Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Rata Ditšhaba tse di Rileng go Feta Tse Dingwe?

A Modimo o Rata Ditšhaba tse di Rileng go Feta Tse Dingwe?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Rata Ditšhaba tse di Rileng go Feta Tse Dingwe?

BATHO ba le bantsi ba akanya gore Modimo o rata setšhaba sa bone go gaisa tse dingwe. Mme fa ba ka kopiwa gore ba ntshe bosupi jwa seo, ba tla reng? Bangwe ba ka nna ba bua ka dilo tse setšhaba sa bone se di fitlheletseng—tse di jaaka go fenya dintwa kgotsa kafa ikonomi ya bone e golang ka teng. Ba ka nna ba bo ba kaya le dithulaganyo tse ba di dirileng tse di ileng tsa atlega tsa go fepa batho ba ba bolawang ke tlala, go sireletsa batho ba ba humanegileng kgotsa go dira gore batho botlhe ba tshwarwe sentle ba sa tlhaolwe. Ba bangwe ba bolela gore Modimo o rata nagagae ya bone go gaisa tse dingwe ka ntlha ya bontle jwa yone jwa tlholego.

Boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ipelafatsa ka setšhaba sa gaeno bo teng mo dinageng tsotlhe. Gone mme, a Baebele e tshegetsa kgopolo ya gore Modimo o rata setšhaba se se rileng go feta tse dingwe?

Nonofo ya Modimo e e Botlhokwa go di Gaisa Tsotlhe

Re ka kgona go bona karabo fa re ka tlhaloganya sentle nonofo nngwe e Modimo Mothatayotlhe a nang le yone, e Baebele e e tlhalosang ka tsela e e utlwalang sentle. Modimo ga a na tlhaolele. Ka sekai, Ditiro 10:34 e bolela jaana ka tlhamalalo: “Modimo ga a na tlhaolele.” Gape, Baebele ya re Jehofa Modimo ‘ga a tshware ope ka go mo tlhaola’ le gore “ga go na tshiamololo mo go Jehofa Modimo wa rona kgotsa tlhaolele.” (Duteronome 10:17; 2 Ditiragalo 19:7) Modimo o ila tlhaolele; o e tsaya e le tshiamololo.

Le fa go ntse jalo, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A mme Modimo o ne a sa rata setšhaba sa Iseraele sa bogologolo go feta ditšhaba tse dingwe? A seo se ne se sa supe gore o na le tlhaolele?’ Ee, Modimo o ile a itlhaolela setšhaba sa Iseraele mo metlheng eo ya go kwalwa ga Baebele, mme o ne a sireletsa Baiseraele mo dintweng dingwe tse ba neng ba di lwa le ditšhaba tse dingwe. Mo godimo ga moo, Baebele e bolela jaana ka Modimo: “O bolelela Jakobe lefoko la gagwe, le Iseraele melao ya gagwe le ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi. Ga a dira jalo mo setšhabeng sepe se sele.” (Pesalema 147:19, 20) A mme tsela e Modimo a neng a dirisana ka yone le Baiseraele e bontsha gore o na le tlhaolele? Nnyaa. Akanya ka mabaka ano a mararo.

La ntlha, Modimo o ne a itlhaolela Iseraele gore ditšhaba tsotlhe di solegelwe molemo. O ne a dira kgolagano le rremogologolwane wa setšhaba seo e bong Aborahame, a re: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Genesise 22:17, 18) Ee, lebaka la go bo Modimo a ne a dirisana jalo le Iseraele e ne e le gore go nne le “losika” lo lo tla dirang gore go nne le masego a magolo, e seng mo bathong ba setšhaba se le sengwe fela mme mo bathong ba “setšhaba sotlhe sa lefatshe.”

Sa bobedi, ditshegofatso tsa Modimo ga di ise di ko di felele fela mo bathong ba Iseraele. Kwantle ga go tlhaola ope, o ne a dira gore batho ba ditšhaba tse dingwe ba kgone go kopana le setšhaba se a neng a se itlhophetse gore ba mo obamele mmogo le sone. (2 Ditirafalo 6:32, 33) Ba le bantsi ba ne ba amogela taletso eo mme ba ne ba segofadiwa ka ntlha ya seo. Mosadi mongwe wa Momoabe e bong Ruthe ke sekai se se itsegeng sentle sa batho ba ba ntseng jalo.—Ruthe 1:3, 16.

Sa boraro, kamano e e kgethegileng e Modimo a neng a na le yone le Iseraele wa mo lefatsheng e ne e le ya nakwana. Ka 29 C.E., go ne ga tlhaga “losika” lo go boleletsweng pele ka lone e leng Mesia mo Iseraele, e bong Jesu Keresete. (Bagalatia 3:16) Mme batho ba naga ya gaabo Jesu ba ne ba mo gana ba sa batle go dumela gore e ne e le ene Mesia. O ne a ba raya a re: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:38) Morago ga foo, Modimo ga a ise a ko a tlhole a dirisana le setšhaba sengwe se se rileng sa lefatshe le go nna le seabe mo dintweng tsa sone. Go na le moo, o segofatsa batho botlhe a sa tlhaole ope. Akanya ka dikai dingwe.

Dimpho Tse Modimo a di Nayang Batho Botlhe

Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete ke mpho e e di gaisang tsotlhe e Modimo a e fileng batho. (Baroma 6:23) E thusitse go golola batho mo boleong le mo losong, mme ya dira gore mongwe le mongwe wa rona a nne le tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Mpho eno ke e e neilweng batho “ba ba [tswang] mo lotsong longwe le longwe le teme le batho le setšhaba.” (Tshenolo 5:9) Ee, Modimo o batla gore “mongwe le mongwe yo o dumelang” mo go Jesu a bone “botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di tlisetsa batho ba ba kutlo masego a le mantsi. (Tshenolo 14:6, 7) Di dira gore ba nne le tsholofelo ka isagwe mme e bile di ba naya kgakololo e e molemo e e ka dirang gore ba tshele botshelo jo bo itumetseng gone jaanong. Jehofa o ile a rulaganya kwantle ga go tlhaola ope gore ‘dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di rerwe mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.’ (Mathaio 24:14; 28:19, 20; Ditiro 16:10) Dikgang tse di molemo tseo di mo Baebeleng, buka e e leng teng—bobotlana karolo ya yone—ka dipuo tse di fetang 2 300. Jaaka rre yo o lorato, Jehofa o dirile gore mo e ka nnang mongwe le mongwe mo lefatsheng a kgone go utlwa “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 6:68; Joshua 1:8.

Dimpho tseno le tse dingwe tse di tswang kwa Modimong di kgona go bonwa ke batho botlhe—ee, ba ditšhaba tsotlhe, ditso le ba dipuo tsotlhe. Ka jalo, go amogelwa ga batho ke Modimo le go segofadiwa ke ene ga go a ikaega ka gore ba tsholetswe kae kgotsa ke ba lotso lofe.

Modimo o Rata Bomang?

Ke eng se re tshwanetseng go se dira gore Modimo a re amogele? Moaposetoloi Petere o araba potso eo ka go bolela jaana: “Mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.” (Ditiro 10:34, 35) Ga go na pelaelo gore ga go a lekana go bolela fela gore re rata Modimo mme re sa go supe ka ditiro. Re tshwanetse go bontsha gore re rata Modimo ka tsela ya mmatota, re boifa go mo utlwisa botlhoko. Gape re tshwanetse go “dira tshiamo,” kgotsa go tswelela re dira se se siameng mo matlhong a Modimo.

Ka sekai: Mo dinageng di le dintsi, go na le dikolo di le dintsi, mme ke batho ba ba yang sekolong fela le ba ba dirisang se ba se ithutang kwa sekolong ba ba solegelwang molemo. Ka tsela e e tshwanang, Modimo o amogela batho botlhe, mme rona re tlhoka go dira maiteko. Maiteko ao a tla akaretsa go bala Baebele ka metlha, go bontsha gore re dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete le go tshela go ya ka melaometheo ya Baebele. Fa e le gore tota re ‘batla Jehofa,’ re tla iphitlhela re le mo seemong se se dirang gore a re amogele.—Pesalema 105:3, 4; Diane 2:2-9.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Modimo o dirile gore batho ba ditšhaba tsotlhe ba kgone go bona “mafoko a botshelo jo bo sa khutleng”