Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Baebele e Tseela Basadi Kwa Tlase?

A Baebele e Tseela Basadi Kwa Tlase?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Baebele e Tseela Basadi Kwa Tlase?

MOITHUTABODUMEDI mongwe wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Tertullian o kile a tlhalosa basadi a re ke “kgoro e diabolo a tsenang ka yone.” Ba bangwe ba ile ba leka go dirisa Baebele go bontsha gore basadi ga ba botlhokwa jaaka banna. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba akanya gore Baebele e tseela basadi kwa tlase.

Mmueledi wa ditshwanelo tsa basadi wa United States e bong Elizabeth Cady Stanton, o ne a re: “Baebele le Kereke e nnile tsone dikgoreletsi tse dikgolo tse di dirang gore basadi ba se ka ba bona kgololesego.” Stanton o kile a bolela jaana ka dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele: “Ga ke itse buka epe e nngwe e e rutang thata jaana ka gore basadi ba nne boikobo le gore ba nyadiwe jaaka tseno.”

Le fa batho bangwe gompieno ba sa ntse ba na le dikgopolo tse di ntseng jalo tse di sa siamang, ba le bantsi ba sa ntse ba akanya gore dikarolo dingwe tsa Baebele di tshegetsa kgang ya go tseela basadi kwa tlase. A go siame go swetsa jalo?

Kafa Basadi ba Lejwang ka Teng mo Dikwalong Tsa Sehebera

“Keletso ya gago e tla nna mo monneng wa gago, mme o tla go laola.” (Genesise 3:16) Batho ba ba tshwayang diphoso ba supa seno ba re ke tsela e Modimo a neng a atlhola Efa ka yone le gore e bontsha gore Modimo o dumela gore basadi ba tshwanetse go gatelelwa ke banna. Mafoko ano ga a tlhalose boikaelelo jwa Modimo, go na le moo, a senola ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go leofela Modimo le go gana bolaodi jwa gagwe. Go sotliwa ga basadi go nnile teng ka ntlha ya go sa itekanelang ga batho mme ga se go rata ga Modimo. Mo ditsong di le dintsi, banna ba gatelela basadi ba bone mme gantsi ba dira jalo ka tsela e e setlhogo. Mme seno e ne e se boikaelelo jwa Modimo.

Adame le Efa ba ne ba bopilwe mo setshwanong sa Modimo. E bile ba ile ba amogela molao o o tshwanang mo Modimong wa gore ba ntsifale, ba tlatse lefatshe le go le laola. Ba ne ba tshwanetse go dirisana mmogo. (Genesise 1:27, 28) Ga go pelaelo gore ka nako eo, go ne go se na ope mo go bone yo o laolang yo mongwe ka tsela e e setlhogo. Genesise 1:31 ya re: “Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng mme, bona! se bo se le molemo tota.”

Mo makgetlhong a mangwe, dipego tsa Baebele ga di bontshe gore Modimo o ikutlwa jang ka kgang e e rileng. E ka nna ya bo e le pego fela ya ditiragalo. Pego e e bontshang gore Lote o ne a ithaopa go naya Basodoma bomorwadie e tlhalosiwa fela go sa bontshiwe gore a Modimo o ne a amogela se Lote a se dirileng kgotsa nnyaa. *Genesise 19:6-8.

Tota e bile, Modimo o ila mefuta yotlhe ya tshotlo. (Ekesodo 22:22; Duteronome 27:19; Isaia 10:1, 20) Molao wa ga Moshe o ne o kgala petelelo le boaka. (Lefitiko 19:29; Duteronome 22:23-29) Kgokafalo e ne e ilediwa mme batho ba ba e dirang ba ne ba bolawa ka bobedi. (Lefitiko 20:10) Molao o ne o sa tseele basadi kwa tlase, go na le moo, o ne o ba a tseela kwa godimo le go ba sireletsa gore ba se ka ba sotliwa jaaka ditšhaba tse di neng di ba dikologile di ne di tlwaetse go dira. Mosadi yo o senatla wa Mojuda o ne a tlotliwa thata e bile a anaanelwa. (Diane 31:10, 28-30) Go palelwa ga Baiseraele go tlotla basadi e ne e le molato wa bone, e ne e se go rata ga Modimo. (Duteronome 32:5) Kgabagare, Modimo o ne a atlhola le go otlhaya setšhaba sotlhe ka ntlha ya botlhokakutlo jo bo maswe joo.

A Boikobo bo Supa Gore Basadi ba Tseelwa Kwa Tlase?

Mo setlhopheng le fa e le sefe, thulaganyo e botlhokwa gore setlhopha seo se kgone go dira dilo sentle. Gore go nne jalo, go tlhokega gore go nne le mongwe yo o laolang dilo. Fa go se na mongwe yo o laolang dilo, go nna le tlhakatlhakano. “Modimo ke Modimo, e seng wa tlhakatlhakano, mme ke wa kagiso.”—1 Bakorintha 14:33.

Moaposetoloi Paulo o tlhalosa thulaganyo ya lelapa ya botlhogo jaana: “Tlhogo ya monna mongwe le mongwe ke Keresete; mosadi le ene tlhogo ya gagwe ke monna; Keresete le ene tlhogo ya gagwe ke Modimo.” (1 Bakorintha 11:3) Mongwe le mongwe o tshwanetse go ineela kafa tlase ga bolaodi bongwe, mme ke Modimo fela a sa tlhokeng go dira jalo. A lebaka la go bo Jesu a na le tlhogo le supa gore o tseelwa kwa tlase? Le e seng! Lebaka la go bo go ya ka Dikwalo banna ba ile ba fiwa tiro ya go etelela pele mo phuthegong le mo lelapeng ga le reye gore basadi ba tseelwa kwa tlase. Gore phuthego le lelapa di atlege, di tlhoka basadi le banna gore ba dire diabe tsa bone ka lorato le ka tlotlo.—Baefeso 5:21-25, 28, 29, 33.

Jesu ka metlha o ne a tlotla basadi. O ne a gana go latela dingwao le melao e e neng e tseela basadi kwa tlase e e neng e rutwa ke Bafarasai. O ne a bua le basadi ba e seng Bajuda. (Mathaio 15:22-28; Johane 4:7-9) O ne a ruta basadi. (Luke 10:38-42) O ne a sireletsa basadi gore ba se ka ba tlhalwa. (Mark 10:11, 12) Gongwe phetogo e kgolo go di gaisa tsotlhe mo motlheng wa ga Jesu e ne e le gore o ne a amogela basadi gore e nne ditsala tsa gagwe tse dikgolo. (Luke 8:1-3) E re ka Jesu e ne e le sekao se se molemo sa dinonofo tsotlhe tsa Modimo, o ne a bontsha gore batho botlhe, banna le basadi, ba botlhokwa mo matlhong a Modimo. Tota e bile, mo Bakereseteng ba bogologolo, banna le basadi ba ne ba amogela mpho ya moya o o boitshepo. (Ditiro 2:1-4, 17, 18) Mme mo go ba ba tloditsweng gore e nne dikgosi le baperesiti le Keresete, go tla bo go se na bape ba ba farologanngwang mo go ba bangwe ka ntlha ya bong jwa bone fa ba sena go tsosediwa go ya go tshela kwa legodimong. (Bagalatia 3:28) Mokwadi wa Baebele e bong Jehofa, ga a tseele basadi kwa tlase.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a tlotla basadi, a sa tshwane le batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe