Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Dijo di ka Fela

Fa Dijo di ka Fela

Fa Dijo di ka Fela

MO MAFELONG mangwe mo lefatsheng, batho ba ba nnang mo ditoropong ba lebeletse gore fa ba ya kwa lebenkeleng kgotsa kwa marekisetsong ba fitlhele go na le dijo tse di lekaneng tse ba ka di rekang ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Fa batho bano ba ba rekang dijo ba di fitlhela di le gone ba ka nna ba se ka ba akanya thata ka gore di nnile gone jang le gore di abiwa jang. Le fa go ntse jalo, fa go setse go na le mathata a dijo, batho ba simolola go akanya ka matsapa a a tsewang gore dijo di nne gone mo lebenkeleng gore ba di reke. Fa dijo di ka tlhokega ka ntlha ya mabaka mangwe, seno se ka felela ka masetlapelo.

Akanya ka se se neng sa direga mo nageng nngwe e e nang le mathata a tsa ikonomi kwa Afrika Bokone. Puso e ne ya tlogela go thusa balemi ka madi mme ka bonako fela tlhwatlhwa ya borotho e ne ya tlhatloga go menagane gabedi. Batho ba ba galefileng ba ne ba simolola mogwanto mo mebileng ba bo ba thuba difensetere tsa mabenkele, ba tlhasela dibanka le diofisi tsa poso. Go ne go le dikhuduego mo nageng yotlhe mme go ne ga bidiwa mapodise gore a tle go thusa. Mapodise a ne a leka go emisa dikhuduego tseno ka go thuntsha boidiidi jwa batho, mme go begwa gore go ne ga bolawa batho ba le 120 mme ba bangwe ba le bantsi ba ne ba gobala.

Ka dinako tse dingwe bothata jwa dijo bo ka nna gone le mo dinageng tse di ikemetseng sentle mo go tsa ikonomi, mme seno se bontshiwa ke se se ileng sa diragala kwa Boritane ka September 2000. Batho ba ba neng ba le mo mogwantong o o kgatlhanong le go tura ga peterole ba ne ba thiba dikgoro tse di tswelang kwa ntle tsa khampani e e dirang lookwane gore dilori tse di tsamaisang peterole di se ka tsa tswa. Mo malatsing a se kae fela ke fa diteishene tsa peterole di feletswe ke lookwane, mme dikoloi le dilori di ne tsa tlhoka peterole ya gore di ise dijo kwa mafelong a a farologaneng. Marekisetso le mabenkele a magolo mo nageng eo yotlhe, a a neng a tlwaetse go amogela dijo fa di tloga di fela a ne a sala a se na sepe.

Go na le mathata a a farologaneng a a amanang le go abiwa ga dijo mo dinageng tse di tlhabologang. Ka ntlha ya mabaka a le mantsinyana—a a akaretsang leuba, mathata a ikonomi, dikhuduego le ntwa—kgatiso ya Feeding the Cities, e e gatisitsweng ke Food and Agriculture Organization ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng (FAO) e bolela gore “go direga gantsi gore go se ka ga nna le thulaganyo e e siameng ya go romelwa ga dijo kgotsa di se ka tsa romelwa gotlhelele. Fa dilo tseno di diragala, tota le fa matswela a teng a ka felela fela mo lefelong leo kgotsa e le a nakwana fela, bahumanegi ke bone ba gantsi ba bogang.”

Babatlisisi ba dumela gore go gola ka bonako ga palo ya baagi mo ditoropong go tla lere “dikgwetlho tse dikgolo” mo bathong ba ba tlhagisang dijo le ba ba di abang. Go fopholediwa gore ka ngwaga wa 2007, palo e e fetang halofo ya batho ba ba mo lefatsheng e tla bo e nna mo ditoropong. Go ya ka FAO, “go tlamela [batho ba ba nnang mo ditoropong] ka dijo tse di siameng e bile di sa ture go tla dira gore go nne thata go tlhagisa dijo le go di abela batho go fitlha go pala gotlhelele.”

Go tlisiwa ga dijo kwa mabenkeleng gore batho ba di reke ke selo se se botlhokwa thata. Ka gone, re ka ikaega go le kana kang ka thulaganyo ya go tlhagisiwa ga dijo? Ke ka ntlha yang fa bomankge ba tshwenyegile ka gore thulaganyo eno ya go tlhagisiwa ga dijo e tla tloga e palelwa? A mme go tla tsamaya go nna le nako e mongwe le mongwe a tla bong a sa tlhoke go tshwenyega ka go nna le dijo?

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Go utswiwa ga dilo ka nako ya go tlhaela ga dijo

[Motswedi wa Setshwantsho]

BETAH/SIPA