Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dithaba—Lebaka La go Bo re Di Tlhoka (April 8, 2005) Sengwe sa dilo tse di neng tsa nkgatlha thata ke fa ke ne ke etetse dithaba tsa Grand Tetons. Mme ke ne ka gakgamala tota fa ke ne ke bala ka tsela e dithaba di leng botlhokwa thata ka yone mo go rona. Jaanong ke anaanela fela thata dithaba tse di leng teng mo lefatsheng le Mmopi yo o molemolemo yo o di bopileng.

J. G., United States

Fa ke bona bontle jwa popo ya ga Jehofa, ke felelwa ke mafoko. Le fa batho ba senya tikologo e bile ba e kgotlhela, motho o sa ntse a ka kgona go itumelela dithaba le go boga bontle jwa tsone. Ke itumelela go bolelela batho ba bangwe ka se se tlileng go direga mo bogautshwaneng, jaaka go solofeditswe mo go Pesalema 72:16.

R. C., United States

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Tshwanetse go Dira Tiro ya Diatla? (April 8, 2005) Ke bereka mo khampaning ya dipente e e eteletsweng pele ke rre, mme mongwe o ne a mpolelela gore fa motho a dira tiro ya mofuta ono, ga a tlhoke go akanya thata. Le fa go ntse jalo, setlhogo seno se ne sa tlhalosa gore Jesu le Paulo ba ne ba bereka ka diatla tsa bone. Jaanong ke ikemiseditse go dira tiro ya me ka tlhagafalo le go feta. Ke batla go iteka ka natla gore ke tle ke dirise bokgoni jono jwa me fa go agiwa Diholo tsa Dikopano le Diholo Tsa Bogosi.

M. Y., Japane

Setlhogo seno se ne sa nkgothatsa fela thata! Se ne se nkgakolola gape gore boikaelelo jo bogolo mo botshelong ke go direla Jehofa Modimo sa bo sa dira gore tiro epe fela ya diatla e ke e tlhophang, e tsamaisane le boikaelelo jono. Setlhogo se se molemo seo se ne sa nthusa gore ke lebe mo tlung go bona gore ke eng se se tlhokang go baakanngwa. Se se botlhokwa le go feta ke gore se nthusitse go leba tiro ya diatla ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone.

Y. K., Russia

Botshelo—Bo Raraane ka Tsela e e Jesang Kgakge (January 22, 2005, ka Seesemane) Ke na le dingwaga di le 15. Mo serutweng sa Biology mo tlelaseng, re ithuta ka tsela e mmele o dirisang maatla ka yone. E ne ya re fa ke tla ka makasine ono kwa sekolong, morutabana wa rona wa Biology o ne a re ruta a dirisa setlhogo seno, a tla a dirisa le ditshwantsho dingwe mo go one. Morago ga serutwa seno, mongwe le mongwe o ne a batla makasine ono. Makasine ono o bontsha sentle botlhale jo bo seng kana ka sepe jwa ga Jehofa. Ga go pelaelo gore o tshwanelwa ke go bakwa. Ke letetse ka go shwegashwega pelo nako e ka yone dilo tsotlhe tse di tshelang di tla bong di baka Jehofa!

Y. B., Russia

“E Kete Batho Ba ka Bo ba Itse!” (January 8, 2005) Ke na le dingwaga di le 17, mme ke ntse ke tlhola ke akanyetsa go fudugela kwa lefelong le go tlhokegang baboledi ba Bogosi kwa go lone. Sekai sa ga David se ile sa dira gore ke ikemisetse le go feta gore ke tlile go fudugela kwa go nang le tlhokego e kgolwane ya baboledi gone fa ke fetsa mo sekolong. Tsweetswee, tswelelang lo kwala ka dikai tse di ntseng jalo tse di kgothatsang. Basha ba ba mo dingwageng tsa rona ba tlhoka go nna ba kgothadiwa ka metlha gore ba gatele pele mo tirong ya go rera.

K. O., Poland

Ke na le dingwaga di le 20, mme e ne ya re fa ke ntse ke bala setlhogo seno, ka utlwa fela matlho a me a seka dikeledi. Ke ne ka akanya ka re ‘Wa bona fa nka swa ke sa ntse ke le mmotlana jaana, ga ke batle gore ke bo ke ntse ke ikotlhaela gore ke ka ntlha yang fa ke ne ke ntse ke busetsa morago go direla Jehofa ka bojotlhe jwa me!’ Ke ikaeletse go nna modiredi wa nako e e tletseng ka bonako. Ke tlile go tsenya setlhogo seno mo foreiming ke bo ke se baya mo loboteng gore se nne se nkgakolola tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone fa ke ne ke se bala. Ke leboga gore lo bo lo gatisa maitemogelo a mantlentle jaana.

N. N., Japan