Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Tshwanetse go Nyalana ka go Dira Moletlo wa Lenyalo?

A re Tshwanetse go Nyalana ka go Dira Moletlo wa Lenyalo?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A re Tshwanetse go Nyalana ka go Dira Moletlo wa Lenyalo?

“Cindy, kgarebe e ke neng ke beeletsane le yone ke ene a simolotseng kgang ya gore re ngwege mme re ye go nyalana koo go se na batho, re sa bolelela ditsala tsa rona le ba losika. Fa re sena go tlotla ka kgang eo, re ne ra akanya gore fa re ka dira jalo, ga go kitla go re tseela nako e ntsi e bile go ka se re ngomole pelo thata.”—Allen. *

FA E le gore o setse o godile ka mo go lekaneng go ka nyala e bile o ratana le mongwe, kgang ya go ngwega gore lo ye go nyalana lo le losi koo e ka nna ya go kgatlha. Mo maemong mangwe, baratani ba ka nna ba raelesega go ngwega le go ya go nyalana ba sa bolelela le e leng batsadi ba bone tota. * Ke melaometheo efe e e ka go thusang malebana le gore o direng mo kgannyeng e e ntseng jalo?

A o Tshwenyegile Thata ka Dingwao?

Le fa gone lenyalo le ka tswa le tlwaelegile mo ditsong di le dintsi, dingwao tse di tsamaisanang le moletlo wa lenyalo di farologana thata. Baratani ba Bakeresete ga ba itshwenye thata ka gore a letsatsi la go nyalana ga bone le tla tsamaisana le dingwao tsotlhe tsa lefelo le ba leng mo go lone. (Baroma 12:2) Go na le moo, selo sa botlhokwa thata mo go bone ke gore tsela e ba itshwarang ka yone fa ba sa ntse ba ratana le lenyalo la bone di tlotle Jehofa Modimo.—1 Bakorintha 10:31.

E re ka lenyalo e le thulaganyo e e tlotlegang, gantsi baratani ba le bantsi ga ba batle gore e nne sephiri. Mo dinageng di le dintsi tsa kwa Bophirima, gantsi baratani ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba rulaganya go nyalela kwa Holong ya bone ya Bogosi. * Morago ga moo, ba ka nna ba swetsa ka gore ba dire moletlo wa lenyalo o mo go one ba tla bong ba ja le go itumela le ba lelapa le ditsala. Ga go tlhokege gore meletlo e e ntseng jalo e nne e megolo thata. Gone ke boammaaruri gore go baakanyetsa moletlo wa lenyalo go ka ngomola pelo e bile go ka nna ga ja madi a mantsi. Ka sekai, kwa United States, gantsi meletlo ya manyalo e ja batho diranta di le diketekete.

Baratani bangwe bone ba ile ba tlhopha go dira moletlo o monnye gore ba se ka ba ngomoga pelo thata le gore ba fokotse ditshenyegelo. Cindy a re: “Re ile ra bolelela batsadi ba rona gore ga re batle go nyalana ka go dira moletlo ka gonne re ne re batla go dira thulaganyo fela e e sa raraanang e e se kitlang e re ja madi a le mantsi. Batsadi ba me ba ne ba bolela gore ba tlhaloganya kafa re ikutlwang ka teng mme ba dumalana le rona. Ba ne ba re tshegetsa tota.” Ka fa letlhakoreng le lengwe, lekawana le Cindy a neng a beeletsane le lone e bong Allen, yo o umakilweng pelenyana, o ne a bolelela batsadi ba gagwe ka dithulaganyo tsa bone tsa lenyalo, mme ba ne ba sa kgone go amogela tshwetso e ba e dirileng. Allen a re: “Ba ne ba ikutlwa molato, ba akanya gore re ne re batla go dira jalo ka go bo go na le sengwe se ba se dirileng. Mme tota go ne go sa nna jalo.”

Batsadi ba gago le bone ba ka nna ba kgobega marapo fa o swetsa ka gore o dire moletlo o monnye wa lenyalo, ka gore gongwe ba ne ba batla gore go nne le batho ba le bantsi ka mo go ka kgonegang ka gone ba ba ka itumelelang letsatsi le le kgethegileng leno le lona. Mme go tweng ka kgang ya go batla go nyala o sa bolelela batsadi ba gago sepe, e le ka go bo o itse gore ba lelapa la gaeno ba tla nna kgatlhanong le lenyalo la gago?

Akanyetsa Maikutlo a ba Lelapa la Gaeno

Go ka direga gore batsadi gago ga ba batle gore o nyale ka gonne ba akanya gore o sa ntse o le mmotlana thata go ka dira tshwetso e e botlhokwa jalo. Ba ka nna ba bo ba boifa gore tsela e o ikutlwang ka yone gone jaanong e ka nna ya fetoga fa o ntse o gola mme go ise go ye kae o bo o ikwatlhaela go bo o nyalane le motho yo o mo tlhophileng. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ka nna ba tsaya gore o setse o godile go ka nyala, mme ba akanya gore go na le dilo dingwe tse ba sa di rateng ka motho yo o ratanang le ene. Kgotsa, ba ka nna ba go iletsa go nyala e le ka go bo o tlhophile go nyalana le motho yo o seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa gago.

Fa e le gore batsadi ba gago ke Bakeresete ba boammaaruri, gongwe ba na le mabaka a a theilweng mo Baebeleng a go bo ba tshwenyegile. Go a tshwanela gore ba bue ka dilo tse di ba tshwenyang. Ee, fa ba sa bue le wena ka dilo tse di ba tshwenyang, Jehofa o tla tsaya gore ga ba amege ka wena e bile ga ba go rate. Mme ke wena o tla solegelwang molemo fa o ka ba reetsa.—Diane 13:1, 24.

Ka sekai: Fa o reka seaparo sengwe, gantsi o tla botsa motho yo mongwe gore a se a go tshwanela. O ka nna wa bo o sa dumalane le karabo ya gagwe mme o sa ntse o batla gore batho ba e leng ditsala tsa gago tota ba go bolelele gore a seaparo seo se a go tshwanela. O tla anaanela se ba se go bolelelang ka gonne go tla go thusa gore o se ka wa senya madi. Mme go botlhokwa le e leng go feta gore o utlwe gore ba lelapa la gaeno ba ikutlwa jang ka motho yo o batlang go nyalana le ene. Le fa gone o ka kgona go busa seaparo se o se rekileng kgotsa go se latlha, Jehofa o lebeletse gore o nne le molekane wa gago go ya go ile. (Mathaio 19:5, 6) Fa o ka tlhopha motho yo o sa tsamaisaneng le botho le bomoya jwa gago, seo se tla dira gore lenyalo la lona le nne le mathata a a fetang a o ka nnang le one fa o ka reka seaparo se se sa go tshwaneleng.” (Genesise 2:18; Diane 21:9) Mme ka go dira jalo, o ka nna wa itima tshono ya go bona boitumelo jwa mmatota.—Diane 5:18; 18:22.

Gone ke boammaaruri gore batsadi bangwe ba ka nna ba bo ba sa dumalane le lenyalo la ngwana wa bone ka ntlha ya mabaka mangwe a bogagapa—ka sekai, e le ka go bo ba batla go nna ba laola ngwana wa bone. Le fa go ntse jalo, pele ga o ka akanyetsa batsadi ba gago gore ba dira dilo ka ntlha ya bogagapa, le gore o ngwege go ya go nyalana le motho yoo lo le nosi, ke eng fa o sa iphe nako ya go akanyetsa mabaka a bone?

Mabaka A go Bo o Tshwanetse go Nna Kelotlhoko

Gone ke boammaaruri gore dilo tse o di ratang di a fetoga fa o ntse o gola. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Ka tsela e e tshwanang, dilo tse di ka tswang di go kgatlha mo mothong fa o le mosha di ka nna tsa fetoga thata fa o setse go o godilenyana. Ka jalo, Baebele e akantsha gore pele ga o tsaya kgato e e masisi ya go tlhopha molekane wa lenyalo, o lete go fitlha o “fetile nako ya bosha”—dingwaga tse ka tsone keletso ya tlhakanelodikobo e nonofileng thata ka tsone.—1 Bakorintha 7:36.

Go tweng fa e le gore go na le dilo dingwe tse batsadi ba gago ba sa di rateng ka motho yo o ratang le ene? E re ka batsadi ba gago ba na le boitemogelo ka botshelo, bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo ka tswa bo thapisitswe botoka gore ba kgone go bona se se siameng le se se sa siamang. (Bahebera 5:14) Ka gone, ba ka nna ba bona dilo dingwe tse di ba tshwenyang thata ka motho yo o batlang go nyalana le ene mme wena o sa di bone. Akanya ka se monna yo botlhale e bong Solomone a ileng a se kwala malebana le se se ka nnang sa direga: “Wa ntlha mo kgetsing ya gagwe ya molao o siame; mongwe ka ene o a tsena mme a mo hukutse.” (Diane 18:17) Ka tsela e e tshwanang, motho yo o ratanangg le ene a ka nna a bo a ile a dira gore o tlhatswege pelo gore ke ene motho yo o go siametseng. Le fa go ntse jalo, fa batsadi ba gago ba sena go ‘mo hukutsa,’ ba ka nna ba go bontsha dilo dingwe tse go tla nnang botlhale gore o di akanyetse.

Ka sekai, ba ka nna ba go gakolola ba tiisitse gore Baebele e kaela Bakeresete ba boammaaruri gore ba nyale “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Wena o ka nna wa tlhalosa gore o itse ba bangwe ba ba ileng ba nyalana le batho ba e neng e se Bakeresete mme gone jaanong ba direla Jehofa mmogo ka boitumelo. Gone ke boammaaruri gore go a direga. Le fa go ntse jalo, ke ba le mmalwa fela ba bone ba ba feleletsang ba na le lenyalo le le itumetseng. Fa o nyalana le motho yo e seng Mokeresete, ga o itlhokomolose melao ya ga Jehofa fela mme gape o itsenya mo kotsing e kgolo ya semoya.—2 Bakorintha 6:14. *

Lebaka Le le Sa Siamang la go Batla go Nyala

Basha bangwe ba ile ba tshaba kwa gae mme ba bo ba nyalana ka go bo ba dirile boitsholo jo bo sa siamang mme ba akanya gore fa ba nyalana le motho yoo, go tla dira gore ba se ka ba tshwenyega mo segakoloding. Kgotsa ba tswa ba ne ba akanya gore ba tla kgona go fitlha ditlamorago tsa boleo jwa bone, jo bo jaaka go ima ba ne ba sa ikaelela.

Fa e le gore o nyala ka go bo o batla go bipa boleo bongwe, e tla bo e le fela go oketsa bothata jo bongwe mo godimo ga jo bongwe. Solomone o ne a tlhagisa jaana: “Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” (Diane 28:13) Batsadi ba ga Solomone e bong Dafide le Bathesheba, ba ile ba bona boeleele jwa go leka go fitlha boitsholo jwa bone jo bo sa siamang. (2 Samuele 11:2–12:25) Go na le gore o bipe boleo jwa gago, bua le batsadi ba gago le bagolwane ba phuthego ka gone. Seno se tla tlhoka gore o nne pelokgale, mme o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go itshwarela fa o ikwatlhaya. (Isaia 1:18) Fa o se na go nna le segakolodi se se phepa gape, o tla bo o le mo seemong se se botoka sa go ka dira tshwetso e e siamang ka lenyalo.

Dira Gore Go se Ka ga Nna le Sepe Se o Ka se Ikwatlhaelang

Fa Allen a akanya ka lenyalo la gagwe a re: “Tshwetso e re neng ra e dira ya gore re nne le lenyalo le lennye e ile ya re thusa gore re se ka ra ngomoga pelo thata. Selo se ke se ikwatlhaelang fela ke gore ga ke a ka ka thusa ba lelapa la gaetsho go tlhaloganya sentle mabaka a go bo re ne re dirile tshwetso e e ntseng jalo.”

Gore a baratani ba ba setseng ba godile ba nyalana ka go dira moletlo wa lenyalo kgotsa nnyaa, ke tshwetso e motho a itirelang yone ka boene. Le fa go ntse jalo, fa o dira ditshwetso le fa e le dife ka lenyalo, o se ka wa itlhaganela, buisana le ba lelapa la gaeno mme o bo o ‘akanyetse dikgato tsa gago.’ Seno se tla dira gore go se ka ga nna le sepe se o tla se ikwatlhaelang.—Diane 14:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a fetotswe.

^ ser. 4 Ka dinako tse dingwe, ga twe go dira jalo ke go thoba.

^ ser. 7 Mafelo ano a kobamelo ke mafelo a a tshwanelang sentle a Basupi ba ga Jehofa ba tshwarelang manyalo a bone mo go one. Go tshwarwa thulaganyo e e motlhofo fela e mo go yone go neelwang puo e e khutshwane e e tlhalosang melaometheo ya Baebele, e e tla thusang banyalani go thaya motheo o o molemo wa lenyalo. Ga go na madi ape a ba a duedisediwang go dirisa Holo ya Bogosi.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, bona makasine wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2004 tsebe 30-1 le November 1, 1989, tsebe 18-22.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Le fa o ka tswa o dira tshwetso efe ka go nyala, buisana le ba lelapa la gaeno