Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Nka Tila Jang Dikotsi Tsa One?

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Nka Tila Jang Dikotsi Tsa One?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Mafelo a go Tlotla mo Internet—Nka Tila Jang Dikotsi Tsa One?

“Ke ne ke tlotla ka metlha le mongwe mo Internet diura di le tharo kgotsa di le nnè ka letsatsi. Ka dinako tse dingwe ke ne ke tlotla diura di le thataro kgotsa di le supa ke sa kgaotse.”—José. *

MAFELO ano a go tlotla mo Internet—fela jaaka mafelo a mangwe a mo go one batho ba ba sa itsaneng ba kopanang gone—a na le dikotsi tse o tlhokang go itse ka tsone. Ka sekai, fa o ne o ka etela toropo e kgolo, ka tlholego fela o tla leka thata gore o se ka wa tsena mo kotsing ka go dira gore o itse pele gore ke mafelo afe a a kotsi mme go tswa foo o bo o sa tsamaye mo go one.

O tshwanetse wa dirisa one mokgwa oo fa o batla go tlotla le mongwe mo Internet. Mo makasineng wa Tsogang! ya October 8, go ne ga tlotliwa ka dikotsi tse pedi tse gantsi di nnang teng fa motho a tlotla le mongwe mo Internet, e leng gore gongwe o ka kopana le batho ba ba batlang go tlhakanela dikobo le bana e bile o ka nna wa raelesega go nna motsietsi. Go na le dikotsi tse dingwe gape tse go ka nnang botlhokwa gore o akanye ka tsone. Mme sa ntlha, mafelo ano a go tlotla mo Internet a rulagantswe jang?

A Rulagantswe ka Maitlhomo Mangwe

Mafelo a go tlotla le ba bangwe mo Internet a rulagantswe go ya ka ditlhogo tse di rileng tse di tla ngokang batho ba ba rileng. Mangwe a one a ka nna a rulaganngwa go ngoka batho ba ba ratang motshameko o o rileng kgotsa tiro nngwe e e rileng ya go itlosa bodutu. A mangwe e ka nna ya bo e le a a diretsweng gore go tlotlwe ka thulaganyo nngwe ya thelebishene mo go one. Mme a mangwe one a diretswe batho ba ba bolelang gore ke ba bodumedi jo bo rileng.

Fa o le Mosupi wa ga Jehofa, go batla go itse go ka nna ga dira gore o batle go bula mafelo mangwe mo Internet a go tweng ke a a diretsweng basha ba Basupi go ralala lefatshe a ba ka kgonang go dira ditsala tse disha mo go one. Le wena o ka nna wa eletsa go dira botsala le basha ba e leng badumedi ka wena. Le fa go ntse jalo, mafelo ano a na le dikotsi tse di bofitlha mo Bakereseteng. Dikotsi tseo ke dife?

Go Buelela Boitsholo Jo bo Sa Siamang

Mosha mongwe yo o bidiwang Tyler o bolela jaana: “Ke ne ke tlotla mo Internet le setlhopha sa batho ba ke neng ke akanya gore botlhe ke Basupi ba ga Jehofa. Mme fa nako e ntse e tsamaya, bangwe ba batho bano ba ne ba simolola go bua bosula ka bodumedi jwa rona. Go ise go ye kae, go ne ga bonala sentle gore tota ke batlhanogi.” E ne e le batho ba ba neng ba leka thata go senya boitsholo jwa batho ba ba neng ba re ke badumedi ka bone.

Morwa Modimo e bong Jesu Keresete o ne a tlhagisa gore bangwe ba balatedi ba gagwe ba ne ba tla ganetsa ba bangwe. (Mathaio 24:48-51; Ditiro 20:29, 30) Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa batho ba ba ntseng jalo ba motlha wa gagwe a re ke bakaulengwe ba maaka mme a re ba ‘kukunetse mo teng’ go tla go utlwisa ba ba mo phuthegong ya Bokeresete botlhoko. (Bagalatia 2:4) Mokwadi wa Baebele e bong Jude o bolela gore ba “kukunetse mo teng” gore ba ‘fetole bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo wa rona seipato sa boitshwaro jo bo repileng.’ (Jude 4) Mme gape o ne a ba tlhalosa a re ke “mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi.”—Jude 12.

Ela tlhoko gore Paulo le Jude ka bobedi ba tlhalosa mekgwa e e bofitlha e gantsi batlhanogi ba e dirisang. Bakwadi bano ba Baebele ba ne ba bolela gore batlhanogi ba “kukunetse mo teng” ka boikaelelo jwa go senya boitsholo jwa ba ba leng mo phuthegong ya Bokeresete. Gompieno mafelo a go buisanwang ka one mo Internet a naya batho bano tshono ya go diragatsa maikaelelo a bone a bolotsana ka tsela e e bofitlha. Jaaka mafika a a fitlhegileng kafa tlase ga metsi, Bakeresete bano ba maaka ba fitlha se tota ba batlang go se dira ka go dira e kete ba amegile ka basha ba Basupi. Mme boikaelelo jwa bone tota ke go senya tumelo ya ba ba seng podimatseba.—1 Timotheo 1:19, 20.

Makasine ono, le dikgatiso tse dingwe tse di gatisiwang ke Basupi ba ga Jehofa, di ile tsa tlhagisa gangwe le gape ka kotsi eno. * Ka jalo, fa o ka kopana le mongwe mo lefelong lengwe mo Internet le go tweng le diretswe Basupi ba ga Jehofa, gantsi motho yo ntseng jalo, ke yo o itlhokomolosang kgakololo. A ruri o batla go tlhopha batho ba ba nyatsang kaelo e e tswang mo Baebeleng go nna ditsala tsa gago?—Diane 3:5, 6; 15:5.

Serai Se se Ka Dirang Gore o Itlhaole

Kgang e nngwe e o tshwanetseng wa akanya ka yone e e malebana le mafelo ano a go tlotla mo Internet ke nako e o ka e senyang mo go one. José, yo o umakilweng kwa tshimologong o bolela jaana: “Ka dinako tse dingwe, ke ne ke tshwarega thata ka go kwalelana le mongwe mo Internet mo e leng gore ke ne ke lebala le go ja.”

Gongwe o ka se ka wa dirisa nako e e ntsi jalo mo mafelong ano jaaka José. Le fa go ntse jalo, gore o tle o nne le nako ya go tlotla le mongwe mo Internet, o tshwanetse wa dirisa nako e o ka bong o e dirisa mo dilong tse dingwe. Go ka se direge gore o simolole ka go ja nako ya tiro ya gago ya sekolo kgotsa tiro e o tshwanetseng wa e dira mo gae. Selo sa ntlha se o ka nnang wa se tlhokomologa ke go buisana le ba lelapa la gaeno. Adrian, yo o nnang kwa Spain, a re: “Ke ne ke tle ke tswe kwa tafoleng ka bonako fela morago ga dijo ke bo ke ya go tlotla le mongwe mo Internet. Ke ne ka ngokwa thata ke metlotlo ya Internet mo e leng gore kgabagare ke ne ke sa tlhole ke tlotla le ba lelapa la gaetsho.”

Fa e le gore o dirisa nako e ntsi o tlotla le mongwe mo Internet, le wena o ka tswa e le gore o a itlhaola mo bathong ba o ba ratang thata. Baebele e re neela tlhagiso e e botlhokwa eno: “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Go ka se direge gore batho ba o sa ba itseng ba o kopanang le bone mo Internet ba go kgothaletse gore o tshele go ya ka botlhale jo bo mosola jo bo fitlhelwang mo Baebeleng. Gantsi ba tla go rotloetsa gore o nne pelotshetlha e bile ba tla go raela gore o itlhokomolose melao ya boitsholo jo bo siameng ya Bokeresete.

Gone ke boammaaruri gore dilo dingwe tse di ka go ngokang mo Internet e ka tswa e le gore o fitlhela go le motlhofo go tlotla mo Internet go na le go buisana le ba lelapa la gaeno. Ditsala tsa gago tse o tlotlang le tsone mo Internet di ka nna tsa bo di bonala di eletsa thata go utlwa gore o ikutlwa jang ka dilo dingwe mme le bone ba kgona go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng ba sa fitlhe sepe. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba lelapa la gaeno ba ka tswa ba lebega ba se na nako ya go reetsa gore o ikutlwa jang mme le bone ba sa kgone go tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng ba gololesegile.

Le fa go ntse jalo, ipotse: ‘A tota ditsala tse ke tlotlang le tsone mo Internet di a itse gore ke mang? A tota ba eletsa gore dilo di ntsamaele sentle?’ Ga go pelaelo gore ba lelapa la gaeno ke bone ba ba amegang thata ka go itekanela ga gago sentle mo maikutlong le mo semoyeng. Fa e le gore batsadi ba gago ba leka go tshela ka melao ya Baebele, ba eletsa thata go buisana le wena. (Baefeso 6:4) Fa o ka ba tlhalosetsa ka maitseo gore o akanyang le gore o ikutlwa jang, o ka gakgamala tota go bona ba arabela ka tsela e o neng o sa e lebelela.—Luke 11:11-13.

Go Tila Dikotsi Tsa Gone

O ka tswa o na le mabaka a a utlwalang a go bo o dirisa mafelo ano mo Internet—ka sekai, gongwe go amana le porojeke nngwe ya sekolo e o tshwanetseng go e dira. * Fa e le gore go ntse jalo, tlhomamisa gore Internet ga e nne serai mo go wena ka go ela tlhoko ditlhagiso tse latelang.

Sa ntlha, o se ka wa dirisa Internet mo khomputareng e e fitlhegileng kwa kamoreng ya gago. Go dira jalo go tshwana le go itsamaela o le nosi mo mmileng o o lefifi mo toropong e o sa e itseng—mme ka go dira jalo o tla bo o itsenya mo kotsing. Go na le moo, baya khomputara mo lefelong le e bonwang ke botlhe gone, e le gore ba bangwe ba kgone go bona se o se dirang.

Sa bobedi, leka go tokafatsa puisano ya gago le batsadi ba gago ka go ba bontsha mafelo a o a bulang mo Internet mme o ba tlhalosetse gore ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go dirisa lefelo le le rileng mo Internet. Mo godimo ga moo, lekanyetsa nako e o tla e dirisang o le mo khomputareng mme o e ngaparele.

Sa boraro, tsenya dithulaganyo tsa khomputara tse di tla kgonang go sekaseka melaetsa e e tsenang tse di tla go sireletsang gore o se ka wa tlhorontshiwa ka tsa tlhakanelodikobo. Fa e le gore go na le batho bangwe mo Internet ba ba batlang gore o nne le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le bone, itsise batsadi ba gago kgotsa morutabana wa gago ka bonako. Mo dinageng dingwe, fa go na le bagolo ba ba itseng gore o ngwana mme ba batla go go ngoka ka melaetsa e e hepisang ya tlhakanelodikobo kgotsa ka ditshwantsho dingwe di tse hepisang, ba tsewa e le batho ba ba tlolang molao. Mapodise a tshwanetse go itsisewe.

Mo godimo ga moo, le ka motlha o se ka wa naya ope mo Internet leina la gago, aterese, leina la sekolo se o tsenang kwa go sone kgotsa nomoro ya gago ya founo. Mme le ka motlha o se ka wa dumela fa mongwe mo Internet a go kopa gore o kopane le ene!

Le fa mafoko ano a ga Kgosi Solomone yo o botlhale a ile a kwalwa diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, a botlhokwa thata mo a ka go thusang go tila dikotsi tse di leng teng mo mafelong a go tlotla mo Internet: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 13 Bona Tsogang! ya December 8, 2004, tsebe 18-21 (ka Seesemane).

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Nna botlhale go bontsha batsadi ba gago mafelo a o a bulang mo Internet