Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tlhotlheletso ya Makwalodikgang

Tlhotlheletso ya Makwalodikgang

Tlhotlheletso ya Makwalodikgang

Fa Ntwa ya Lefatshe I e sena go phutlhamisa bogosi jwa kwa Jeremane, puso ya temokerasi ya bososialise e ne ya simolola go busa kwa Berlin. Morago ga moo, Bakomonisi ba ne ba leka go diga puso eno e ntšha. Bokomonisi mmogo le puso ya Berlin di ne di akanya gore go laola metswedi ya dikgang go ne go tla dira gore di kgone go laola batho le tsela e ba lebang dilo ka yone. Ka gone, go ne ga simolola ntwa e e matlho mahibidu ya go batla go laola metswedi ya dikgang.

MO MASOMENG a le mmalwa a dingwaga a a fetileng, makwalodikgang a ile a laola tsela e batho ba tshelang ka yone, a nna le tlhotlheletso mo dipolotiking, a nna le seabe sa botlhokwa mo kgwebong a bo a ama le botshelo jwa batho ba le dimilionemilione letsatsi le letsatsi. Makwalodikgang a ama botshelo jwa gago jang?

Kafa go lebegang ka teng, ka 1605 Jeremane e ne ya nna yone naga ya ntlha go gatisa lokwalodikgang kwa Yuropa. Mo mafelong mangwe gompieno, mo e ka nnang batho ba le 3 mo go ba le 4 ba dingwaga tse di kwa godimo ga 14 ba bala lokwalodikgang letsatsi le letsatsi. Le fa gone dinaga dingwe tse di tlhabologang di gatisetsa batho ba le 1 000 dikhopi tse di kwa tlase ga 20 tsa lokwalodikgang lwa letsatsi le letsatsi, Norway yone e gatisetsa batho ba le 1 000 dikhopi di feta 600. Go gatisiwa makwalodikgang a a farologaneng a ka nna 38 000 mo lefatsheng lotlhe.

Makwalodikgang gongwe le gongwe a sedimosetsa batho ka dilo tsa botlhokwa. Mme a dira se se fetang seo. A naya tshedimosetso e babadi ba le bantsi ba kgonang go itirela ditshwetso ka yone fa ba sena go e bala. Dieter Offenhäusser wa Mokgatlho wa Jeremane wa UNESCO a re: “Fa re ntse re bala lokwalodikgang letsatsi le letsatsi, lo ama tsela e re ikutlwang ka yone, boitshwaro jwa rona le dilo tsa botlhokwa tse re di tsayang e le maitsholo a mantle.”

Baitsehisitori ba bolela gore makwalodikgang a ile a dira gore go nne le dintwa, a di tshegetsa a bo a bolela gore di itshiametse fela. Ba tshegetsa kgang ya bone ka go nopola Ntwa ya 1870-71 ya Fora le Prussia, Ntwa ya Spain le Amerika ya 1898 le Ntwa ya Vietnam ya 1955-75. Borakgwebo ba le bantsi, baitsesaense, ba ba di gogang kwa pele mo go tsa boitlosobodutu le boradipolotiki ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke matlhabisaditlhong mangwe a a neng a gatisiwa mo makwalodikgannyeng. Mo kgannyeng e e itsegeng thata ya matlhabisaditlhong ya Watergate ya mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1970, babegadikgang ba ba senolang ditiro tse di sa siamang ba ne ba kwala ka ditiragalo di le dintsinyana tse di neng tsa dira gore Moporesidente wa United States e bong Richard M. Nixon a role tiro. Ee, metswedi ya tshedimosetso e ka nna le tlhotlheletso e kgolo thata, e ka tswa e le tlhotlheletso e e molemo kana e e bosula.

Mme gone tlhotlheletso eno e simologile jang? Se re se balang mo makwalodikgannyeng se boammaaruri go le kana kang? Ke dilo dife tse re tshwanetseng go nna re di etse tlhoko gore re kgone go solegelwa molemo ke makwalodikgang?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Ntwa ya kwa Berlin ya go lwela taolo ya makwalodikgang e e neng ya lowa morago ga Ntwa ya Lefatshe I