Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlhoka Magae—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Tlhoka Magae—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go Tlhoka Magae—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA POLAND

“BA A nkga, ke matagwa a a leswe—ga ba na magae, ga go ope yo o itseng sepe ka bone, ga ba na sepe gotlhelele!” Eno ke tsela e e tshosang ya go tlhalosa batho bano, mme go ya ka baithaopi ba tiro ya bone e leng go thusa batho ba ba se nang magae kwa Czestochowa, kwa Poland, eno ke yone tsela e batho ba ba se nang magae ba lejwang ka yone.

Go ya ka pego ya The Economist ya dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, diketekete tsa bana ba ba nnang mo mebileng ya toropo ya Ulaanbaatar ya kwa Mongolia ba ne ba nna mo teng ga diphaepe tse di nkgang tse di tsamaisang leswe la matlwana a boithomelo kgotsa mo teng ga diphaepe tsa megala ya motlakase. Lekwalodikgang leno le ne la tlhalosa gore le mororo batho ba le bantsi ba kwa Mongolia ba ne ba tshosiwa thata ke go utlwa ka bana bano, ba le bantsi ba bone ba ne ba konela ka go re bothata jono bo bakilwe “ke go bo batho ba le bobodu fela thata go ka tlhokomela bana ba bone.”

Kwa dinageng tse dingwe, bana ba ba nnang mo mebileng ba bolawa ke digopa tsa batho ba ba itlhomileng go nna basireletsi ba setšhaba. Ka ntlha yang? Kgatiso nngwe ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya tlhalosa jaana: “Kwa Latin America, bontsi jwa boramolao, mapodise, babega dikgang, borakgwebo le batho ka kakaretso, ba dumela gore bana ba ba nnang mo mebileng ba senya setšhaba.” Yone kgatiso eno e ne ya bolela jaana: “Letsatsi le letsatsi, go bolawa bana ba ka nna bararo ba ba nnang mo mebileng kwa toropong ya Rio de Janeiro.”

Batho ba ba se nang magae “ba dira gore re boife le go tlhobaela . . . , mme gone, ke batho ba ba tshwarwang ke tlala fela jaaka rona. Ba bantsi tota e bile ba tlhoka thuso.” Go ne ga bega jalo setlhogo sengwe mo Internet se se kwadilweng ke baithaopi bangwe kwa Czestochowa ba tiro ya bone e leng go thusa batho ba ba tlhokang magae. Sone setlhogo seno se oketsa ka go re: “Re solofela gore . . . go tla nna le batho bangwe ba ba tla kgonang go thusa batho bano.” Tota ke eng se ba tlhokang go thusiwa ka sone mme ba tlhoka thuso e e kana kang?

[Setshwantsho mo go tsebe 2, 3]

Setlhopha sa bana ba ba se nang magae se nna mo teng ga khuti eno

[Motswedi wa Setshwantsho]

Jacob Ehrbahn/Morgenavisen Jyllands-Posten