Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pharologano e Kgolo fa Gare ga Bahumi le Bahumanegi

Pharologano e Kgolo fa Gare ga Bahumi le Bahumanegi

Pharologano e Kgolo fa Gare ga Bahumi le Bahumanegi

GO SA kgathalesege gore ke mareo afe a a dirisiwang go tlhalosa maemo a batho, batho ba ba nnang mo dinageng tse di tlhabologileng thata, tse di nang le madirelo le tse di itsholetseng ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo. Mme kafa letlhakoreng le lengwe ba ba nnang mo dinageng tse di senang madirelo a le mantsi le tse di sa itsholelang bone ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa tlase. Go lebega jaaka e kete ditlhopha tseno tse pedi tsa batho ga di tshele mo lefatsheng le le lengwe fela.

Ke boammaaruri gore batho ba mefuta eno ka bobedi ba ka nna teng le mo nageng e le nngwe fela. Akanya ka dinaga tse di humileng thata fa di bapisiwa le tse dingwe tse di umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Dinaga tseno di na le batho ba ba humileng le ba ba humanegileng. Ka sekai, kwa United States, mo e ka nnang diperesente di le 30 tsa madi otlhe a mo nageng eo a amogelwa ke diperesente di le 10 fela tsa malapa a a humileng thata. Kafa letlhakoreng le lengwe diperesente di le 20 tsa malapa a a humanegileng di tshwanetse go tshela ka diperesente di le 5 fela tsa madi otlhe a naga. Boemo jono kgotsa jo bo tshwanang le jone bo ka tswa bo le gone mo nageng e o nnang mo go yone, segolobogolo fa e le gore go na le palo e nnye ya batho ba itsholelo e e mo magareng mo lefelong leo. Mme gone tota le mo dinageng tse di nang le palo e ntsinyana ya batho ba itsholelo e e mo magareng, le gone jaanong mebuso ya teng ga e ise e kgone go fedisa gotlhelele go sa lekalekane ga maemo a itsholelo mo bathong ba ba humileng le ba ba humanegileng.

Ga go Bape ba ba Botoka

Ditlhopha tseno tse pedi tsa batho, e leng bahumi le bahumanegi, ka bobedi jwa tsone di na le mathata. Akanya ka maemo a a thata a batho ba ba nnang mo dinageng tse di humanegileng ba lebanang le one. Tlhokomelo ya tsa kalafi e tlhaela fela thata. Fa ngaka e le 1 e tlhokomela baagi ba le 242 go ya go 539 ka tsa kalafi mo dinageng di le 9 tse di humileng thata tse di umakilweng mo lebokosong le le mo tsebeng eno, dinaga tse 18 tse di humanegileng thata tsone di tlhaelela kgakala, ka gonne ngaka e le 1 e tlhokomela baagi bangwe le bangwe ba le 3 707 go ya go 49 118 ka tsa kalafi. Ka kakaretso fela batho ba ba mo dinageng tse di humileng thata ba tshela lobaka lwa dingwaga di le 73 kgotsa go feta, fa ba ba mo dinageng tse di fetang halofo ya dinaga tse di humanegileng bone ba tshela dingwaga tse di kafa tlase ga 50.

Maemo a thuto le one a kwa tlase fela thata mo dinageng tse di humanegileng, mme gantsi seno se dira gore bana ba feleletse ba tshelela mo lehumeng. Seemo seno se se kwa tlase sa thuto se lemogiwa fa go lebelelwa palo ya batho ba ba itseng go bala le go kwala. Fa dinaga di le 7 mo go tse 9 tse di humileng thata di na le diperesente di le 100 tsa batho ba ba itseng go bala le go kwala (dinaga tse dingwe di le 2 di na le diperesente di le 96 le 97), dinaga tse 18 tse di humanegileng tsone di na le diperesente tsa go tloga ka 81 go ya go di le 16 tsa batho ba ba itseng go bala le go kwala, mme di le 10 mo go tsone di na le diperesente tse di kafa tlase ga 50.

Le fa go ntse jalo, batho ba ba nnang mo dinageng tse di humileng le bone ba na le mathata a a rileng. Le fa gone batho ba ba mo dinageng tse di humanegileng ba ka nna ba bo ba bolawa ke tlala, ba ba nnang mo letlepung ba ntse ba swa ka bontsi ka ntlha ya mathata a a bakwang ke bokima jo bo feteletseng. Buka ya Food Fight e bolela gore “go ja le go nwa bobe ke gone jaanong go bakang malwetse a mantsi a a amanang le dijo mo lefatsheng lotlhe go feta a a bakwang ke phepelotlase.” Mme makasine wa The Atlantic Monthly wa re: “Mo e ka nnang batho ba le dimilione di le robongwe ba Maamerika jaanong ba ‘nonne thata mo ba lwalang,’ se se rayang gore ba fetile bokete jo bo siameng jwa mmele ka dikilogerama di le 45 kgotsa go feta, mme malwetse a a bakwang ke bokima jo bo feteletseng a bolaya batho ba ka nna 300 000 pele ga nako ngwaga le ngwaga mo nageng eno.” One makasine ono o bolela gore “go ise go ye kae, bokima jo bo feteletseng e ka nna ya nna jone bo di gogang kwa pele mo dilong tse di bakang mathata a botsogo mo bathong go gaisa tlala le malwetse a a tshelanwang.” *

Ebu, baagi ba dinaga tse di humileng ba tshela botshelo jwa maemo a a kwa godimo, mme kafa letlhakoreng le lengwe, ba ka nna ba tsaya dilo tse motho a nang le tsone di le botlhokwa thata go na le kamano ya bone le batho ba bangwe, ka gone ba bo ba tlhoma mogopolo thata mo go nneng le dithoto ba bo ba itlhokomolosa botshelo ka bojone. Gape ba ka nna ba simolola go leba motho a le botlhokwa go ya ka tiro ya gagwe, madi ao a a amogelang, kgotsa dilo tse a nang le tsone, go na le go lebelela kitso e a nang le yone, botlhale jwa gagwe, bokgoni jo a nang le jone kgotsa dinonofo tsa gagwe tse di molemo.

Setlhogo sengwe mo makasineng wa dikgang o o gatisiwang beke le beke kwa Jeremane se ne sa gatelela botlhokwa jwa gore go tshela botshelo jo e seng jwa manobonobo ke gone go lereng boitumelo ka go botsa jaana: “A ga go Botoka go sa Nne le Dithoto Tse Dintsi?” Setlhogo seno se ne sa re: “Ga se gore gone jaanong baagi ba le bantsi ba kwa dinageng tsa Bophirima ba itumetse thata go feta mo masomesomeng a dingwaga a a fetileng, le fa gone khumo ya bone e oketsegile ka selekanyo se segolo. . . . Motho ope fela yo o ratang dithoto thata go ka direga gore a feleletse a sa itumela.”

Go Lekalekanya Maemo Sentle

Ee, mabaka a bontsha gore le fa gone batho ba ba humileng mmogo le ba ba humanegileng ba na le dilo dingwe tse di solegelang molemo ka botshelo jwa bone, gape go na le tse di sa itumediseng. Botshelo jwa batho ba ba humanegileng e ka tswa e le jwa maemo a a kwa tlase thata, mme kafa letlhakoreng le lengwe jwa batho ba ba humileng jone bo ka raraana ka tsela e e feteletseng. A bo go ne go ka nna molemo jang ne fa sengwe le sengwe sa ditlhopha tse pedi tseno tsa batho se ne se ka ithuta sengwe go tswa mo go se sengwe! A mme gone go a utlwala go akanya gore tekatekano e e ntseng jalo e ka tsamaya e nna gone?

Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, o ka nna wa akanya gore mokgele ono, le fa gone o ratega, tota ga se selo se batho ba ka kgonang go se fitlhelela. Mme e bile hisitori e tshegetsa tsela e o akanyang ka yone. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore dilo di ka se tsamaye di siama. O ka nna wa bo o sa lemoge tharabololo ya konokono ya bothata jono. Tharabololo eo e ka tswa e le eng?

[Ntlha e e kwa tlase]

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Go ise go ye kae, bokima jo bo feteletseng e ka nna ya nna jone bo di gogang kwa pele mo dilong tse di bakang mathata a botsogo mo bathong go gaisa tlala le malwetse a a tshelanwang.”—The Atlantic Monthly

[Kerafa mo go tsebe 5]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Dinaga tseno di rulagantswe go ya ka tatelano ya ditlhaka

Dinaga Tse Robonngwe Tse di Humileng go di Gaisa Tsotlhe

Lobaka lo Banna ba lo Tshelang (dingwaga) Batho ba ba Itseng go Bala le go Kwala (%)

Belgium

75.1 100

Canada

76.4 96.6

Denmark

74.9 100

Iceland

78.4 100

Japan

78.4 100

Luxembourg

74.9 100

Norway

76.5 100

Switzerland

77.7 100

United States

74.4 95.5

Dinaga Tse di Lesomerobedi Tse di Humanegileng go di Gaisa Tsotlhe

Lobaka lo Banna ba lo Tshelang (dingwaga) Batho ba ba Itseng go Bala le go Kwala (%)

Benin

50.4 37.5

Burkina Faso

43 23

Burundi

42.5 48.1

Chad

47 53.6

Congo, Rep. Of

49 80.7

Ethiopia

47.3 38.7

Guinea-bissau

45.1 36.8

Madagascar

53.8 80.2

Malawi

37.6 60.3

Mali

44.7 40.3

Mozambique

38.9 43.8

Niger

42.3 15.7

Nigeria

50.9 64.1

Rwanda

45.3 67

Sierra Leone

40.3 36.3

Tanzania

43.3 75.2

Yemen

59.2 46.4

Zambia

35.3 78

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa go: 2005 Britannica Book of the Year.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 4]

© Mark Henley/Panos Pictures