Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgwetlho ya go Fepa Batho ba ba Nnang mo Ditoropong

Kgwetlho ya go Fepa Batho ba ba Nnang mo Ditoropong

Kgwetlho ya go Fepa Batho ba ba Nnang mo Ditoropong

“Tiro ya go fepa batho ba ba nnang mo ditoropong mo lefatsheng e ntse e nna thata le go feta. Mme e tlhoka tirisanommogo ya batho ba ba tlhagisang dijo, ba ba di thothelang kwa marekisetsong, batsamaisi ba mebaraka le barekisi ba bantsintsi ba kwa mabenkeleng.”—JACQUES DIOUF, MOKAEDIMOGOLO WA MOKGATLHO WA FOOD AND AGRICULTURE ORGANIZATION (FAO) WA LEKGOTLA LA DITŠHABA TSE DI KOPANENG.

BOMANKGE ba go abiwa ga dijo ba bolela gore go tlamelwa ga batho ba ba nnang mo ditoropong ka dijo ga go a tlhomamisega mo e leng gore e ka nna ya nna “bothata jo bogolo jwa go thusiwa ga batho” mo lekgolong la bo21 la dingwaga.

Go tlhomamisega ka dijo go tlhalosiwa e le “fa batho botlhe ba na le dijo tse di lekaneng ka dinako tsotlhe gore ba tshele ba itekanetse sentle.” Gone jaanong, dijo tse di leng gone mo lefatsheng lotlhe di lekane go ka tlamela batho botlhe ba ba mo lefatsheng ka se ba se tlhokang—fa di ka bo di abelwa batho sentle. Mme kafa go lebegang ka teng, batho ba ka nna dimilione di le 840 ba lala ka tlala letsatsi le letsatsi. Bontsi jwa bone ba nna mo ditoropong. A o ke o akanye ka dilo di se kae tse di bakang bothata jono.

Ditoropo Tse Dikgolo di Tlhoka Dijo Tse Dintsi

Fa ditoropo di ntse di gola, masimo a a di dikologileng a go ntseng go lengwa dijo mo go one a dirisediwa go aga matlo a masha, madirelo le ditsela. Ka ntlha ya seno, masimo a a dirisediwang go lema dijalo a katogela kgakala le ditoropo tse a tlamelang batho ba tsone ka dijo. Gantsi go jalwa dijo di se kae fela mo ditoropong kgotsa ga di jalwe gotlhelele, mme nama e tlisiwa mo go tsone e tswa kgakala kwa magaeng. Mo dinageng di le dintsi tse di tlhabologang, ditsela tse dilori di di dirisang fa di tswa kwa dipolaseng di isa dijo kwa ditoropong ga di a siama. Seno se dira gore dilori tse di thothang dijo di tseye lobaka lo loleele di le mo tseleng, dijo tse dintsi di bo di senyega, mme kwa bofelong di bo di rekisediwa batho ka madi a mantsi, mme bontsi jwa bone e le bahumanegi.

Ditoropo dingwe mo dinageng tse di tlhabologang di setse di na le batho ba le bantsi thata mme ba sa ntse ba tlile go oketsega le go feta. Go lebeletswe gore ka 2015, toropo ya Mumbai (e pele e neng e bidiwa Bombay) e nne le baagi ba le dimilione di le 22,6, Delhi ba le dimilione di le 20,9, Mexico City ba le dimilione di le 20,6 mme São Paulo ba le dimilione di le 20. Go fopholediwa gore toropo e batho ba yone ba leng dimilione di le lesome—e e jaaka Manila kgotsa Rio de Janeiro—e tshwanetse ya reka ditone di le 6 000 tsa dijo go tswa kwa dinageng tse dingwe letsatsi le letsatsi.

Go dira jalo ga go motlhofo, e bile dilo ga di tokafale, segolobogolo mo mafelong a a golang ka bonako. Ka sekai, toropo ya Lahore kwa Pakistan e na le palo e e kwa godimo ya bana ba ba tsholwang (diperesente di le 2,8), mme mo godimo ga moo e na le se go tweng ke palo e e kwa godimo “ka tsela e e tshosang” ya batho ba ba tswang kwa magaeng ba fudugela mo go yone. Dinaga di le dintsi tse di tlhabologang di na le batho ba le dimilionemilione ba ba ologelang mo ditoropong tsa tsone tse di setseng di kgotlhagane ka batho ba ba batlang botshelo jo bo botoka, mebereko, dilo tse di rekisiwang le ditirelo tse dingwe. Ka ntlha ya go fudugela ga batho mo ditoropong ka tsela eno, go lebeletswe gore mo isagweng batho ba toropo ya Dhaka, kwa Bangladesh, ba oketsege ka milione kgotsa go feta ngwaga le ngwaga. Go fopholediwa gore ka 2025, bontsi jwa palo ya baagi ba kwa China ba tla bo ba nna kwa ditoropong, mme gone jaanong peditharong ya bone e nna kwa magaeng. Ka yone nako eo, go lebeletswe gore batho ba le dimilione di le 600 ba bo ba nna kwa ditoropong tsa India.

Go fudugela ga batho kwa ditoropong go fetola tsela e dikarolo di le dintsi tsa lefatshe di ntseng ka yone. Ka sekai, kwa Afrika Bophirima ke batho ba le diperesente di le 14 fela ba ba neng ba nna mo ditoropong ka 1960. Ka 1997 ke fa palo eno e oketsegile go nna diperesente di le 40, mme go dumelwa gore ka 2020, e tla bo e oketsegile gape go nna diperesente di le 63. Kwa karolong e e kwa botlhaba thata jwa Afrika, go lebeletswe gore palo ya banni ba mo ditoropong tsa teng e menagane gabedi mo dingwageng di le lesome. Mme go fopholediwa gore gautshwane jaana diperesente di le 90 tsa palo yotlhe ya batho ba ba oketsegang mo dinageng tse di tlhabologang e tla bo e le ya batho ba ba mo ditoropong tse dinnye le tse dikgolo.

Go oketsa selekanyo sa dijo tsa mo ditoropong gore go fepiwe batho bano botlhe ba ba tshwerweng ke tlala ke namane e tona ya tiro. Tiro eno e tlhoka tirisanommogo ya balemirui ba le diketekete, batho ba ba phuthelang dijo, bakgweetsi ba dilori, barekisi, batho ba ba berekang ka dijo tseno, go akaretsa le dikoloi di le diketekete tse di tla dirisiwang. Le fa go ntse jalo, mo mafelong mangwe ditoropo di setse di tlhoka dijo tse dintsi thata mo e leng gore mafelo a a gaufi ga a kgone go di tlhagisa. Mo godimo ga moo, mo ditoropong tse dintsi mo dinageng tse di tlhabologang, ditirelo tse di jaaka dilori, mabolokelo, mebaraka le matlhabelo di setse di dirisiwa thata.

Go Anama ga Khumanego

Bothata jwa go tlamela palo e e ntseng e oketsega ya batho ka dijo bo raraane le go feta mo mafelong a khumanego e anameng thata mo go one. Ditoropo di le dintsi tse dikgolo tse di tlhabologang, tse di jaaka Dhaka, Freetown, Guatemala City, Lagos, le La Paz di setse di lebane le khumanego ka selekanyo sa diperesente di le 50 kgotsa go feta.

Fa babatlisisi ba sekaseka dijo tse di fitlhelwang mo mafelong ano a batho ba ba humanegileng, ba bontsha gore go na le pharologano fa gare ga go nna gone ga dijo le go kgona go di reka. Dijo di ka nna tsa bo di le teng mo marekisetsong a ditoropo, mme seno ga se thuse batho ba ba humanegileng ba ba nnang mo ditoropong ka sepe fa di tura mme ba se na madi a go di reka. Go ile ga bolelwa gore fa madi a a amogelwang ke batho bangwe ba ba nnang mo ditoropong a oketsega, ba batla selekanyo se sentsi sa dijo, ba ja dijo tse dintsi e bile ba batla mefuta e e farologaneng ya tsone. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba humanegileng ba ba nnang mo ditoropong bone ba palelwa ke go ithekela dijo tse di lekaneng tse ba di tlhokang le tse bone ba di ratang. Malapa a a ntseng jalo a a humanegileng a ka nna a tshwanelwa ke go dirisa diperesente tse di fa gare ga 60 le 80 tsa lotseno lotlhe lwa bone go reka dijo.

Gongwe tlhwatlhwa ya dijo e ka bo e le kwa tlase fa batho ba ka bo ba di reka ka bontsi; le fa go ntse jalo, ga go kgonege fa e le gore batho ga ba na madi a go di reka. Malapa a le mantsi ga a kgone go reka le tsone dijo fela tse ba di tlhokang gore ba tshele, mme seno se felela ka phepelotlase. Ka sekai, mo ditoropong tsa Afrika kwa borwa jwa Sahara, go bolelwa gore phepelotlase ke “bothata jo bo masisi le jo bo anameng.”

Batho ba segolobogolo ba tlhokang dijo tse di lekaneng ke ba ba sa tswang go goroga mo ditoropong ba tswa kwa magaeng ba ba go fitlhelang go le thata go tlwaela botshelo jwa toropo—e leng, bommè ba ba godisang bana ba le bosi, badiredipuso ba ba sa ntseng ba simolola tiro ba ba duelwang thari ka gonne puso e se na madi a a lekaneng go ba duela ka nako, ba ba golafetseng, batsofe le balwetse. Ditlhopha tseno tsa batho ba e leng bone ba segolobogolo ba tlhokang dijo gantsi ba nna mo mafelong a a kafa ntle ga toropo a a se nang ditirelo tsa botlhokwa—motlakase, metsi a diphaepe, kgelelo ya leswe, ditsela le go latlhiwa ga matlakala—koo batho ba bantsi ba nnang mo mafelong a nakwana fela kgotsa mo matlong a a sa babalesegang. Batho ba le dimilione ba ba dirang ka natla tota gore ba nne le dilo tsa konokono tse ba di tlhokang ba ba nnang mo maemong a a ntseng jaana gantsi ba ka amiwa motlhofo fela ke mathata a a nnang gone mo thulaganyong ya go abiwa ga dijo. Gantsi batho ba ba ntseng jalo ba nna kgakala le marekisetso a a fa gaufi mme ga ba na se ba ka se dirang fa e se go duela madi a mantsi go reka dijo tsa boleng jo bo kwa tlase. Ruri seemo se ba leng mo go sone se utlwisa botlhoko.

Maemo A a Sa Iketlang Le a A sa Siamelang Botsogo

Mo mafelong a le mantsi go tlwaelegile gore batho ba le bantsi ba fudugele mo ditoropong go sa rulaganngwa e bile e se kafa molaong. Seno se felela ka gore go nne le mafelo a a sa siamang a a nang le bokebekwa jo bontsi. Kgatiso ya FAO ya Feeding the Cities, ya re: “Nako le nako batsamaisi ba ditoropo tse di tlhabologang ba kgaratlha tota gore ba rarabolole bothata jwa palo e e golang ka bonako ya baagi mo lefelong le tota le lekaneng palo e nnye fela ya bone.”

Mo mafelong a le mantsi a Afrika, gantsi mebaraka e nna gone fela kwa ntle ga gore e rulaganyediwe pele. Barekisi ba simolola go rekisa dilwana tsa bone gongwe le gongwe fela kwa go ka tswang go na le tlhokego gone. Ka gone mebaraka e e nnang gone ka tsela eno ga e nne le ditirelo tsa konokono.

Kwa Colombo, Sri Lanka, go na le marekisetso a magolo le a mannye mo mafelong a a sa tshwanelang mme a tlala thata ka batho. Bakgweetsi ba dilori ba ngongorega ka gore go ba tsaya nako e telele go fitlha mo marekisetsong a magolo le go tswa mo go one. Mafelo a go paka dilori, a go pega dilwana le go di folosa ga se a a tshwanetseng.

Mo mafelong a mangwe, marekisetso ga a tlhokomelwe sentle e bile ga a na botsamaisi jo bo tshwanetseng. Maemo a a seng phepa a a bakwang ke dilo tse di tshelang le tse di sa tsheleng a baka malwetse. Ratoropo mongwe wa kwa Asia Borwa a re: “Mathata ano ke one a dirang gore boleng jwa botshelo bo wele kwa tlase ka iketlo.”

Sengwe sa dikai tse di bontshang mathata a a masisi a a amanang le bophepa le tikologo ke dilo tse di ileng tsa lemogiwa fa go dirwa dipatlisiso mo nameng e e rekisiwang mo toropong nngwe ya kwa Borwabotlhaba jwa Asia. Go tlwaelegile mo toropong eno gore nama e “bewe fela fa fatshe e bo e kopana le lerole le metsi a a leswe.” Go ne ga fitlhelwa baketeria e e bakang malwetse ya salmonella mo diperesenteng di le 40 tsa nama ya kolobe e e neng ya tlhatlhobiwa le mo diperesenteng di le 60 tsa nama ya kgomo, mme nama yotlhe ya kgomo e e neng ya tlhatlhobiwa e ne e na le megare ya E coli. Nama eno e ne ya fitlhelwa gape e kgotletswe ke dimetale tse di botlhole tse di tshwanang le lloto le mekhuri.

E re ka go na le bothata jwa go tlhaela ga dijo le go bo go sa tlhomamisege gore di tla nna teng ka metlha, batho ba ba nnang mo ditoropong, ba leka go lema sebata le fa e le sefe fela sa lefatshe, jaaka fa ba le bantsi ba dira jalo kwa Kano, kwa Nigeria. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa batho bano ga ba a letlelelwa semolao go lema mo mafelong ano. Ka gone go ka direga gore ba kobiwe mo lefelong leo le go senyediwa dijalo tse ba di lemileng ka thata.

Olivio Argenti, yo e leng mankge wa FAO yo o malebana le go nna gone ga dijo ka metlha mo ditoropong, o tlhalosa se a se lemogileng fa a ne a etetse lefelo lengwe la temothuo la mo toropong kwa Mexico, le le gaufi le noka e leswe la matlwana a boithomelo a motse o o fa gaufi le tshelwang mo go yone. Balemirui ba mo lefelong leno ba ne ba dirisa metsi a noka eno go nosetsa merogo ya bone. Ba ne ba dirisa le seretse sa teng go jala merogo eno. Argenti o ne a kwala jaana: “Ke ne ka botsa balaodi gore a ba ne ba lemoga kotsi ya go dira jaana, mme ba ne ba mpolelela gore ga go na sepe se ba ka se dirang ka gonne ga ba na madi kgotsa didirisiwa tse ba ka di dirisang go fetola seemo seno.” Mathata a a ntseng jalo a gone mo mafelong a le mantsi a dinaga tse di tlhabologang.

Ditoropo Tse di Kgaratlhang go Lepalepana le Boemo

Go na le mathata a le mantsi thata a go bonalang a sa fele mo ditoropong tse di golang ka bonako. Mekgatlho ya lefatshe lotlhe, barulaganyi le batsamaisi ba leka ka bojotlhe go rarabolola mathata ano. Dingwe tsa dilo tse ba di dirang ke go kgothaletsa batho ba kwa magaeng go lema dijo le gore go agiwe ditsela tse disha, marekisetso le matlhabelo. Ba bona go tlhokega gore ba kgothaletse batho go reka dikago tsa mabolokelo, ba tokafatse tsela e balemirui, bagwebi, le bakgweetsi ba adimiwang madi ka yone, ba bo ba dirise melao e e tshwanetseng ya kgwebo le ya bophepa. Le fa gone go ile ga dirwa maiteko ano otlhe, babatlisisi ba ile ba lemoga gore balaodi ba le bantsi ba ne ba sa kgone go lemoga le go tsaya dikgato tse di tshwanetseng malebana le dilo tseno. Tota le fa ba ne ba tsaya kgato, go ne go se na madi a a lekaneng a go ka rarabolola mathata ano.

Go oketsega ga mathata a mo ditoropong, segolobogolo ditoropo tsa dinaga tse di tlhabologang, go ile ga dira gore go ntshiwe ditlhagiso go sa le gale. Go ya ka International Food Policy Research Institute, kwa Washington D.C., “batho ba ba nnang mo ditoropong ba tswelela pele ba oketsega, mme mathata ano [tlala, phepelotlase le khumanego] le one a tla oketsega—ntle le fa re ka tsaya kgato gone jaanong.” Janice Perlman, yo e leng poresidente wa Mega-Cities Project, e leng setheo sa mekgatlho e e farologaneng ya ditšhabatšhaba e e dirisanang mmogo e maikaelelo a yone e leng go rarabolola mathata a mo ditoropong, o ne a bolela jaana malebana le isagwe ya ditoropo tsa dinaga tse di humanegileng: “Ga go ise go ke go direge pele gore go nne le batho ba bantsi jaana ba ba kgotlhaganeng mo lefelong le le lengwe ba ba tlhokang go fiwa dijo, go abelwa magae, go thapiwa kgotsa go rulaganyediwa dipalangwa, mo maemong a a thata jaana a tsa madi le tikologo. Ditoropo di setse di na le batho ba le bantsi thata ba di sa kgoneng go ba tlamela.”

Le fa go ntse jalo, go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mathata a go tlhagisa dijo le go di aba a tla tloga a fedisiwa.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

DITOROPO TSE DI GOLANG

Go lebeletswe gore mo e ka nnang palo yotlhe ya go oketsega ga batho mo lefatsheng lotlhe mo dingwageng di le 30 tse di tlang e tla bo e le ya batho ba ba mo ditoropong.

Go lebeletswe gore ka 2007, batho ba ba fetang halofo ya baagi botlhe ba lefatshe ba tla bo ba nna mo ditoropong.

Palo ya batho ba ba nnang mo ditoropong mo lefatsheng lotlhe e fopholediwa gore e tla oketsega ka palogare ya diperesente di le 1,8 ka ngwaga; mme selekanyo seno se tla dira gore palo ya batho ba ba mo ditoropong e menagane gabedi mo dingwageng di le 38.

Go lebeletswe gore palo ya ditoropo tse di nang le baagi ba le dimilione di le tlhano kgotsa go feta e tlhatloge go tswa go 46 ka 2003 go ya go 61 ka 2015.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Go tswa go: World Urbanization Prospects—The 2003 Revision, United Nations Department of Economic and Social Affairs, Population Division

[Lebokoso mo go tsebe 22]

DINGWE TSA DILO TSE DI BAKANG GO TLHAELA GA DIJO LE MATSWELA A GONE

“Nako le nako fa ditlhwatlhwa tsa dijo di tlhatloga ka bonako di a bo di tlhatlosiwa ke go bo go ile ga nna le dikgotlhang tsa sepolotiki mo ditoropong le go fetofetoga ga maemo a loago, e leng dilo tse gantsi di diregang mo lefatsheng lotlhe.”—Jacques Diouf, mookamedimogolo wa Food and Agriculture Organization ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

Ka 1999, setsuatsue se se bidiwang Georges le sa Mitch di ne tsa ripitla Caribbean le Amerika Bogare, tsa baka tshenyo e kgolo, tsa kgoreletsa batho go dira ditiro tsa gale le gale tsa bo tsa dira gore go nne le tlhaelo ya dijo.

Megwanto e e kgatlhanong le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa peterole kwa Ecuador ka 1999 le kwa Boritane ka 2000 e ile ya kgoreletsa thata go leriwa ga dijo mo go tsone.

Go tlhaela ga dijo ke sengwe sa dilo tse di utlwisang botlhoko tse di bakwang ke ntwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

MONGWE WA BATHO BA LE DIMILIONEMILIONE BA BA TLHOKANG DIJO

CONSUELO le bana ba gagwe ba le 13 ba nna mo motseng wa mekhukhu (o o fa godimo) kafa ntle fela ga Lima kwa Peru. Ba le bararo ba bana ba gagwe ba tshwerwe ke thiibi. O bolela jaana: “Re ne re ntse re nna mo dithabeng, mme letsatsi lengwe go le bosigo batho ba le makgolokgolo ba ba tswang mo motseng wa rona ba ne ba fudugela mo toropong. Re ne re ipoleletse gore ‘kwa Lima, bana ba rona ba tla tsena sekolo e bile re tla kgona go ba rekela le ditlhako. Botshelo jwa bone bo tla nna botoka.’” Ka gone batho ba mo motseng ba ne ba itirela dimmetshe tsa lotlhaka, mme bosigo bongwe ba ne ba fudugela botlhe mo toropong mme ba tlhoma mekhukhu ya lotlhaka. Mo mosong, go ne go na le baipei ba le bantsi thata mo le balaodi ba neng ba ka se kgone go ba leleka.

Mokhukhu wa ga Consuelo o na le phatlha e kgolo mo marulelong mme bodilo jwa one ke jwa mmu. O bolela jaana ka dikoko tse di ntseng di tabogataboga go dikologa legae la gagwe: “Ke ruile dikoko tseno gore ke di rekisetse batho ba ba humileng. Ke ne ke batla madi a go rekela morwadiake ditlhako. Mme jaanong ke tshwanetse go a dirisetsa go duela bookelo le melemo.”

Dijo tse Consuelo a nang le tsone fela ke dieie di le mmalwa. Go thata go bona tiro, mme tota ga a na le madi a a lekaneng a go reka metsi ka metlha. Ga go na dipompo tsa metsi le ntlwana ya boithomelo mo legaeng la gagwe la maemo a a kwa tlase. O tlhalosa jaana: “Pitsana eno ya bosigo ke yone ntlwana ya rona ya boithomelo. Fa re sena go e dirisa ke roma bana bosigo gore ba ye go e tshololela felo gongwe. Ga go na se re ka se dirang.”

Monna wa ga Consuelo yo a mmonang ka sewelo fela, ga a mo thuse ka sepe. Consuelo o sa ntse a le mo dingwageng tsa bo30 mme o lebega a le mogolo go feta dingwaga tseo. Mokwadi mongwe yo o neng a mmotsolotsa a re: “Matlhonyana a gagwe a mantsho ga a bontshe maikutlo ape mme sefatlhego sa gagwe se rurugile go se kae. Ga ba na tsholofelo.”

[Metswedi ya Ditshwantsho]

E tswa go: In Context

AP Photo/Silvia Izquierdo

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

“A KE FUDUGELE KWA TOROPONG?”

MOTHO ope fela yo o akanyetsang go fudugela kwa toropong o tla bo a dira sentle fa a ka akanyetsa dilo di le mmalwa. Kgatiso ya Food and Agriculture Organization ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya Feeding the Cities ya re: “Sengwe sa dilo tsa konokono tse di gogelang batho ke go solofela go nna le botshelo jo bo botoka fa bo bapisiwa le ditshono tse di kwa mafelong a magae.” Le fa go ntse jalo, “botshelo bo ka nna jwa se ka jwa tokafala ka bonako, gongwe ga ba ga feta kokomana e le nngwe kgotsa go feta.”

Ntlha ke gore batho ba le bantsi ba ba fudugang kwa magaeng ba ya kwa ditoropong ba feleletsa ba se na legae, ba sa bereke e bile ba humanegile le go feta pele, mme dilo tseno tsotlhe di ba diragalela mo lefelong le ba sa le tlwaelang. Ka gone, fa e le gore o akanyetsa go fuduga, a o tlhomamisegile gore seno se tla go thusa go tlamela lelapa la gago? Mmereko wa kwa ditoropong, fa e le gore o ka o bona, gantsi o duela madi a mannye. A go patelesega go bereka diura tse dintsi gore o kgone go itshedisa go ka dira gore wena kgotsa ba lelapa la gago lo itlhokomolose ditiro tse lo di tsayang e le tsa botlhokwa?—Mathaio 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.

Batsadi bangwe ba ile ba tlhopha go fuduga jalo mme ba tlogela malapa a bone kwa morago. A go botlhale go dira jalo? Batsadi ba Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go tlamela malapa a bone ka dilo tsa senama, mme gone go fuduga ga gago go tla ama jang lelapa la gago mo maikutlong le mo semoyeng? (1 Timotheo 5:8) A borre ba tla kgona go tswelela ba godisetsa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa?” (Baefeso 6:4) A go kgaogana ga monna le mosadi go ka ba baya mo kotsing ya go dira boitsholo jo bo sa siamang?—1 Bakorintha 7:5.

Ke boammaaruri gore ke tshwetso ya motho ka nosi fa e le gore o batla go fuduga. Pele ga Bakeresete ba dira tshwetso e e ntseng jalo, ba tshwanetse go sekaseka dilo tsotlhe tse di akarediwang mo kgannyeng eno mme ba rapele Jehofa gore a ba kaele.—Luke 14:28.

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ditoropo di leswe thata e bile di na le pharakano e kgolo

India

Niger

Mexico

Bangladesh

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mo malapeng a le mantsi a bahumanegi ba mo ditoropong, tota le bana ba tshwanetse ba bereka

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 8]

India: © Mark Henley/Panos Pictures; Niger: © Olivio Argenti; Mexico: © Aubrey Wade/Panos Pictures; Bangladesh: © Heldur Netocny/ Panos Pictures; bottom photo: © Jean-Leo Dugast/Panos Pictures