Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng se se Bakang Bothata Jwa Tlhaelo ya Matlo?

Ke Eng se se Bakang Bothata Jwa Tlhaelo ya Matlo?

Ke Eng se se Bakang Bothata Jwa Tlhaelo ya Matlo?

KAFA ntle fela ga toropo nngwe e kgolo ya Afrika, Josephine wa dingwaga tse 36 o nna le bana ba gagwe ba bararo ba basimane, ba go tloga ka dingwaga di le 6 go ya go di le 11. O itshedisa ka go sela dilo tse di dirilweng ka polasetiki a bo a ya go di rekisetsa khampani e e fa gaufi e e di dirang sesha. Tiro eno e e bokete e mo direla fela madi a a kwa tlase ga diranta tse 12 ka letsatsi. Mo toropong eno, madi ano a tlhaelela kgakala tota gore a ka tlamela lelapa la gagwe ka dijo kgotsa go tsenya bana ba gagwe sekolo.

Fa letsatsi le phirima, o boela kwa lefelong le a le tsayang e le legae la gagwe. Dipota tsa ntlo ya gagwe di agilwe ka ditena tsa mmu le seretse sa letsopa se se momagantsweng ka dithupana tse di tshesane. Go ruletswe ka disenkenyana tse di rusitseng tse di sa bofiwang, dithini le dipolasetiki. Go pegilwe maje, dikgong le ditshipi tse di onetseng mo godimo ga marulelo go a tshegetsa gore a se ka a rutlololwa ke diphefo tse di maatla. Fa e ka bong e le setswalo le fensetere teng go beilwe fela dikgetsi tse di gagogileng, tse di sa thuseng sepe fa maemo a bosa a se mantle kgotsa fa ba ka tsenelelwa ke batho.

Mme le yone ntlo eno ya maemo a a kwa tlase jaana, e ka nna ya latlhegela Josephine nako nngwe le nngwe. Ene le bana ba gagwe ba nna ba tshwere dipelo ka letsogo gore ba se ka ba ntshiwa mo go yone. Lefelo le ba agileng ntlo eno ya bone ya maemo a a kwa tlase mo go lone le tshwanetse la dirisediwa go oketsa tsela e e fa gaufi. Se se utlwisang botlhoko ke gore maemo a a tshwanang le ano a fitlhelwa mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng lotlhe.

Legae le le Kotsi

Robin Shell, yo e leng modiredimogolo wa setheo sa boditšhabatšhaba se se thusang mo kagong ya matlo o bolela gore “bana ba tlhabisiwa ditlhong ke matlo ano a maemo a a kwa tlase a bahumanegi, . . . ba lelapa ba lwaletse ruri, e bile . . . ba nna fela ba tshwere pelo ka letsogo gore go ka nna ga tla modiredipuso kgotsa mong wa lefelo le ba nnang mo go lone a bo a ripitla [legae la bone].”

Go tshela mo maemong a a ntseng jalo go dira gore batsadi ba nne ba tshwenyegile ka metlha ka botsogo le tshireletsego ya bana ba bone. Go na le gore ba berekele go tokafatsa seemo sa bone, gantsi o fitlhela ba fetsa nako e ntsi ba bereka ka natla gore ba kgone go tlamela bana ba bone ka dilo tsa konokono tse ba di tlhokang, tse di jaaka dijo, boitapoloso le bonno.

Fa motho yo o seng mo maemong a batho bano a ntse a ba lebeletse, a ka nna a swetsa ka gore bahumanegi ba ka kgona go siamisa boemo jwa bone fa ba ka leka thata go itsosa. Mme gone go raya batho fela o re ba tsenye marapo dinameng ga se yone tharabololo. Go na le mabaka a magolo a a bakang bothata jwa matlo a go se nang motho ope yo o ka kgonang go a laola. Babatlisisi ba bolela gore bothata jono bo bakwa ke go ntsifala ga batho, go fudugela ga batho ba bantsi kwa ditoropong, masetlapelo a tlholego, dikgotlhang tsa sepolotiki le lehuma le le ntseng le etegela. Mabaka ano a matlhano ke one a bakelang bahumanegi mathata a magolo mo lefatsheng e bile a ba ketefaletsa botshelo le go feta.

Mathata a a Bakwang ke go Ntsifala ga Batho

Gantsi go fopholediwa gore mo lefatsheng batho ba bangwe gape ba le dimilione di le 68 go ya go di le 80 ba tshwanetse ba agelwa matlo ngwaga le ngwaga. Go ya ka United Nations Population Fund, palo ya batho botlhe mo lefatsheng e ile ya feta dibilione di le 6,1 ka 2001, mme go lebeletswe gore e fitlhe go dibilione tse di fa gare ga 7,9 le 10,9 ka ngwaga wa 2050. Se se tshosang le go feta ka kgang eno ke gore mo dingwageng di le masomeamabedi tse di tlang diperesente di le 98 tsa koketsego eno ya batho e tla bo e le tsa batho ba ba mo dinageng tse di tlhabologang. Dipalo tseno tse di fopholediwang tsa go oketsega ga batho di bontsha gore go tla nna le bothata jo bo boitshegang jwa tlhaelo ya matlo. Le fa go ntse jalo, bothata jono bo nnela maswe go ya pele ka ntlha ya gore mafelo mangwe a a golang ka bonako mo dinageng di le dintsi ke a ditoropo tse di setseng di na le batho ba le bantsi thata.

Bothata Jo bo Sa Feleng Jwa go Fudugela ga Batho ba Bantsi mo Ditoropong

Ditoropo tse dikgolo—tse di jaaka New York, London le Tokyo—gantsi di tsewa e le mafelo a a botlhokwa thata mo go goleng ga ikonomi ya naga. Ka ntlha ya seno, diketekete tsa batho ba ba nnang kwa magaeng ba ologela ngwaga le ngwaga mo ‘mafulong a matalana a a mo ditoropong,’ go tla go tsena dikolo le go batla tiro.

Ka sekai, ikonomi ya kwa China e gola ka lobelo lo logolo. Ka ntlha ya seo, pego nngwe e fopholetsa gore mo masomeng a le mmalwa a dingwaga a a tlang, go tla bo go tlhokega matlo a a fetang dimilione di le 200 mo ditoropong fela. Palo eno e batla e menagane gabedi fa o e bapisa le matlo a a leng teng kwa United States gone jaanong. Ke thulaganyo efe ya go agiwa ga matlo e e ka kgonang go aga matlo ano otlhe a a tlhokegang?

Go ya ka World Bank, “ngwaga le ngwaga, mo e ka nnang dimilione di le 12 go ya go 15 tsa batho ba ba tlhokang matlo a palo yone eo ba tla mo ditoropong tsa dinaga tse di tlhabologang.” E re ka batho bano ba ba humanegileng ba ba mo ditoropong ba sa kgone go nna le matlo, gantsi ba batla fa ba ka nnang teng mo mafelong a go se nang ope yo o batlang go nna mo go one.

Masetlapelo a Tlholego Le a A Bakwang ke Dipolotiki

Khumanego e dirile gore batho ba le bantsi ba nne mo mafelong a gantsi a tlhaselwang ke merwalela, go gosomana ga mmu le dithoromo tsa lefatshe. Ka sekai, go fopholediwa gore kwa Caracas, Venezuela, batho ba ba fetang halofo ya milione “ba nna mo mekhukhung e e agilweng mo mafelong a a mokgokolosa a nako le nako a gosomanang.” Gakologelwa gape ka kotsi e e neng ya direga kwa madirelong mangwe kwa Bhopal, kwa India ka 1984, koo go ileng ga swa batho ba feta 2 500 ga bo ga gobala ba bangwe ba le bantsi. Ke ka ntlha yang fa go ile ga nna le palo e e kwa godimo jaana ya batho ba ba suleng le ba ba gobetseng mo kotsing eo? Lebaka la konokono ke gore mekhukhu e e neng e le fa gaufi e ne e aname ya ba ya fitlha sekgala sa dimetara di le 5 gaufi le madirelo ano.

Masetlapelo a a bakwang ke dipolotiki, a a jaaka dintwa tsa selegae le one a oketsa bothata jwa matlo. Pego nngwe e e neng ya ntshiwa ka 2002 ke setlhopha sengwe sa ditshwanelo tsa batho e ile ya bontsha gore fa gare ga 1984 le 1999 batho ba le dimilione di le 1,5, ba bontsi jwa bone ba neng ba nna kwa magaeng, ba ka tswa ba ile ba patelesega go tlogela matlo a bone kwa borwabotlhaba jwa Turkey ka nako ya ntwa ya selegae. Ba le bantsi mo go bone ba ne ba tshwanelwa ke go ipatlela lefelo lepe fela le ba ka nnang mo go lone, mme gantsi ba ne ba kgotlhagana le bamasika a bone le baagelani mo matlong a nakwana fela, matlo a a hiriwang, dikago tsa dipolase kgotsa mo dikagong tse di sa ntseng di agiwa. Go bolelwa gore malapa mangwe a ne a nna mo setaleng sa dipitse, mme go ne go nna batho ba le 13 kgotsa go feta mo kamoreng e le nngwe, botlhe ba kopanela ntlwana ya boithomelo le pompo e le nngwe fela ya metsi e e mo lolwapeng. Mongwe wa batshabi bano o ne a re: “Re batla go tlogela go tshela ka tsela eno. Re nna mo lefelong le le agetsweng diphologolo.”

Maemo A a Sa Gateleng Pele a Ikonomi

Ruri seemo sa itsholelo sa batho ba ba humanegileng se amana thata le bothata jono jo bogolo jwa matlo. Go ya ka pego ya World Bank e go builweng ka yone pelenyana, go ile ga bolelwa gore ka 1988 fela batho ba le dimilione di le 330 ba ba nnang mo ditoropong tse di mo dinageng tse di tlhabologang ba ne ba humanegile, e leng seemo se go neng go sa lebelelwa gore se fetoge go le kalo mo dingwageng tse di latelang. Fa batho ba humanegile thata mo ba sa kgoneng le go ithekela dilo tsa konokono tse ba di tlhokang tse di jaaka dijo le diaparo, ba ka kgona jang go nna le madi a go hira kgotsa a go aga ntlo e e siameng?

Selekanyo se se kwa godimo sa merokotso le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dilo go dira gore malapa a le mantsi a se ka a kgona go adima madi kwa dibankeng, mme ditshenyegelo tsa ditirelo tse di jaaka motlakase kgotsa metsi di dira gore batho ba palelwe ke go tokafatsa seemo sa bone. Go tlhoka ditiro mo go kwa godimo ka diperesente di le 20 mo dinageng dingwe go dira gore go nne thata gore batho ba nne le dilo tsa konokono tse ba di tlhokang.

Dilo tseno le mabaka a mangwe di ile tsa dira gore batho ba le dimilione di le makgolokgolo mo lefatsheng lotlhe ba tlhoke matlo a a siameng. Batho ba nna mo dibeseng tsa bogologolo, mo materokong a a thothang dilo le mo dibokoseng. Ba nna kafa tlase ga ditepisi, mo mekhukhung ya dipolasetiki le ya masalela a dipolanka. Tota e bile bangwe ba nna mo dikagong tsa madirelo tse di sa tlholeng di bereka.

Ke Eng se se Dirwang go Leka go Rarabolola Bothata Jono?

Batho ba le bantsi, mekgatlho le dipuso tse di amegileng thata ka bothata jono di setse di dirile maiteko a magolo a go bo rarabolola. Kwa Japane, go setse go tlhomilwe ditheo di le mmalwa gore di age matlo a batho ba tla kgonang go a reka. Setheo sengwe sa kago ya matlo se se neng sa tlhomiwa mo Afrika Borwa ka 1994 se ile sa kgona go aga matlo a diphaposi di le nnè a feta milione. Kenya yone e na le thulaganyo e e tlhokang boiteko tota mme boikaelelo jwa yone ke gore ngwaga le ngwaga e age matlo a le 150 000 mo ditoropong le a mangwe a palo eno e menagane gabedi mo metseng ya magae. Dinaga tse dingwe tse di jaaka Madagascar tsone di leka go bona gore ke ditsela dife tsa go aga tse di tla dirang gore go agiwe matlo a a sa tureng.

Mekgatlho e e akaretsang dinaga di le dintsi, e e jaaka UN-HABITAT, e ile ya tlhomiwa go bontsha kafa lefatshe le ikemiseditseng ka teng go “thibela le go fokotsa mathata a a bakwang ke go oketsega thata ga palo ya batho ba ba nnang mo ditoropong.” Mekgatlho e e seng ya kgwebo le e e seng ya puso le yone e leka go thusa. Mokgatlho mongwe o o sa direng poelo o ile wa thusa malapa a feta 150 000 mo dinageng tse di farologaneng gore a tokafatse seemo sa matlo a one. Mokgatlho ono o fopholetsa gore e tla re ka ngwaga wa 2005 o tla bo o thusitse batho ba le milione go nna le matlo a a siameng, a a lebegang sentle le a ba kgonang go a reka.

Mekgatlho e le mentsi ya mofuta ono e rulagantse gore go nne le tshedimosetso e e ka bonwang motlhofo le e batho ba ka kgonang go e dirisa gore e thuse ba ba nnang mo matlong a maemo a a kwa tlase gore ba itshedise botoka kafa ba ka kgonang ka teng mo maemong a ba leng mo go one kgotsa ba a tokafatse. Ruri o ka dirisa dithulaganyo tseno ka botlalo gore di go solegele molemo fa e le gore o tlhoka thuso. Gape go na le dilo tsa konokono tse o ka di dirang gore di go thuse.—Bona lebokoso le le reng “Dira Gore Ntlo ya Gago e Siamele Botsogo Jwa Gago,” mo tsebeng ya 7.

Go sa kgathalesege gore a o ka kgona go tokafatsa seemo sa gago, ga go bonale go na le motho ope kgotsa mokgatlho ope wa batho o o ka kgonang go fedisa dilo tsa konokono tse di mo lefatsheng lotlhe tse di bakang bothata jono jwa go tlhaela ga matlo. Go bonala dinaga tse di mo lefatsheng lotlhe di ntse di palelwa le go feta ke go baakanya bothata jo bo ntseng bo etegela jwa go se gole ga ikonomi le go tlhokega ga dithulaganyo tsa go thusa batho ba ba tlhokang. Ngwaga le ngwaga go tsholwa dimilionemilione tsa bana mo maemong ano a a nnelang maswe le go feta a khumanego. A bothata jono bo tla tsamaya bo fedisiwa gotlhelele?

[Lebokoso mo go tsebe 23]

DIRA GORE NTLO YA GAGO E SIAMELE BOTSOGO JWA GAGO

Go ya ka World Health Organization, gore o nne le botsogo jo bontle ntlo ya gago e tshwanetse go nna le dilo tse di latelang:

▪ E rulelwe sentle gore e se ka ya nela

▪ Dipota tsa yone di agiwe sentle le ditswalo di tsenngwe sentle gore e go sireletse mo maemong a a sa siamang a bosa le gore o se ka wa tsenelelwa ke diphologolo

▪ E tsenngwe disefe mo difensetereng le mo dikgorong go thibela ditshenekegi, segolobogolo mentsane

▪ E nne le maribela a moriti go e dikologa gore dipota di se ka tsa fisiwa thata ke letsatsi fa go le mogote

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 24]

MATLO A SETSO A SEAFRIKA

Go ne ga feta dingwaga di le dintsi go agiwa matlo a setso mo Afrika. A ne a sa lekane ka bogolo e bile a sa agiwe ka tsela e e tshwanang. Batho ba merafe mengwe e e jaaka ya Ba-Kikuyu le Ba-Luo ya kwa Kenya ba ne ba rata dipota tse di sediko le borulelo jwa bojang jo bo sephara kwa tlase mme bo le motswi kwa godimo. Ba bangwe bone go akaretsa Masai kwa Kenya le Tanzania go bonala ba ne ba rata matlo a a khutlonnè. Mo mafelong a a fa thoko ga lewatle a Afrika Botlhaba, matlo mangwe a teng e ne e le megwaafatshe e e ruletsweng ka bojang.

E re ka dilo tse di neng di dirisiwa go aga matlo ano di ne di bonwa motlhofo fela, go aga e ne e se bothata jo bo kalo. Seretse se se dirisiwang go aga se ne se dirwa motlhofo fela ka go tlhakanya mmu le metsi. Dikgwa tse dintsi tse di neng di le fa gaufi di ne di thusa batho gore ba kgone go bona dikgong, bojang, letlhaka le matlhare a setlhare sa bamboo. Ka gone, gantsi lelapa lengwe le lengwe le ne le kgona go ikagela ntlo go sa kgathalesege gore le humile go le kana kang kgotsa le humanegile go le kana kang.

Le fa go ntse jalo, matlo a a ntseng jalo le one a ne a na le mathata a one. E re ka bontsi jwa one a ne a rulelwa ka dilo tse di shang, a ne a ka tshwara molelo motlhofo fela. Gape motho yo o batlang go senya o ne a ka kgona go tsena mo ntlong ka go phunya lebota leno la mmu. Ka gone ga go gakgamatse go bo gompieno matlo ano a Seafrika a emisediwa ka a mangwe a a tiileng go a gaisa.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

E tswa go: African Traditional Architecture

Huts: Courtesy Bomas of Kenya Ltd - A Cultural, Conference, and Entertainment Center

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

YUROPA

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Tim Dirven/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

AFRIKA

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

AMERIKA BORWA

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

AMERIKA BORWA

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

ASIA

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 22]

© Teun Voeten/Panos Pictures; J.R. Ripper/BrazilPhotos

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]

JORGE UZON/AFP/Getty Images; © Frits Meyst/Panos Pictures