gore ba tlotla Modimo. (1 Timotheo 2:9, 10) Fa basadi ba Bakeresete ba intlafatsa jalo ka tsela e e bori, seno se tla dira gore batho ba lebe dithuto tse Modimo a re rutang tsone le phuthego sentle.
Batho bangwe ga ba dumalane le seo mme ba re ditemana dingwe di bolela gore ga re a tshwanela go ikgabisa “ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.” A seno se raya gore basadi ga ba a tshwanela go baakanya meriri ya bone kgotsa go tsenya dibenyane?
Nnyaa, ga go reye jalo; Baebele ga e nyatse go ikgabisa. Ka jalo, go na le gore Paulo a iletse go dirisiwa ga mekgabisa mengwe, o ne a kgothaletsa basadi gore ba tlhome mogopolo wa bone thata mo go ikgabiseng ka dinonofo tsa Bokeresete le ka ditiro tse di molemo.
Go Botlhokwa go Akanyetsa Maitlhomo a Gone
Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A re se tlholeng re atlholana, mme go na le moo dirang seno tshwetso ya lona, gore lo se ka lwa baya sekgopi fa pele ga mokaulengwe kgotsa se se ka mo digang.” (Baroma 14:13) Seno se re ama jang malebana le dilo tse re tlhophang go ikgabisa ka tsone?
Sa ntlha, Paulo o re bolelela gore re se ka ra “atlholana.” Re tshwanetse go ithiba gore re se ka ra ‘beela mokaulengwe sekgopi.’ Ditlwaelo tsa se se amogelesegang di ka nna tsa farologana go ya ka naga kgotsa setso. Sengwe se se ka tsewang se amogelesega ka nako e e rileng le mo lefelong le le rileng se ka tsewa se sa tshwanele mo mafelong a mangwe. Ga re a tshwanela go kgopisa ba bangwe ka go ikgabisa ka dilo tse setso sa rona se di amanyang le mekgwa e e sa siamang. Basadi ba ba boifang Modimo ba tla bo ba dira sentle go ipotsa jaana: ‘Batho ba lefelo le ke leng mo go lone ba leba jang dilo tse ke ikgabisang ka tsone? A di tlhabisa maloko a phuthego ditlhong kgotsa di a ba akabatsa?’ Le fa tota mosadi wa Mokeresete a na le tshwanelo ya go apara le go ipaakanya ka tsela e e rileng, o tla ithontsha tshwanelo eo fa e le gore mokgwa o a ipaakanyang ka one o tla kgopisa ba bangwe.—1 Bakorintha 10:23, 24.
Gape, fa motho a amega thata ka tsela e a lebegang ka yone, seno se ka nna sa dira gore a nne le boikutlo jo bo sa siamang. Gompieno mo dinageng di le dintsi, basadi bangwe ba ikgabisa ka tsela e e sa siamang go ngoka batho ka tsela e e sa tshwanelang. Le fa go ntse jalo, basadi ba Bakeresete ba tila go ikgabisa ka tsela e e ntseng jalo e e sa tshwanelang, mme ba leka gore ba itekanele sentle mo mogopolong le go itsheka mo go sengwe le sengwe se ba se dirang “gore lefoko la Modimo le se ka la buiwa ka go kgojwa.”—Tito 2:4, 5.
Basadi ba ba boifang Modimo ba tlhaloganya gore le fa ba ka ikgabisa jang, bontle jwa bone jwa mmatota ke jwa “motho wa sephiri wa pelo” mme ba bontsha seo ka boikutlo jwa bone le ka boitshwaro jwa bone. (1 Petere 3:3, 4) Mosadi yo o dirang ditshwetso tse di siameng malebana le kafa a aparang ka teng, tsela e a dirisang ditlolo tsa go intlafatsa le dibenyane ka yone, o tla dira gore a tlotliwe ke ba bangwe mme gape o tla bo a tlotla Mmopi wa gagwe.