Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Ke Tshwanetse go Itse Eng ka One?

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Ke Tshwanetse go Itse Eng ka One?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Ke Tshwanetse go Itse Eng ka One?

“E re ka ke le motho yo o ditlhong, ke kgona go bula khomputara ke bo ke dirisa Internet go bua le batho ba gantsi ke neng nka se bue le bone. Ga ba itse le gore ke mang.”—Peter. *

“Mo mafelong ano mo Internet, o ikutlwa o gololesegile gore o ka bua sengwe le sengwe se o batlang go se bua.”—Abigail.

MAFELO a go tlotla le batho o dirisa Internet a dira gore batho ba kgone go tlotla ka tlhamalalo ka go kwalelana. Ba kgona go kwalelana melaetsa ba le bantsi.

Metlotlo mengwe ya Internet e kgatlha basha thata. Basha ba le dimilione ba ditso tse di farologaneng ba dirisa Internet go buisana letsatsi le letsatsi ka kgang le fa e ka nna efe. Dikolo dingwe di setse di dirisa thulaganyo eno e e dirisiwang mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, baithuti kwa United States ba ba etsweng tlhoko ke morutabana ba tlotla ka dikgang tsa loago le baithuti ka bone ba kwa Spain, Engelane le mafelo a mangwe. Gape, baithuti ba kgona go tlotla ka tiro e ba e dirang mo tlelaseng le moenjeniri, rakhemisi kgotsa mongwe fela yo o ithutetseng tiro e e rileng.

Mme le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ba dirisang Internet go tlotla le ba bangwe ga ba bue ka dikgang tsa thuto. Fa e le gore o dirisa Internet, ke dikotsi dife tse o tshwanetseng wa itse ka tsone?

Mafelo a Batho ba ba Ratang go Tlhakanela Dikobo le Bana ba a Dirisang

Abigail o bolela jaana: “Ke ne ke ntse ke tlotla le batho bangwe ka Internet, fa monna mongwe a mpotsa gore a ke itse bana bangwe ba dingwaga tse 14. O ne a batla go tlhakanela dikobo le bone. O ne a re o ikemiseditse go ba naya madi gore a tlhakanele dikobo le bone.”

Abigail ga se ene fela yo o kileng a kopana le selo se se ntseng jalo. Bothata jono jwa gore dilalome tse di batlang go tlhakanela dikobo le bana di dirise Internet bo aname thata mo e leng gore mebuso mengwe e ile ya ntsha ditaelo tsa kafa basha ba ka sirelediwang ka teng. Ka sekai, kgatiso nngwe ya Federal Bureau of Investigation (FBI) kwa United States e ntsha tlhagiso ka batho ba ba nang le go bua ka tlhakanelodikobo ka tlhamalalo. Ba ba “ngoka ka bonya ka bonya ka go ba bontsha gore ba a ba kgatlhegela, ka go ba bontsha bopelonomi tota le e leng go ba abela dimpho.”

Fa kgatiso eo ya FBI e tlhalosa ditsela tse dingwe tse dilalome tseno di di dirisang ya re: “Ba reetsa mathata a bana ba bolelelang one le go ba bontsha gore ba ba utlwela botlhoko. Gantsi ba itse mmino o mosha o o tseneng, ditiro tsa go itlosa bodutu le dilo tse dingwe tse di kgatlhang bana. Batho bano ba leka go senya boitsholo jwa bana ka bonya ka go bua le bone ka tsa tlhakanelodikobo.”

Bagolo ba ba se nang boitsholo ga se bone fela ba ba leng kotsi. O tshwanetse gape wa ela tlhoko basha ba ba sa tlotleng melao ya Baebele ya boitsholo. Akanya ka se se diragaletseng mosha mongwe yo o bidiwang Cody. O ne a tlotla le basha ba bangwe mo Internet fa mosetsana mongwe a ne a mo kopa gore a fetele kwa lefelong lengwe la sephiri mo Internet gore ba tlotle mmogo. O ne a mmotsa dipotso tse di amanang le tlhakanelodikobo. Cody o ne a kgona go ikgapa mme a fedisa motlotlo oo ka bonako.

E re ka gantsi basha ba rata go itse ka tsa tlhakanelodikobo, o ka nna wa fitlhela go le thata go itshwara jaaka Cody. Peter yo o umakilweng pelenyana, o dumela jaana: “Ke ne ke akanya gore ke tla kgona go ikgapa ka go tswala khomputara fa go nna le motlotlo o o amanang le tlhakanelodikobo. Mme gangwe le gape ke ne ke iphitlhela ke nnela go bala le go tlotla ka dikgang tsa tlhakanelodikobo. Moragonyana ke ne ka tshwenngwa ke segakolodi.” Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa gore, ‘A go na le kotsi nngwe fa ke bua le mongwe ka tsa tlhakanelodikobo mo Internet, mme ke sa itshenole gore ke mang?’

A Tota go Bua ka Tlhakanelodikobo mo Internet go Kotsi?

Baebele e bua ka tlhamalalo fela ka tlhakanelodikobo. (Diane 5:18,19) Boammaaruri ke gore basha ba kgatlhegela thata go itse ka tlhakanelodikobo. Ka jalo, o tshwanetse wa bua ka tlhakanelodikobo. O tlhoka dikarabo tsa dipotso tse o ipotsang tsone ka kgang e e botlhokwa eno. * Le fa go ntse jalo, mofuta wa dikarabo tse o tlileng go di newa ka tsa tlhakanelodikobo di tla ama boitumelo jwa gago thata gone jaanong le mo nakong e e tlang.

Fa e le gore o batla go bua ka tlhakanelodikobo mo Internet, tota le fa o ka tswa o bua le batho ba ba reng ke ditsala tsa gago, o ka nna wa feleletsa o diragaletswe ke se se neng sa diragalela lekawana lengwe le le tlhalosiwang mo Baebeleng. Ka ntlha ya go batla go itse, o ne a tsamaela gaufi le ntlo ya seaka. La ntlha, seaka seo se ne sa bua fela le ene. Fa lekawana leno le sena go nna le keletso ya go batla go tlhakanela dikobo, le ne le sa tlhole le kgotsofalela go bua le seaka seno fela. “Ka tshoganyetso o mo sala morago, jaaka poo e e tlang go tlhabiwa, . . . fela jaaka nonyane e potlakela kwa seraing.”—Diane 7:22, 23.

Ka tsela e e tshwanang, go motlhofo gore go bua ka tlhakanelodikobo mo Internet go go dire gore o batle go ikgotsofatsa. Mosha mongwe yo o bidiwang Philip o gakologelwa jaana: “Ke ne ke ntse ke tlotla le mongwe mo Internet fa go tlhaga setshwantsho se se hepisang mo khomputareng. Motho yo ke neng ke bua le ene o ne a se nthomeletse ka khomputara.” Fa ditshwantsho tseno tse di hepisang di sena go tsosa maikutlo a tlhakanelo dikobo, o ka nna wa raelesega go batla go dira se se fetang seo, jaaka go bula mafelo a a nang le dilo tsa boitsholo jo bo maswe. * Ba le bantsi ba ba welang mo seraing sa go lebelela ditshwantsho tse di hepisang ba feleletsa ba wetse mo boitsholong jo bo sa siamang mme ba bo ba tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa gone.—Bagalatia 6:7, 8.

Batho ba ba batlang go bua le wena ka tsa tlhakanelodikobo ka Internet ga ba amege ka wena. Batho bano ba o sa ba itseng ba batla go tlotla le wena ka boitsholo jo bo sa siamang—mme gongwe le go go gogela mo go jone gore bone ba kgotsofatse dikeletso tsa bone. * Kgosi Solomone o ne a kwala jaana a leka go sireletsa morwawe mo bathong ba ba ratang go sotla ba bangwe ka tsa tlhakanelodikobo: ‘A tsela ya gago e nne kgakala le ene, mme o se ka wa atamela kgoro ya ntlo ya gagwe, gore o se ka wa naya ba bangwe seriti sa gago, . . . gore batswakwa ba se ka ba ikgotsofatsa ka maatla a gago.’ (Diane 5:8-10) Re ka nna ra dirisa molaometheo wa kgakololo eno jaana: O se ka wa bula Internet mo mafelong a go buiwang ka dilo tse di amanang le tlhakanelodikobo mo go one, gore o se ka wa naya batswakwa seriti sa gago ka gonne ba batla fela go ikgotsofatsa ka wena.

“Ba ba Fitlhang se ba Leng Sone”

O ka nna wa re wena ga o batle go bua ka tlhakanelodikobo mo Internet. Fela jaaka Peter le Abigail, ba ba umakilweng pelenyana, o ka nna wa bona go tlotla ka Internet e le tsela e o ka kgonang go itlhalosa ka yone o sa ipolele gore o mang, e bile o sa tshabe gore go itlhalosa jalo go tla dira gore o tlhabiwe ke ditlhong. * Mme le fa go ntse jalo, go na le kotsi e nngwe e o tshwanetseng wa ikela tlhoko mo go yone.

Tsela eno ya go se itshenole leina mo Internet e ka go dira gore o batle go nna boferefere. Abigail a re: “Ke ne ka simolola metlotlo le batho bangwe mme ke itira mongwe yo o tla tshwanelang motlotlo oo.” Jaaka Abigail, o ka nna wa raelesega go itira motho yo o seng ene gore o tshwane le batho ba o tlolang le bone mo Internet. O ka nna wa simolola go dirisa puo e ba e dirisang kgotsa wa kgatlhegela dilo tse ba di ratang e le go leka gore ba nne ditsala tsa gago tse disha. Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa tsaya gore lefelo la go tlotla le ba bangwe mo Internet ke moo o ka kgonang go tlhalosa megopolo mengwe le maikutlo mangwe a o nang le one a o akanyang gore batsadi ba gago le ditsala tsa gago ba ka se a amogele. Fa o dira jalo, o tla bo o tsietsa bone batsadi ba gago kgotsa ditsala tsa gago. Fa o itira motho yo o seng ene mo motlotlong wa gago mo Internet, o tla bo o tsietsa batho ba o tlotlang le bone. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, fa o sa bolelele ba lelapa la gaeno le ditsala tsa gago se o se akanyang le kafa o ikutlwang ka teng tota, o tla bo o ba tsietsa.

Le fa gone mafelo a go tlotla mo Internet e le selo sa bosheng, go bua maaka le go tsietsa ga go bolo go nna teng. Baebele e senola gore moaki wa ntlha, e bong Satane Diabolo, ke ene a simolotseng mokgwa o o dirisiwang ke batho ba ba tlotlang mo Internet. O ne a itira se a seng sone pele ga a bua maaka a gagwe a ntlha. (Genesise 3:1-5; Tshenolo 12:9, 10) O ka tila go tsiediwa ke batho ba ba buang maaka ka go latela sekao sa ga Kgosi Dafide. O ne a kwala jaana: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.”—Pesalema 26:4.

Jaaka go bontshitswe pelenyana, mafelo mangwe a go tlotla mo Internet a ka nna mosola. Le fa go ntse jalo, basha ba ba batlang go itumedisa Jehofa ba tshwanetse go nna kelotlhoko thata fa ba dirisa mofuta ono o mosha wa go buisana le ba bangwe. Fa o tshwanelwa ke go dirisa Internet, jaaka fa o dira tiro nngwe ya sekolo, kopa batsadi ba gago kgotsa motho mongwe yo o godileng gore a nne teng fa o e dirisa. Setlhogo se se latelang se tla bua ka mabaka a mangwe a mabedi a go bo o tshwanetse go nna kelotlhoko fa o dirisa mafelo a a ntseng jalo a go tlotla mo Internet. Se tla bua gape le kafa o ka lebanang ka teng le mathata a a rileng a a ka nnang a tlhaga le fa o ka tswa o le kelotlhoko fa o dirisa mafelo ano.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 15 Buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo e na le kgakololo e e molemo e e theilweng mo Baebeleng malebana le tlhakanelodikobo pele ga lenyalo, go itshwaratshwara dirwe tsa tlhakanelodikobo le dikgang tse dingwe.

^ ser. 17 Mafelo mangwe a boitsholo jo bo sa siamang mo Internet gantsi ga twe ke a batho ba dingwaga tse di rileng fela. Gantsi ke ka go bo dilo tse go buiwang ka tsone moo le ditshwantsho tse di bontshiwang moo ke tsa boitsholo jo bo maswe. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso dingwe di bontsha gore tota le bana ba ba nang le dingwaga di le robongwe ba na le go loba dingwaga tsa bone gore ba tle ba kgone go bula mafelo a a nang le dilo tsa boitsholo jo bo sa siamang mo khomputareng.

^ ser. 18 E re ka o ka se kgone go tlhomamisa gore o bua le mang, go ka direga gore motho yo o buang le ene a itire wa bong jo bo sa tshwaneng le jwa gago, le fa tota e ka tswa e le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago. .

^ ser. 20 A Parent’s Guide to Internet Safety e bolela gore batho ba ba dirisang Internet, le ka motlha ba se ka ba bolelela batho ba ba kopanang le bone mo Internet maina a bone, diaterese kgotsa dinomoro tsa bone tsa founo!

[Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]

Go tlotla le ba bangwe mo Internet go ka nna kotsi