Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Le le Se Nang Tlala?

Lefatshe Le le Se Nang Tlala?

Lefatshe Le le Se Nang Tlala?

AKANYA fela kafa rre yo o lorato a ikutlwang ka teng fa a bona bana ba gagwe ba boga ka ntlha ya tlala. Seno se mo utlwisa botlhoko fela thata. Fa e le gore eno ke tsela e motsadi wa motho a ikutlwang ka yone, akanya fela kafa Rre wa rona yo o lorato yo o kwa legodimong a ikutlwang ka teng. O bona sentle batho ba le dimilione di le diketekete ba ba mo seemong seno.

Le fa gone batho ba ile ba nna le maitlhomo a mantle a go leka go tlamela batho ba ba tshwerweng ke tlala ka dijo mo lefatsheng, tlala e ile ya nna ya oketsega fa lekgolo leno la bo21 la dingwaga le simolola. Le fa go ntse jalo, Rre wa rona yo o kwa legodimong, Jehofa, a ka kgona go fedisa tlala ka bosakhutleng e bile o tla dira jalo. Re itse jang?

Baebele e tlhalosa gore fa Modimo a sena go baya Adame le Efa mo tshimong ya Edene, o ne a ba tlamela ka sengwe le sengwe se ba se tlhokang gore ba tshele sentle, ba kgotsofale ba sa bolawe ke tlala. Modimo o ne a ba bolelela jaana: “Ke lo neile dimela tsotlhe tse di ntshang peo tse di leng mo godimo ga lefatshe lotlhe.” Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le gore bana ba ga Adame le Efa ba “tlatse lefatshe” le gore batho botlhe ba nne le dijo tse dintsi tse di monate.—Genesise 1:28, 29.

Le fa gone banyalani ba ntlha ba ile ba tsuologela Mmopi wa bone a bo a ba latlha, boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho ga bo ise bo fetoge. Baebele e bitsa Jehofa e re ke “Ene yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe,” mme e na le boporofeti bo le bontsi jo bo bontshang gore o tla fedisa mathata otlhe a a dirang gore go nne thata go bona dijo.—Pesalema 146:7.

Fa barutwa ba ga Jesu ba ne ba mo kopa sesupo, kgotsa bosupi, jwa gore o tlile go tlhoma Bogosi jwa gagwe leng a bo a tsenelela mo dikgannyeng tsa lefatshe, Jesu o ne a ba bolelela ka dilo tse di neng di tla diragala pele ga moo. Sengwe sa tsone ke “ditlhaelo tsa dijo.” Go sekaseka ka kelotlhoko mafoko a ga Jesu go tlhomamisa gore go boga ga batho go tloga go fela. *Mathaio, kgaolo 24.

Malebana le Paradaise e Modimo a tla e tlisang, Pesalema 72:16 e porofeta jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” Bogologolo kwa Iseraele gantsi dijo tsa ditlhaka di ne di tlhoga mo mekgatšheng. Le fa go ntse jalo, go ya ka maemo a a tlhalosiwang ke boporofeti jono, peo e e jetsweng le mo nageng e e sa ungweng, e e omeletseng—e ka tlwaelo e neng e ka se tlhoge—e tla ungwa fela thata. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Mo motlheng wa ga Mesia go tla nna jaaka e kete dijo tsa ditlhaka di gongwe le gongwe, tota le mo ditlhoeng tsa dithaba, kgotsa jaaka e kete dithota di ile tsa lengwa go fitlha kwa ditlhoeng tsa tsone, e le gore naga yotlhe e tlale ka dijalo tse di kgatlhang tse di buduleng.”

A bo isagwe e Baebele e bolelelang pele ka yone e farologane jang ne le seemo sa batho ba le dimilionemilione gompieno! Ee, ruri, Modimo o solofetsa gore mo isagweng, “lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—Pesalema 67:6.

Fa e le gore o ka rata go itse gore wena le batho ba o ba ratang lo ka bona jang dilo tseno le masego a mangwe a mantsi a a tlhalosiwang mo boporofeting jwa Baebele jo bo itumedisang, o se ka wa okaoka go botsa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gago kgotsa go kwalela kwa atereseng e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona dintlha ka botlalo tsa kafa boporofeti jwa ga Jesu bo ileng jwa diragadiwa ka gone, bona kgaolo 11 mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 26]