Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mongwe le Mongwe o Tlhoka Legae

Mongwe le Mongwe o Tlhoka Legae

Mongwe le Mongwe o Tlhoka Legae

“Mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tshela a na le dilo tse a di tlhokang gore a nne le botsogo jo bontle le gore a tshele sentle ene le ba lelapa la gagwe, mme dilo tseno di akaretsa . . . le go nna le ntlo.”—Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho, Article 25.

BATHO ba le bantsi ba batswakwa ba ba berekang mo dipolaseng ba fudugela ka iketlo mo lefelong le ba setseng ba le tsaya e le legae la bone. Lefelo leno le kafa ntle fela ga toropo mme malapa a le makgolokgolo a nna mo go lone mo dikampeng tsa dikharabane tse di hirwang ka madi a mannye tse di bidiwang parqueaderos. Mafelo ano ga a na ditirelo tsa botlhokwa tse di jaaka matlwana a a siameng a boithomelo, go nna le metsi ka metlha le go tlosiwa ga matlakala, mme fa di le teng o fitlhela e le tsa maemo a a kwa tlase thata. Monna mongwe yo o begang dikgang o ne a tlhalosa lefelo leno a re “ke la maemo a a kwa tlase thata mo e leng gore le [badiri ba mo dipolaseng] ba kgona go duela madi a gore ba nne mo go lone.”

Dingwaga di le tharo tse di fetileng, fa balaodi ba ne ba simolola go tswala mangwe a mafelo ano gore batho ba se ka tlhola ba nna mo go one, malapa mangwe a ne a rekisa dikharabane tsa one mme a fudugela mo gare ga toropo a bo a nna mo matlong, mo difoleteng le mo dikaratšheng tse batho ba setseng ba kgotlhagane thata mo go tsone. Ba bangwe bone ba ne ba phuthaphutha fela dilo tsa bone ba bo ba ipatlela lefelo le lengwe le e tla nnang legae la bone gore fa thobo e fela ba ye go itulela teng.

A kgang eno e dira gore o akanye ka naga nngwe e e humanegileng? Fa e le gore o akanya jalo, o fositse. Kampa eno ya dikharabane e gaufi le toropo ya Mecca e e kwa borwa jwa California, U.S.A, e fa o le mo go yone o kgweetsang sekgala se se kafa tlase ga ura fela go ela kwa botlhaba o bo o fitlhile kwa toropong e e humileng ya Palm Springs. Go bolelwa gore gone jaanong batho ba le bantsi kwa United States ba na le matlo go gaisa mo nakong e e fetileng le gore ka 2002 lotseno lwa lelapa le le sa itsholelang go le kalo e ne e le didolara di le 42 000 (diranta di le 257 000). Le fa go ntse jalo go fopholediwa gore malapa a Baamerika a feta dimilione di le tlhano a sa ntse a nna mo matlong a maemo a a kwa tlase.

Bothata jono bo maswe le go feta mo dinageng tse di tlhabologang. Le fa gone mekgatlho ya sepolotiki, ya loago le ya bodumedi e leka ditsela di le dintsi tsa go lwantsha bothata jono jwa matlo, bo ntse bo nnela maswe go ya pele mo lefatsheng lotlhe.

Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go fopholediwa gore palo ya batho ba ba nnang mo mekhukhung mo lefatsheng lotlhe e feta bilione kgotsa diperesente di le 32 tsa batho ba ba nnang mo ditoropong mo lefatsheng lotlhe. Bomankge bangwe mo dikgannyeng tse di amanang le go fudugela ga batho mo ditoropong kwa Brazil ba tshwenyegile ka gore mekhukhu e e ntseng e oketsega mo nageng eo e tla tloga e “nna mentsi thata e bo e nna le batho ba bantsi thata go feta ba ba mo ditoropong tse mekhukhu eno e simolotseng go agiwa mo go tsone.” Go na le ditoropo tsa kwa Nigeria tse batho ba tsone ba le diperesente di feta 80 ba nnang mo mekhukhung. Ka 2003 mokwaledikakaretso wa United Nations e bong Kofi Annan o ne a bolela jaana: “Fa go sa tsewe kgato ya go rarabolola bothata jono, e tla re morago ga dingwaga di le 30 palo ya batho ba ba nnang mo mekhukhung mo lefatsheng lotlhe e bo e oketsegile go nna dibilione di le 2.”

Le fa go ntse jalo, dipalo tseno tse di sa bueng sepe ka maikutlo a batho ga di bontshe botlhoko jo bo utlwiwang ke bahumanegi ba ba tshelang mo maemong a a sa kgotsofatseng. Go ya ka United Nations, batho ba ba fetang diperesente di le 50 mo dinageng tse di tlhabologang ga ba na ditirelo tsa go latlha leswe le go thibela malwetse, ba le diperesente di le 33 ga ba na metsi a a phepa, ba le diperesente di le 25 ga ba na matlo a a siameng mme ba le diperesente di le 20 ga ba na ditirelo tsa segompieno tsa kalafi. Tota batho ba le bantsi ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng ba ka se ka ba letlelela diphologolo tsa bone tsa mo gae gore di nne mo maemong a a ntseng jalo.

Tshwanelo ya Batho Botlhe mo Lefatsheng

Gantsi go nna le ntlo e e siameng go tsewa e le selo sa konokono se batho ba se tlhokang. Maikano a Lefatshe Lotlhe a Ditshwanelo Tsa Batho a a neng a dirwa ke United Nations ka 1948, a ne a bolela gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go nna le dilo tse a di tlhokang mo botshelong, go akaretsa le ntlo e e siameng. Ee ruri, mongwe le mongwe o tlhoka legae le le siameng.

Bosheng jaana ka 1996, dinaga di le dintsinyana di ne tsa dumalana le se se neng se kwadilwe mo maitlamong a a neng a bidiwa Habitat Agenda ya United Nations. Maitlamo ano a ne a bua ka dingwe tsa dilo tse di tshwanetseng go dirwa gore batho botlhe ba nne le matlo a a siameng. Morago ga moo, ka January 1, 2002, United Nations e ne ya bontsha gore e ikemiseditse go diragatsa maitlamo ano ka go a dira a semmuso le go a tsaya e le sengwe sa dilo tse United Nations e tshwanetseng go di dira ka botlalo.

Go a gakgamatsa go bona gore dingwe tsa dinaga tse di humileng thata di tshwaregile thata ka go dira dipatlisiso kwa ngweding go bona gore a batho ba ka nna teng e bile di sekaseka le polanete ya Mars, fa kafa letlhakoreng le lengwe palo e e ntseng e oketsega ya baagi ba tsone ba ba humanegileng thata ba se na madi a go ikagela magae a a siameng mono lefatsheng. Bothata jono jwa matlo bo go ama jang? A re ka lebelela gore letsatsi lengwe batho botlhe ba bo ba na le matlo a a kgotsofatsang?

[Mafoko a a mo go tsebe 20]

Fa dinaga dingwe di ntse di sekaseka ngwedi go bona gore a go ka nniwa kwa go yone, baagi ba le bantsi ba tsone ga ba na magae a a siameng mono lefatsheng

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

LELAPA LENGWE LA KWA ASIA LA BATSHABI.

Mo toropong nngwe, go na le malapa a le 3 500 a a nnang mo ditenteng tsa nakwana fela, a a tlhokang metsi le tsela e e tshwanetseng ya go tlosa leswe le go thibela malwetse

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Tim Dirven/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

AMERIKA BOKONE