Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlogela go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo

Go Tlogela go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo

Go Tlogela go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo

“Rre e ne e le lekgoba la bojalwa mme ke ne ka tshwana le ene. Ke ne ke setse ke nwa fa ke le dingwaga di le 12. Ka nako ya fa ke nyala, ke ne ke tlhapelwa letsatsi le letsatsi. Ke ne ke rata ntwa; mapodise a ne a tlhola a tla gantsi a tla go namola lelapa la me. Ke ne ka simolola go lwala thata. Bojalwa bo ne jwa dira gore ke nne le bothata jwa go dutla madi mo maleng, mme bo ne jwa batla bo mpolaya. Morago ga moo ke ne ka baboga sebete le go nna le bothata jwa go tlhaela madi mo mmeleng. Ke ne ka nna leloko la setlhopha sa batho ba ba buisanang ka bothata jono ka maiteko a go tlogela bojalwa, mme ga se ka ga thusa sepe. Ke ne ke ikutlwa e kete ke tshwerwe ke bobi jwa segokgo mme ke sa kgone go ikgolola.”—VÍCTOR, * ARGENTINA.

GANTSI batho ba ba fetogileng makgoba a bojalwa ba tla go bolelela dipego tse di tshwanang le eno. Fela jaaka Víctor, ba ikutlwa ba sa kgone go bo tlogela gotlhelele. A motho a ka kgona go fenya mathata a a nang le one ka ntlha ya go nwa bojalwa kgotsa le e leng go a tila? Fa e le gore go ntse jalo, a ka kgona jang?

Go Lemoga Gore O na Le Bothata

Sa ntlha, go botlhokwa fela thata gore motho yo o nwang bojalwa le ba a atamalaneng thata le bone ba dumele gore o na le bothata jwa go nwa. Go nna lekgoba la bojalwa ke letshwao fela le le bontshang gore motho o na le bothata. Ke bothata jo bo sa leng bo simolola ka nako ya fa a ne a sa ntse a nwa ka tekano. Se se gakgamatsang ke gore bontsi jwa dikotsi tsa tsela, bothubaki le mathata a a bakwang ke bojalwa mo setšhabeng, ga se mathata a a bakwang ke batho ba e leng makgoba a jone. Ela tlhoko gore World Health Organization (WHO) ya reng: “Tsela e e botoka ya go fokotsa mathata otlhe a a bakwang ke bojalwa mo setšhabeng ke go tlhoma mogopolo mo go thuseng batho ba ba nwang ka selekanyo gore ba fokotse go nwa, e seng mo go thuseng ba ba nwang thata.” A selekanyo se o nwang ka sone se feta se se akantshiwang ke ba tsa kalafi? A wa nwa ka dinako tsa fa o tshwanetse wa bo o tlhapogetswe sentle mo tlhaloganyong e bile o tshwanetse go tsaya kgato ka bonako? A go nwa ga gago go bakela ba lelapa la gago le ba o berekang le bone mathata? Go dumela gore selekanyo se o nwang ka sone se ka nna kotsi le go se fokotsa ka tsela e e tshwanetseng ruri “ke tsela e e molemo go di gaisa tsotlhe” ya go dira gore o se ka wa tlelwa ke mathata a a masisi moragonyana. Fa motho a setse a fetogile lekgoba la bojalwa, ga go motlhofo go fetoga.

Batho ba ba nwang bojalwa go feta selekanyo gantsi ba a ganela gore ba nwa thata. Ba re, “Ke nwa sentle jaaka mongwe le mongwe” kgotsa ba re “Nka kgona go tlogela bojalwa fa ke batla.” Konstantin wa kwa Russia a re: “Le fa ke ne ke batlile ke bolawa ke bojalwa, ga ke ise ke ko ke itseye ke le lekgoba la jone, ka jalo ga ke a ka ka leka go kgaogana le jone.” Marek wa kwa Poland ene o gakologelwa jaana: “Ke lekile gantsintsi go kgaogana le jone, mme bothata ke gore tota ke ne ke sa itseye ke le lekgoba la jone. Ke ne ke sa tseye mathata a a neng a bakiwa ke go nwa a le masisi go le kalo.”

Motho a ka thusiwa jang go lemoga gore o na le bothata jwa go nwa le go dira sengwe ka gone? Sa ntlha, o tshwanetse go lemoga gore mathata a a nang le one a bakwa ke go nwa go feta selekanyo le gore go tlogela bojalwa go tla tokafatsa botshelo jwa gagwe. Jaaka fa go tlhalosiwa mo pegong ya La Revue du Praticien—Médecine Générale, ga a a tshwanela go re “Ke a nwa ka gonne mosadi wa me o ntlogetse e bile ke latlhegetswe ke tiro,” mme o tshwanetse go re “mosadi wa me o ntlogetse e bile ke latlhegetswe ke tiro ka gonne ke nwa.”

Fa o batla go thusa lekgoba la bojalwa gore le akanye ka tsela eno, o ka nna wa batla go dirisa dikakantsho tseno tse di latelang: Mo reetse ka kelotlhoko, mmotse dipotso tse di fatang maikutlo gore a ntshe se se mo mafatlheng a gagwe a phuthologile, bua le ene ka tsela e e mmontshang gore o mo utlwela botlhoko le gore o a tlhaloganya, mo akgole le fa a dirile kgatelopele e e sa reng sepe, o se ka wa mo tshwaya diphoso kgotsa go nna le boikutlo jo bo tla dirang gore a se ka a ntsha se se mo mafatlheng a gagwe le go batla thuso. Se sengwe gape se se ka thusang, ke go mo kopa gore a kwale manaane a mabedi, le lengwe e nne la setlhogo se se reng Ke tla boelwa ke eng fa ke tswelela ke nwa? mme le lengwe lone e nne la setlhogo se se reng Go tla direga eng fa ke tlogela go nwa?

Go Batla Thuso

Fa motho a simolola go nwa go feta selekanyo, ga se gore o a bo a se na mosola ope kgotsa gore ga a ka ke a fetoga. Bangwe ba a kgona go tlogela go nwa ka bobone fela. Le fa go ntse jalo, gantsi batho ba ba fetogileng makgoba a bojalwa ba ka tswa ba tlhoka go thusiwa ke mongwe yo o nang le bokgoni jwa go thusa batho ba ba nang le bothata jono. * Bangwe ga go tlhokege gore ba robadiwe kwa bookelong, mme fa go tlogela bojalwa go ba lwatsa thata, go ka tlhokega gore ba robadiwe teng. Fa ba sena go nna botoka—morago ga malatsi a le mabedi kgotsa a le mararo—ba ka nna ba newa molemo o o dirang gore ba se ka ba tlhola ba eletsa bojalwa le gore ba tlogele go bo nwa.

Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore mekgwa ya go ntsha bojalwa mo mading e a atlega ka dinako tsotlhe. Kalafi ya teng ke selo sa nakwana fela, ga e fedise bothata gotlhelele. Alain wa kwa Fora, o ne a newa kalafi ya go ntsha bojalwa mo mading ka makgetlo a le mmalwa. O bolela jaana: “E ne ya re fela fa ke sena go tswa mo bookelong, ka simolola go nwa gape ka gonne ke ne ke fetsa nako ke na le batho ba ba nwang. Bothata jo bogolo ke gore ke ne ke se na lebaka le le utlwalang la go tlogela go nwa.”

Go Tshwarega ka Sengwe

Ee, ba le bantsi ba palelwa ke go tlogela bojalwa ka gonne fa ba sa bo nwe ba ikutlwa ba le lolea, fela jaaka fa motho a tlogelwa ke tsala e a ntshanang se inong nayo. Vasiliy wa kwa Russia o bolela jaana: “Ke ne ke nna fela ke akantse ka go nwa. Letsatsi le ne le se na mosola ope mo go nna fa le phirima fela ke sa nwa.” Fa motho e le lekgoba la bojalwa, go kgotsofatsa keletso eo ya go nwa go botlhokwa thata mo go ene go feta ditiro tse dingwe tsotlhe tse a neng a ka di dira. Jerzy wa kwa Poland o gakologelwa jaana: “Ke ne ke tshelela go nwa le go batla madi a go reka bojalwa.” Go bonala go le botlhokwa gore motho yo o lekang go kgaogana le bojalwa a batle sengwe se se botlhokwa mo botshelong se a ka se dirang gore a tle a kgone go nna a sa nwe.

Buka nngwe e e gatisitsweng ke World Health Organization e e thusang batho ba ba lekang go fetola mokgwa wa bone wa go nwa e buelela thata go dira ditiro dingwe tse di botlhokwa tse di tla thusang motho gore a se ka a boela gape mo bojalweng. Sekai sa kakantsho nngwe e e ntshitsweng mo go yone ke go nna le seabe mo ditirong tsa bodumedi.

Go tshwarega ka ditiro tsa bodumedi go ka thusa motho gore a fenye keletso ya go nwa. Ka sekai, fa Alain a sena go tshwarwa lekgetlo la boraro ka ntlha ya bojalwa, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O bolela jaana: “Go ithuta Baebele go ile ga nthusa gore ke nne le sengwe se ke se tshelelang le gore ke se ka ka ineela go fenngwa ke keletso ya bojalwa. Boikaelelo jwa me e ne e se fela go tlogela go nwa mme gape e ne e le go itumedisa Jehofa.”

Fa go Ka Direga Gore o Wele Gape mo Bothateng Jono

Batho ba ba gakololang batho ba ba nwang bojalwa go feta selekanyo ba tlhalosa gore go botlhokwa go thusa le go kgothatsa batho bano ba ba lekang go tlogela bojalwa. Ba le bantsi ba bone ba thubegetswe ke malapa le go latlhegelwa ke ditsala ka ntlha ya go nwa bobe. Go iphitlhela ba le bosi fela go ka nna ga dira gore ba tshwenyege thata mo maikutlong e bile ba ka nna ba ipolaya. Buka e e umakilweng fa godimo e naya batho ba ba thusang ba ba nang le bothata jwa go nwa kgakololo eno e e latelang: “Leka gore o se ka wa nyatsa motho yo o mo thusang, tota le fa o ka kgopisiwa ke boitshwaro jwa gagwe. Gakologelwa gore ga go motlhofo gore motho a fetole mekgwa ya gagwe. Go na le malatsi a a tlileng go atlega ka one le a a tlileng go palelwa ka one. Se se tlhokwang mo go wena ke go mo kgothatsa le gore o mo thuse gore fa a nwa, a nwe ka selekanyo se se seng kotsi kgotsa gore a se ka a nwa gotlhelele.”

Hilario, yo o feditseng dingwaga di le 30 a nwa, o bolela jaana: “Ke ne ka thusiwa thata ke lorato le tlhokomelo ya ditsala mo phuthegong ya lefelo la gaetsho ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ile ka boela gantsintsi mo bojalweng, mme ba ne ba nkeme nokeng ka metlha ba nkgothatsa le go nnaya kgakololo e e tswang mo Baebeleng e ke neng ke e tlhoka ka nako eo.”

Fa o go fitlhela go le thata go kgaogana le bojalwa, gakologelwa gore go ka direga gore o boe o nwe gape, mme o se ka wa lebala gore seo ke se gantsi se diregang fa motho a leka go bo tlogela. O se ka wa latlhela seditse! Sekaseka go bona gore ke eng se se dirileng gore o boele gape mo bojalweng, mme o se ka wa letla seo go go busetsa gape mo go jone. Leka go bona gore tota ke maemo afe a a dirang gore o tsogelwe ke keletso ya go nwa bojalwa. A ke go nna fela o sa dire sepe, go tshwenyega thata mo maikutlong, go jewa ke bodutu, go ngangisana le ba bangwe, go ngomoga pelo kgotsa ditiragalo dingwe tse batho ba nwang mo go tsone kgotsa mafelo mangwe a go nowang mo go one? Fa e le gore ke tsone, he kgaogana le tsone! Jerzy, yo go neng ga mo tsaya dingwaga di le pedi gore a kgone go kgaogana le bojalwa gotlhelele o tlhalosa jaana: “Ke ile ka ithuta go tlhaloganya le go lemoga maikutlo a a neng a ka dira gore ke nwe. Gone jaanong ke tila maemo le fa e ka nna afe a a ka dirang gore ke eletse bojalwa. Ke tsamaela kgakala le mafelo a batho ba nwang bojalwa mo go one. Ga ke je sepe se se tsentsweng bojalwa, e bile ga ke dirise ditlolo dipe kgotsa melemo epe e e tsentsweng bojalwa. Gape ga ke lebe dipapatso dipe tsa bojalwa.” Ba le bantsi ba ile ba fitlhela gore go rapela Modimo gore a ba neye “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go ile ga ba thusa fela thata gore ba fenye keletso ya go nwa.—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:6, 7.

Kgololesego!

Le fa gone bothata jwa go kgaogana le bojalwa bo ka nna jwa tsaya lobaka lo loleele, go a kgonega gore motho a tswe mo bokgobeng jwa go bo nwa. Batho botlhe ba go builweng ka bone mo setlhogong seno ba ile ba kgona go dira jalo. Ba itumelela botsogo jo bo siameng e bile maemo a ba tsamaela sentle mo lelapeng le kwa tirong. Alain o bolela jaana, “Jaanong ke gololesegile mo bojalweng.” Konstantin ene o bolela jaana: “Go itse Jehofa go sireleditse lelapa la me. Jaanong ke kgona go bona se ke se tshelelang. Boitumelo jwa me ga bo a ikaega ka bojalwa.” Víctor o akgela jaana: “Ke ikutlwa ke gololesegile. Ke boile gape ke na le seriti e bile ke itse kafa ke tshwanetseng go itshwara ka gone.”

Le fa motho a ka tswa a le mo boemong jwa go ka dira kotsi ka ntlha ya go nwa, a na le mathata mangwe ka ntlha ya go nwa bojalwa go feta selekanyo kgotsa a fetogile lekgoba la bojalwa, a ka kgona go fetoga. Fa e le gore go nwa bojalwa go go tlisetsa mathata, o se ka wa diega go dira diphetogo tse di tlhokegang. Go dira jalo go ka go solegela molemo wena le ba o ba ratang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 10 Go na le ditheo di le dintsi, maokelo le dithulaganyo tse di thusang batho go tlogela bojalwa. Basupi ba ga Jehofa ga ba buelele mokgwa ope wa kalafi fano. Motho o tshwanetse go ikela tlhoko gore a se ka a nna le seabe mo ditirong tse di tla dirang gore a tlole melaometheo ya Dikwalo. E bile motho mongwe le mongwe ke ene yo kwa bofelong a tla itirelang tshwetso ya gore o batla kalafi efe.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Kgato ya ntlha ke go dumela gore o na le bothata

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Ba le bantsi ba tlhoka go thusiwa ke batho ba ba ithutetseng go thusa batho ka bothata jono

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Thapelo e ka go thusa

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

O ka bona nonofo ya go tlogela bojalwa!