Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Tla Kopana Kwa Sedibeng”

“Re Tla Kopana Kwa Sedibeng”

“Re Tla Kopana Kwa Sedibeng”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA MOLDOVA

MONYADIWA o tshogile fa a ntse a lebile go gelelwa metsi mo sedibeng a bo a tshololelwa mo tseleng. O tshega monate fa monyadi a mo kuka a bo a kgabaganya ka ene sebata se go tshetsweng metsi mo go sone. Ditsala le ba losika ba tlile go bona le go dudueletsa banyalani ba basha fa ba ntse ba dira moetlo ono o o sa bolong go nna o dirwa. Ngwao eno e e sa tlwaelegang ya lenyalo e bontsha sentle gore kwa Moldova, sediba se se mo motseng ga se tsewe e le khuti fela ya metsi.

Moldova e kwa borwabotlhaba jwa Yuropa mme e bapile le melelwane ya Ukraine kafa bokone, kafa botlhaba le kafa borwa mme kafa bophirima jwa yone e bapile le Romania. E bogolo jwa disekwerekilometara di le 34 000.

Le fa go na le dinoka di ka nna 3 100 kwa Moldova, komelelo e e nnang teng gangwe le gape e dira gore dinoka di se ka tsa kgona go tlamela baagi ba le 4 300 000 ka metsi a a lekaneng. Diperesente di le 20 tsa metsi a a tswang mo didibeng di thusa go oketsa metsi ano a dinoka. Go fopholediwa gore go na le didiba di ka nna 100 000 go ya go 200 000 go ralala karolo ya Moldova ya noka ya Prut!

Go bapa le ditsela tse dikgolo le tse dinnye tsa Moldova, go na le didiba tse di nang le dikhurumelo tse di kgabisitsweng tse bajanala ba ba lapileng ba ka kgonang go inyorolola mo go tsone. Mo metseng e le mentsi ya naga eno, gantsi ditsala di kopana kwa sedibeng go tlotla ka dikgang tsa letsatsi.

Ngwao ya go Tlotla Metsi

Kwa Moldova, ngwao ya go tlotla metsi e bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, matlwana a boithomelo a agiwa kgakala le sediba sa legae mme go tlhomamisa gore sediba seno se nna se le phepa, go na le molao o o kgatlhanong le go busetsa metsi mo sedibeng fa e le gore motho o gile a le mantsi thata. Fa motho a gelela metsi a le mantsi go feta a a a tlhokang, o tshwanetse a tshololela a mangwe fa fatshe kgotsa a a tshele mo teng ga kgamelo e e beilweng gaufi le sediba. Mo godimo ga moo, go kgwela mathe gaufi le sediba go tsewa e le go tlhoka maitseo. Mme e bile, ngwao ya teng e go tsaya e le moila go ngangisana gaufi le sediba!

Didiba di dira gore batho ba Moldova ba nne le kutlwano. Go epa sediba ke tiro e e dirwang ke setšhaba mme tiro eno e tsewa e le botlhokwa thata fela jaaka go agiwa ga ntlo e ntšha. Seno se bontshiwa sentle ke seane sa lefelo leo se se reng, Motho yo o paletsweng ke go aga ntlo ya gagwe, go godisa ngwana wa mosimane, go epa sediba le go jala setlhare o sentse ka botshelo jwa gagwe. Fa sediba se weditswe, mongwe le mongwe yo o nnileng le seabe mo tirong eno o lalediwa go tla moletlong o mogolo.

Mathata a Tikologo

Bontsi jwa didiba tsa kwa Moldova ke tsa metsi a boteng jwa dimetara di le 5 go ya go di le 12 kafa tlase ga lefatshe. Go na le metsi a mangwe gape a a boteng jwa dimetara di le 150 go ya go di le 250. Le fa batho ba nnile kelotlhoko malebana le go sireletsa metsi ka ditsela tse dintsi, metsi a a kafa tlase ga lefatshe a kwa Moldova a ile a kgotlelwa ke leswe la dikhemikale tse di kileng tsa dirisiwa mo madirelong le mo temothuong. Kgatiso ya 1996 ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e bidiwang Republic of Moldova Human Development Report e ne ya bolela gore di-nitrate le dibakateria tse di bakang bolwetse di ile tsa kgotlela “mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa didiba tsa Moldova.” Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng metsi ao a ile a tokafala ka gonne tiro e e dirwang mo madirelong e ile ya fokotsega mmogo le leswe la dikhemikale tsa madirelo le diedi tse dingwe tse di neng di elela mo metsing.

Fa o ka etela kwa Moldova, ga o tlhoke go tshela metsi fa fatshe mo tseleng gore o nne le motlotlo o o monate. O ka utlwa dikgang tsa letsatsi o ntse o dutse o nwa galase ya metsi a a tsiditsana a a monate. Se o se tlhokang fela ke gore go nne le Mo-Moldova mongwe yo o ratang go amogela baeng yo o ka ithaopang go ya go kopana le wena kwa sedibeng.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 30, 31]

TIRO YA GO BETLA YA SETSO

Fa e sa le Oleg a fetsa mo sekolong, o ne a nna mogwebi yo o berekang ka ditshipi mme ga a bolo go dira dikhurumelo tse di kgabisitsweng tsa didiba. Oleg a re: “Ke akanya gore tiro ya go bereka ka ditshipi e tsamaya ka losika mo lelapeng la gaetsho. Mo tshimologong ya lekgolo le le fetileng la dingwaga, mogwebi mongwe wa Mojuda yo o neng a nna ka kwantle ga motse wa Lipcani o ne a ruta rremogolo tiro ya go betla ka tshipi. Morago ga kgailo ya Bajuda ya ntwa ya lefatshe ya bobedi, bagwebi ba sekae ba ba neng ba setse e ne e se Bajuda. Ke ka nako e rre a neng a ithuta tiro eno mme le ene a e nthuta.”

Le fa Oleg a dira dibopego tse di raraaneng tse di kgabisang dikhurumelo tsa didiba, o dirisa didirisiwa tse di tlwaelegileng fela. Baagi ba lefelo la bone ba anaanela thata tiro ya gagwe e e botswerere. Oleg a re: “Gantsi batho ba na le go batla go reka dilo ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase mo bagwebing ba bangwe mme gantsi fa ba reka dikhurumelo tsa sediba mo go nna, ba duela madi a ke a kopang kwantle ga go ngongorega.”

[Dimmapa mo go tsebe 30, 31]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

UKRAINE

MOLDOVA

ROMANIA

Lewatle le Lentsho