Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le le Kgaoganeng ka Ntlha ya Khumo

Lefatshe le le Kgaoganeng ka Ntlha ya Khumo

Lefatshe le le Kgaoganeng ka Ntlha ya Khumo

MO HALOFONG ya bofelo ya dingwaga tsa pele ga lekgolo la bo20 le ya bokhutlong, lefatshe le ne le kgakgauthana mo Ntweng ya Molomo mme la kgaogana seraro mo go tsa dipolotiki. Dinaga tsa Bokomonisi, tse di neng di eteletswe pele ke Union of Soviet Socialist Republics, le dinaga tse e seng tsa Bokomonisi, tse di neng di eteletswe pele ke United States, di ne di kgaogantswe ke Lesire la Tshipi le le sa bonaleng. Dinaga tse di neng di sa wele mo go lepe la matlhakore ano tsone di ne tsa bopa setlhopha sa boraro se se neng sa itsege e le Dinaga Tse di Humanegileng.

Le fa go ntse jalo, moragonyana lereo leno la “Dinaga Tse di Humanegileng” le ne la tsewa e le le le tseelang dinaga tseno kwa tlase, mme di ne tsa feleletsa di bidiwa “dinaga tse di sa tlhabologang.” Fa nako e ntse e ya, lereo leno le lone le ne la tsewa le sa tshwanela, mme ka ntlha ya seo bomankge ba tsa ikonomi ba ne ba simolola go dirisa lereo le le reng “dinaga tse di tlhabologang.” Ka gone mafoko a a neng a dirisiwa go tlhalosa pharologano ya tsa sepolotiki fa gare ga dinaga tseno a ne a fetolwa mme ga dirisiwa a a gatelelang thata pharologano ya tsone mo go tsa ikonomi.

Gone jaanong mo lekgolong la bo21 la dingwaga, lefatshe ga le tlhole le kgaogane seraro ka ntlha ya tsa sepolotiki. Le fa go ntse jalo, mo go tsa ikonomi le tsa madirelo, go sa ntse go na le pharologano fa gare ga dinaga tse di tlhabologileng le tse di sa ntseng di tlhabologa. Bajanala ba ba tswang kwa dinageng tse di humileng ba kopana le batho ba ba humanegileng ba ba kgaratlhang tota gore ba fepe ba malapa a bone.

Ka gone, potso eno e a tshwanela: A lefatshe le tla nna le ntse le na le maemo a a sa tshwaneng a ikonomi, kgotsa a batho ba ba humileng le ba ba humanegileng ba ka kgona go lekalekana ka go tshela botshelo jwa maemo a a tshwanang?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© Qilai Shen/Panos Pictures