Go Nwa Bojalwa Go Feta Selekanyo—Go Tlisetsa Batho Matlhotlhapelo
Go Nwa Bojalwa Go Feta Selekanyo—Go Tlisetsa Batho Matlhotlhapelo
GO NWA bojalwa go na le dikarolo tse pedi tse di sa tshwaneng: go ka dira gore motho a itumele, e bile go ka dira gore a hutsafale. Baebele ya re go nwa bojalwa ka tsela e e lekaneng sentle fela go ka ipedisa pelo ya motho. (Pesalema 104:15) Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa gape gore go nwa bojalwa go feta selekanyo go ka gobatsa motho e bile go ka mmolaya, fela jaaka a ka bolawa ke go longwa ke noga e e botlhole. (Diane 23:31, 32) Mma re sekaseke ka kelotlhoko ditlamorago tse di sa siamang tsa go nwa bojalwa go feta selekanyo.
Lekwalodikgang la Le Monde le ne la bega jaana: “Ka Matlhatso, mokgweetsi mongwe yo o tlhapetsweng o ne a thula mmè wa dingwaga di le 25 le morwawe wa dingwaga di le pedi ka koloi. . . . Mmè yono yo o sa ntseng a le mosha, yo o neng a na le dikgwedi di le thataro a imile, o ne a tlhokafala ka Sontaga. Boemo jwa morwawe yo o duleng dikgobalo mo tlhogong ga bo jese di welang.” Se se utlwisang botlhoko ke gore dipego tse di ntseng jaana di tlwaelegile fela thata gompieno. Gongwe o itse mongwe yo o ileng a tlhagelwa ke kotsi ya tsela ka ntlha ya go nwa bojalwa go feta selekanyo. Ngwaga le ngwaga, batho ba le diketekete ba a swa kgotsa ba a gobala mo dikotsing tsa tsela tse di bakwang ke go nwa bojalwa.
Bojalwa bo Bolaya Batho ba le Bantsi
Mo lefatsheng lotlhe, batho ba ba seng kana ka sepe ba a swa ka ntlha ya go nwa bojalwa go feta selekanyo. Go ya ka pego e e ntshitsweng ke Lephata la Boitekanelo la kwa Fora, mo nageng eno, bojalwa ke selo sa boraro se se bakang dintsho tse dintsi, se se fetwang fela ke bolwetse jwa kankere le jwa pelo mme bo bolaya batho ba ka nna 50 000. Palo eno e lekana le ya batho ba ba bolawang ke difofane tse pedi go ya go tse tharo tse dikgolo tse di wang ka bone beke nngwe le nngwe.
Palo e ntsi go di feta ya batho ba ba bolawang ke bojalwa ke ya basha. Go ya ka pego ya World Health Organization e e gatisitsweng ka 2001, bojalwa ke jone bo di gogang kwa pele mo go bolayeng batho ba banna ba kwa Yuropa ba ba nang le dingwaga di le 15 go ya go di le 29. Go bolelelwa pele gore go ise go ye kae, kwa dinageng dingwe tsa Yuropa Botlhaba, lekawana le le 1 mo go mangwe le mangwe a le 3 le tlile go bolawa ke go nwa bojalwa go feta selekanyo.
Bothubaki le go Tlhaselwa ka Tsa Tlhakanelodikobo
Bojalwa bo dira gore batho ba dire ditiro tsa bothubaki. Bojalwa bo ka dira gore motho a se ka a kgona go itshwara, bo ka mo tsenya bopelokgale jwa go dira dilo tse ka tlholego fela a neng a ka se ka a di dira, e bile bo ka dira gore a dire ditshwetso tse di sa siamang ka se ba bangwe ba se dirang a bo a feleletsa a ba lwantsha.
Bojalwa ke jone selo sa konokono se se tsosang dintwa mo lelapeng le go dira gore batho ba bangwe ba tlhaselwe ka tsa tlhakanelodikobo. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa mo magolegweng mangwe kwa Fora e ne ya bontsha gore peditharong ya dipetelelo mo nageng eo di bakilwe ke bojalwa mme jwa baka le go tlhaselwa ga ba bangwe ka tsa tlhakanelodikobo. Go ya ka makasine wa Polityka, dipatlisiso dingwe di bontsha gore kwa Poland, diperesente di le 75 tsa basadi ba banna ba bone e leng makgoba a bojalwa ba ile ba itewa ke banna ba bone. Babatlisisi bangwe ba fopholetsa gore “mo gare ga batho ba dingwaga tsotlhe ba ba nwang bojalwa, go ka direga ka makgetlo a a menaganeng gabedi gore motho yo o nwang a bolaye yo mongwe, le gore [tota le] batho ba ba sa nweng ba ba nnang le motho yo o nwang, ba mo kotsing ya go ka bolawa ke yo o nwang.”—American Medical Association, Council on Scientific Affairs.
Bojalwa bo ja Setšhaba Madi a le Mantsi
Fa go balwa ditshenyegelo tsa kalafi le tsa inshorense le tsa go wela tlase ga tiro ya dikhampani dingwe ka ntlha ya dikotsi tsa tsela, go lwala kgotsa go swa pele ga nako, go fitlhelwa gore ditshenyelo tseo di kwa godimo ka selekanyo se se tshosang. Dipego di bontsha gore go nwa bojalwa go feta selekanyo go jela batho ba le dimilione di le nnè ba kwa Ireland diranta di ka nna dimilione di le dikete tse thataro ka ngwaga. Motswedi mongwe wa tshedimosetso o o nopotsweng mo makasineng wa The Irish Times o tlhalosa gore madi ano a lekana le a a ka dirisiwang “go aga bookelo jo bosha, setadiamo se sesha sa metshameko le go rekela Tona nngwe le nngwe ya puso sefofane se segolo ngwaga le ngwaga.” Ka 1998, Mainichi Daily News e ne ya bega gore go nwa bojalwa go feta selekanyo kwa Japane go ne go ama ikonomi ya teng mme go e jela madi a a kana ka “diranta di feta dimilione di le dikete di le 3,5 [diyene di le dimilione di le 6 di menagane ga milione] ka ngwaga.” Pego e e neng e ya kwa Konkereseng ya United States e ne ya bolela jaana: “Ka 1998 fela, go fopholediwa gore go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng go ne ga jela naga madi a a kana ka didolara di le dimilione di le dikete tse 184,6 [diranta di le dimilione di le dimilione di le 1,1] kgotsa go ne ga jela monna, mosadi le ngwana mongwe le mongwe yo o neng a nna kwa United States mo ngwageng oo madi a ka nna didolara di le 638 [diranta di le 3 993].” Mme seno se ama jang mo tlhaloganyong malapa a a thubegileng kgotsa a go nang le mongwe mo go one yo o suleng ka ntlha ya bojalwa kgotsa yo o sa kgoneng go tswelela pele ka dithuto tsa gagwe kgotsa ka mekgele e a ipeetseng yone?
Go motlhofo go lemoga ditlamorago tse di sa siamang tse batho mo setšhabeng ba nnang le tsone ka ntlha ya go nwa bojalwa go feta selekanyo. A mokgwa o o nwang ka one o tsenya botsogo jwa gago le jwa ba bangwe mo kotsing? Potso eno e tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.