Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Solegelwang Molemo ke Makwalodikgang ka Teng

Kafa o ka Solegelwang Molemo ke Makwalodikgang ka Teng

Kafa o ka Solegelwang Molemo ke Makwalodikgang ka Teng

“Motho yo o se keng a bala lokwalodikgang ke seeleele; mme yo o dumelang sengwe le sengwe se a se balang ka gonne fela se le mo lokwalodikgannyeng ke seeleele le go feta.”—August von Schlözer, rahisitori wa Jeremane le mmegadikgang wa lekgolo la bo18 la dingwaga.

GO NE ga dirwa patlisiso nngwe mo bathong ba le dikete di le mmalwa kwa Boritane le kwa Fora. Mo patlisisong eno ba ne ba bodiwa gore ke ditheo dife tse ba di tshepang thata mo go tse 13 tse dikgolo tsa dinaga tseno. Bobegadikgang bo ne jwa umakiwa la bofelo, tota le eleng morago ga dipolotiki le dikgwebo tse dikgolo. Kwa United States, babadi ba le bantsi ba makwalodikgang ba sa ntse ba bolela gore ba dumela se ba se balang mo go one. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso tse di dirilweng ke Pew Research Center di bontsha gore diperesente tsa batho ba ba dumelang mo makwalodikgannyeng di fokotsegile.

Gantsi go a bo go ntse go na le lebaka la go belaela se makwalodikgang a se bolelang segolobogolo fa a bua ka sengwe se se ka solegelang molemo batho ba naga e lokwalodikgang lo gatisiwang mo go yone. Go diragalang morago ga moo? Gantsi boammaaruri bo a itlhokomolosiwa. Go ntse fela jaaka fa Arthur Ponsonby, e bong radipolotiki wa Engelane wa lekgolo la bo20 la dingwaga, a kile a bolela: “Fa go itsisiwe semmuso gore go tlile go tsewa kgato nngwe e e rileng, gantsi Boammaaruri bo a itlhokomolosiwa.”

Tota le fa go sa itsisiwe semmuso gore go tlile go tsewa kgato nngwe e e rileng, go botlhale gore motho a sekaseke dikgang ka kelotlhoko. Seane sa Baebele sa re: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Fa o le kelotlhoko ka tsela e e tshwanetseng, gantsi lokwalodikgang lo ka go thusa thata gore o itse dikgang dingwe tsa botlhokwa.

Botlhokwa Jwa Dikgang

Metswedi ya dikgang e botlhokwa gompieno ka gonne e re thusa gore re nne re itse se se diregang mo lefatsheng. Mme go itse seno go botlhokwa thata. Ka ntlha yang? Ka gonne bontsi jwa dilo tse di diragalang gompieno di ne tsa bolelelwa pele ke moporofeti yo mogolo go ba gaisa botlhe, e bong Jesu Keresete. Fa a ne a bodiwa ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, o ne a re nako ya bokhutlo e tla lemogiwa ka dintwa, go oketsega ga tlolomolao, go tlhaela ga dijo, malwetse a leroborobo, dithoromo tsa lefatshe le ditiragalo tse dingwe tse di amanang le tseno.—Mathaio 24:3-14; Luke 21:7-11.

Baebele gape ya re: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Boporofeti jono bo oketsa ka go bolela gore mo nakong ya ‘metlha ya bofelo,’ batho ba tla nna “baithati, barati ba madi” le “ba ba sa utlweng batsadi.” E tla bo e le “ba ba senang lorato lwa tlholego” e bile gape e le “ba ba se nang boikgapo, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.”—2 Timotheo 3:1-5.

Ga go pelaelo gore o bona go diragadiwa ga boporofeti jono jwa Baebele mo lefelong le o nnang mo go lone. Mme se se diregang mo lefatsheng lotlhe—jaaka fa se begwa mo makwalodikgannyeng—se tlhomamisa fela gore boporofeti jwa Baebele bo boammaaruri. A seno se bolela gore re ka kgona go dumela sengwe le sengwe se re se balang mo makwalodikgannyeng? Nnyaa, tota le batho ba ba tlhagafetseng thata mo kgwebong ya makwalodikgang le bone ba bolela gore motho o tshwanetse a nna kelotlhoko.

Tlhaloganya Mathata a go Kwala Dikgang

Mongwe le mongwe o dira diphoso, tota le boporofesa ba ba ikanyegang thata le ba ba nang le bokgoni. Ariel Hart o ne a kwala jaana go Columbia Journalism Review: “Mo dingwageng tse tharo tse ke di berekileng ke dira tiro ya go sekaseka gore a tshedimosetso e e tlileng go kwalwa e boammaaruri, ga go na kgang epe e e kileng ya re ke e sekaseka ka fitlhela e se na diphoso, e ka tswa e le boleele jwa ditsebe di le tlhano kgotsa e le dirapa tse pedi fela.” O nopola dikai tse di jaaka “go kwala ngwaga e e seng yone; tshedimosetso ya bogologolo; mafoko a a sa kwalwang sentle; tshedimosetso e e anamisitsweng thata e e tswang mo motsweding o e seng one wa ntlhantlha go bua ka yone, mme e se boammaaruri.”

Babegadikgang ba tshwanetse ba lwantshana le metswedi e e sa ikanyegeng ya dikgang. Ka dinako tse dingwe, bagatisi ba makwalodikgang ba newa tshedimosetso e e seng boammaaruri. Ka 1999 monna mongwe yo o ratang go dira metlae o ne a anamisa kgang e e seng boammaaruri kaga “paraka ya boitlosobodutu e e tlileng go dirwa gore e lebege jaaka e kete ke mabitla.” Go tswa foo o ne a dira gore seo se lebege se le boammaaruri ka go itlhamela aterese ya Internet e e ngokang kgatlhego e a reng ke ya khampani e e tlileng go aga paraka eno. O ne a bo a ntsha le nomore ya mogala gore yo o batlang go itse mo go oketsegileng a e founele, mme fa batho ba founa, motsietsi yono o ne a itira e kete ke mmueledi wa khampani eno. Mokgatlho o mogolo o o romelang dikgang kwa bakwading ba makwalodikgang wa Associated Press ga wa ka wa kgona go lemoga tsietso eno, ka jalo makwalodikgang a le mantsi a a tswang letsatsi le letsatsi a kwa United States a ne a bega kgang eno. Go bolelwa gore selo sa konokono se se dirang gore kgang e e seng boammaaruri e feleletse e dumetswe ke ka gonne e dirwa gore e lebege e le “kgang e e gogelang, e e nang le ditshwantsho tse di kgatlhang le e e sa tlwaelegang mme e le e batho ba ka e dumelang.”

Tota le babegadikgang ba ba nang le maitlhomo a a molemo ga se ka metlha ba tlhaloganyang kgang ka tsela e e siameng. Mokwadi mongwe kwa Poland o tlhalosa jaana: “Babegadikgang gantsi ba bereka ka lepotlapotla ka gonne makwalodikgang a a farologaneng a a gaisana. Lengwe le lengwe la one le batla gore e nne lone la ntlha go bega dikgang tse di rileng. Ka ntlha ya seno, bontsi jwa rona babegadikgang ga re kgone go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dikgang pele re di kwala, le fa gone re rata go ka dira jalo.”

Ba Gatelelwa go Latela Melao

Go ya ka Freedom of the Press 2003—A Global Survey of Media Independence go na le dinaga di le 115 mo go di le 193 tse mo go tsone puso e ka tswang e sa laole se se kwalwang mo makwalodikgannyeng kgotsa e se laola go se kae fela. Le fa go ntse jalo, go fetola dikgang ka bofitlha go ka nna ga direga le mo dinageng tse mo go tsone puso e sa laoleng gore go kwalwe eng.

Ka dinako tse dingwe, babegadikgang bangwe ga ba newe tshedimosetso e e botlhokwa ka boomo fela, fa ba bangwe bone ba ba latelang melao ba letlelelwa gore e nne bone fela ba botsolotsang batho ba ba rileng e bile ba lalediwa go tsamaya mmogo le boradipolotiki mo mesepeleng ya bone. Lotseno lwa dipapatso le lone lo ka tlhotlheletsa bobegadikgang. Mmegadikgang mongwe wa kwa Poland o ne a re: “Khampani nngwe e e duelelang go bo dipapatso dingwe tsa yone tse di tsenyang madi a mantsi di le mo lokwalodikgannyeng e ka nna ya tshosetsa mokwadi wa lokwalodikgang loo ka gore e tla ntsha dipapatso tsa yone mo go lone fa mokwadi yono a ka gatisa sengwe se se sa siamang ka khampani eo.” Monna mongwe yo e leng ene a balang tshedimosetso e e tlileng go tlhaga mo lokwalodikgannyeng longwe lwa kwa Japane a bo a e rulaganyetsa gore e gatisiwe o ne a tlhagisa jaana: “Nna o gakologetswe gore go thata tota go nna le pego ya dikgang e e boammaaruri jo bo feletseng.”

O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Fa e le gore babegadikgang ba ba ithutetseng tiro eno ba lebana le mathata a a ntseng jaana fa ba batla go bega dikgang tse di ka ikanngwang, mmadi o tla itse jang gore ke eng se a tshwanetseng go se dumela?’

Go Tlhokega Gore Motho a Lebe Dilo ka Tsela e e Tshwanetseng

Go bonala sentle gore motho o tlhoka go nna le temogo. Jobe yo e neng e le tlhogo ya lotso o ne a botsa jaana: “A tsebe ka boyone ga e leke mafoko jaaka magalapa a utlwa dijo?” (Jobe 12:11) Mmadi o tshwanetse a sekaseka ka kelotlhoko se se kwadilweng go bona gore a mme se utlwala se le boammaaruri. Ka mantswe a mangwe o tlhatlhoba dilo ka botlhale a bo a tlhopha se se boammaaruri. Morutwa mongwe wa ga Jesu Keresete wa lekgolo la ntlha la dingwaga o ne a bua bontle ka batho bangwe ba ba neng ba reetsa moaposetoloi Paulo mme ba bo ba tlhatlhoba se a se buileng go bona fa se theilweng gone go tlhomamisa gore a se boammaaruri.—Ditiro 17:11; 1 Bathesalonika 5:21.

Ka tsela e e tshwanang, motho yo o balang lokwalodikgang a ka nna a ipotsa dipotso tse di jaaka: Mokwadi yono o tswa kgakala go le kae le tiro eno? O leba dilo jang? A kgang ya gagwe e theilwe mo dintlheng tse batho ba bangwe ba ka kgonang go di itlhatlhobela ka bobone? Ke mang yo o ka kgatlhegelang go sokamisa boammaaruri? Go tla bo go le botlhale fa mmadi a ka sekaseka metswedi e e farologaneng ya tshedimosetso go bona gore a se se buiwang se boammaaruri. Gape a ka nna a tlotla le batho ba bangwe ka se a se balang. Seane sengwe sa Baebele sa re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

Kafa letlhakoreng le lengwe o se ka wa solofela gore sengwe le sengwe se bo se siame. Jaaka fa re setse re bone, go na le mabaka a a farologaneng a a dirang gore makwalodikgang a se ka a bua dikgang fela jaaka di ntse. Le fa go ntse jalo, a ka kgona go go thusa gore o nne o ntse o na le kitso ka se se diregang mo lefatsheng. Go botlhokwa gore o nne o na le tshedimosetso ya bosheng, ka gonne Jesu fa a ne a bua ka dinako tse gone jaanong re tshelang mo go tsone, o ne a kgothatsa jaana: “Nnang lo tsogile.” (Mareko 13:33) Lokwalodikgang lo ka go thusa gore o dire jalo, le fa gone o tla nna o gakologetswe gore lo na le mo lo tlhaelang gone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]

FA LOKWALODIKGANG LO GOBELELA

Gantsi go bega dikgang tse di phoso go bakwa ke go itlhaganelela go bega dikgang kgotsa go bakwa ke go bolelelwa tshedimosetso e e seng boammaaruri. Le fa go ntse jalo, dikgang tseno tse di begwang e le ka maitlhomo a a molemo di ka nna tsa anamisa maaka a a kotsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, ka dinako tse dingwe batho ba begelwa tshedimosetso e e seng boammaaruri ka boomo fela, jaaka go ile ga direga kwa Jeremane wa Bonasi fa go ne go anamisiwa maaka ka batho ba ditso dingwe le ba madumedi mangwe.

Akanya ka ditlamorago tsa letsholo la go senya batho leina le le neng la senoga bosheng jaana la nako ya fa go ne go sekwa kgetsi ya ditshwanelo tsa batho kwa Moscow, kwa Russia. Lokwalodikgang lwa The Globe and Mail lwa Toronto kwa Canada, lo ne lwa bega jaana: “Fa basetsana ba bararo ba sena go ipolaya kwa Moscow, ka bonako fela metswedi ya dikgang ya kwa Russia e ne ya bolela gore basetsana bano e ne e le balatedi ba Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba tlhagafaletse bodumedi ka tsela e e feteletseng.”

Dikgang tse di ntseng jalo di ne tsa tlhagelela mo metsweding ya dikgang ka February 9, 1999, e leng letsatsi le ka lone kgotlatshekelo ya naga e neng e seka sesha kgetsi e e malebana le go thibelwa ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa kwa toropong ya Moscow. Geoffrey York wa Setheo sa Moscow sa The Globe and Mail o ne a bega jaana: “Moragonyana mapodise a ne a bolela gore basetsana bano ba ne ba sa amane ka gope le lekoko leno la bodumedi. Le fa go ntse jalo seteishene sa thelebishene sa Moscow se ne se setse se ntshitse tatofatso e nngwe gape kgatlhanong le lekoko leno, ba bolelela babogedi gore Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dirisana le Adolf Hitler kwa Jeremane wa Bonasi—le fa go na le bosupi jwa hisitori jo bo bontshang gore maloko a bone a le diketekete a ne a bolawa ke Banasi mo dikampeng tsa pogisetso tse batho ba neng ba bolaelwa mo go tsone.”

Ka ntlha ya seno, batho ba le bantsi ba ba neng ba utlwile tshedimosetso eno e e seng boammaaruri le ba ba boboi ba ne ba tsaya Basupi ba ga Jehofa e le lekoko la batho ba ba ipolayang kgotsa ba ba dirisanang le Banasi!

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu Keresete o ne a bolelela pele bontsi jwa dilo tse gone jaanong re di balang mo makwalodikgannyeng

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Dipego tsa makwalodikgang di tlhomamisa boporofeti jwa Baebele

[Motswedi wa Setshwantsho]

FAO photo/B. Imevbore

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Moaposetoloi Paulo o ne a akgola batho ba ba neng ba sekaseka se a theileng dithuto tsa gagwe mo go sone, e leng selo se se botlhale go se dira le fa o bala dipego tse di sa tlwaelegang tsa makwalodikgang