Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mesako E e Mo Afrika E go Sa Itsiweng Gore e Bakwa ke Eng

Mesako E e Mo Afrika E go Sa Itsiweng Gore e Bakwa ke Eng

Mesako E e Mo Afrika E go Sa Itsiweng Gore e Bakwa ke Eng

Mo sebateng sa dikilometara di le 2 000 se se iphaphathileng le bophirima jwa sekaka sa Namibia mo borwabotlhaba jwa Afrika, go na le dibata tsa motlhaba tse di se nang sepe tsa bogolo jwa dimetara di le 2 go ya go di le 10. Thotanyana nngwe le nngwe e dikologilwe ke mosako wa bojang jo boleele. Mo go ba le bantsi ba ba etelang lefelo leno, mesako eno e lebega jaaka e kete ke marontho a bolwetse jwa sekgwaripana mo mmung kgotsa go ntse jaaka e kete go wele marothodi a magolo a pula. Batho ba lefelo leno ba dumela gore mesako eno e na le maatla a boselamose. Ditso dingwe di dumela gore mosako mongwe le mongwe o dikologile lebitla la Lesarwa lengwe le le ileng la swa moo ka nako ya dintwa tse Masarwa a neng a di lwa le batho ba ba neng ba batla go gapa naga ya bone ka dingwaga tse dintsi tse di fetileng.

Baitsesaense le bone ga ba bolo go batla tsela e ba ka tlhalosang mesako eno ka yone. Ka 1978, babatlisisi ba ba neng ba akanya gore fa dingwaga di ntse di feta mesako eno e tla suta mo e neng e le teng, ba ne ba fitlha ba kokotela ditshipinyana fa gare ga mesako eno. Morago ga dingwaga di le 22, mesako eno e ne e sa ntse e le mo e neng e le teng. Lokwalodikgang lwa kwa Lontone e leng Daily Telegraph lo bega gore go ile ga akanngwa ka dilo tse dintsi tse di ka tswang di bakile mesako eno tse di akaretsang “motlhwa, botlhole jo bo tswang mo dimeleng tsa lefelo leo, kgotlelo e e bakwang ke marang a dikhemikale kgotsa le ke leswe le le tswang mo go bontšhe fa ba ntse ba itlhotlhora dikgofa.” Porofesa wa tsa thutodimela e bong Gretel van Rooyen wa Yunibesithi ya kwa Pretoria, mo Afrika Borwa, o ne a dira dipatlisiso bosheng jaana go leka go tlhaloganya gore mesako eno e nnile teng jang. O bega jaana: “Re ne ra tlhatlhoba dikakantsho tse di dirilweng mme ra fitlhela gore ga go epe ya tsone e e boammaaruri.”

Sengwe se se gakgamatsang le go feta ke gore babatlisisi ba ile ba fitlhela gore bojang bo a swaba fa bo jalwa mo mmung o o tserweng fa gare ga mesako eno. Mme bo ne bo gola sentle mo mmung o o kafa ntle ga mesako eno ya bojang, mme seo se supa gore mmu wa mafelo a mabedi ano ga o tshwane. Le fa gone ditlhatlhobo tse di setseng di dirilwe mo mmung di ile tsa se ka tsa kgona go thusa ka tlhaloso epe, Van Rooyen o solofela gore fa go ka dirisiwa sedirisiwa se se tlhatlhobang mmu se se bidiwang spectrometer ba ka kgona go bona tshedimosetso e e oketsegileng. O ipotsa gore a go ka direga gore mmu wa mesako eno o botlhole. Mo makasineng wa New Scientist Van Rooyen o bolela jaana: “Fa e le gore mmu oo o botlhole, re sa ntse re tlhoka go itse gore go tlile jang gore o nne foo.” Mme fa e le gone jaanong jaana, mesako eno e sa ntse e le dingwe tsa dilo tse di gakgamatsang tsa lefatshe tse go sa itsiweng gore di nnile teng jang.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 27]

Courtesy of Austin Stevens