Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Neela Bosupi job Bo Molemo Kwa Sekolong

Go Neela Bosupi job Bo Molemo Kwa Sekolong

Go Neela Bosupi jo Bo Molemo Kwa Sekolong

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Mexico

FA Daniel, mosha mongwe wa dingwaga di le 17 a ne a simolola ngwaga o mosha wa sekolo, o ne a ikemiseditse go dira gore bana ba a tsenang le bone mo tlelaseng ba itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa. O ne a nna le tshono ya go dira jalo fa morutabana wa bone wa Seesemane a ne a kopa tlelase gore e ye go botsolotsa motho mongwe yo o neng a tswa kwa nageng e sele yo puo ya gaabo e leng Seesemane. Go dira tiro eno, ba ne ba tshwanetse go ya kwa mafelong a a etelwang thata kwa Mexico City, ba botsolotse motho yoo, ba mo theipe mme ba bo ba tla le tshedimosetso eo mo tlelaseng.

Daniel o ne a swetsa ka gore a botsolotse morongwa mongwe yo o buang Seesemane yo o berekang kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Mexico mme a tla a tsaya bidio ka Seesemane e e bontshang dikago tsa ntlokgolo. Mo godimo ga moo, o ne a dira dipontsho tse di kgabisitsweng bontle tse mo go tsone a neng a bontsha batho diboroutšhara tse di farologaneng tsa dipuo tsa naga eo tse di gatisitsweng kwa Mexico mmogo le dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka dipuo tse dingwe tse di farologaneng. Morago ga foo, Daniel o ne a kopa morutabana yo o ba rutang Seesemane tetla ya gore a bontshe tlelase bidio le pontsho eo.

Bana ba tlelase ya gagwe le morutabana ba ne ba gakgamaletse go bona tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang kwa Mexico. Bareetsi ba ga Daniel ba ne ba kgatlhwa thata ke maiteko a Basupi ba a dirang gore ba fitlhelele batho ba ba tlholegileng kwa Mexico ka molaetsa wa bone.

Morago ga gore Daniel a neele puo ya metsotso e le 25, e a neng a amogela maduo a a gaisang a botlhe mo go yone, o ne a tsamaisetsa botlhe dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse di Nnang le Tharabololo. Bontsi jwa bone bo ne jwa amogela dikgatiso tseno mme seno se ile sa dira gore a kgone go tswelela pele a buisana le ba bangwe ka Baebele. Daniel o bolela jaana: “Ke leboga Jehofa go bo ke kgonne go tlotlomatsa leina la gagwe ka tiro e e motlhofo fela ya sekolo e ke neng ke e abetswe.”