Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Disele Tsa Gago Tse di Khibidu Tsa Madi Tse di Gakgamatsang

Disele Tsa Gago Tse di Khibidu Tsa Madi Tse di Gakgamatsang

Disele Tsa Gago Tse di Khibidu Tsa Madi Tse di Gakgamatsang

KA MOKWADI WA TSOGANG! WA AFRIKA BORWA

Sele e e tlwaelegileng thata mo mading a gago ke e e dirang gore madi a gago a nne mahibidu mme ke ka lebaka leo e bidiwang sele e khibidu ya madi. Lerothodi le le lengwe fela la madi a gago le na le disele tseno di le dimilione. Fa o di leba ka maekorosekopo di bonala di le kgolokwe mme bogare jwa kgolokwe eo bo bobetsegile. Sele nngwe le nngwe e na le dimolekhule di le dimilione tsa hemoglobin. Molekhule mongwe le mongwe wa hemoglobin ke kgolokwe e ntle e e nang le diatomo di le 10 000 tsa haeterojene, khabone, naeterojene, okosejene le sulfur le diatomo tse dingwe tse nnè tse di boketenyana tsa aene, tse di dirang gore madi a kgone go tsamaisa okosejene mo mmeleng. Hemoglobin e dira gore disele tsa gago tse dikhibidu tsa madi di kgone go ntsha khabonetaeokosaete mo makgwafong mme di bo di tlatsa mmele wa gago ka okosejene e nngwe gape e o e hemang mo moyeng.

Karolo e nngwe e e botlhokwa ya disele tsa gago tse dikhibidu tsa madi ke letlalonyana la tsone, le le bidiwang lotha. Letlalo leno le le gakgamatsang le dira gore disele di kgone go ngaologa di nne ditshesane e le gore di kgone go feta mo ditshikeng tse dinnye mme ka tsela eo di kgone go ya kwa dikarolong tsotlhe tsa mmele.

Disele tsa gago tse dikhibidu tsa madi di dirwa mo mokong wa marapo a gago. Fa go tsena sele e ntšha mo mading a gago, e ka dikologa e feta mo pelong le mo mmeleng wa gago ka makgetlho a a fetang 100 000. Go farologana le disele tse dingwe, disele tse dikhibidu tsa madi ga di na karolo e e fa gare e e bidiwang nyuklase. Seno se dira gore di kgone go rwala okosejene e ntsi mme e bile go dira gore di nne bofefo, se se thusa pelo ya gago go pompela diketekete tsa disele tse dikhibidu mo mmeleng wa gago. Le fa go ntse jalo, e re ka disele tseno di se na nyuklase, ga di kgone go ntšhafatsa dikarolo tse di mo teng ga tsone. Ka jalo, mo e ka nnang morago ga malatsi a le 120, disele tsa gago tse dikhibidu di tla simolola go koafala mme di bo di sa tlhole di kgona go taologa. Disele tse dikgolo tse ditshweu tsa madi tse di bidiwang di-phagocyte di ja disele tseno tse di koafetseng mme di bo di dira diatomo tsa aene. Diatomo tseno tsa aene di ngaparela dimolekhule tse di di tsamaisang tse di tla di isang kwa mokong wa marapo gore di dirisiwe koo go dira disele tse dikhibidu tse disha. Motsotswana mongwe le mongwe, moko wa gago wa marapo o dira disele tse disha tse dikhibidu tse di ka nnang dimilione di le pedi go ya go di le tharo go di tsenya mo mading a gago!

Fa dimilionemilione tseno tsa disele tse dikhibidu tsa madi di ne di ka emisa go bereka ka tshoganyetso fela, o ne o tla swa ka metsotso e se kae. A bo re tshwanetse go leboga Jehofa Modimo jang ne ka karolo eno e e gakgamatsang ya dilo tse a di dirileng, e e dirang gore re kgone go tshela! Ga go pelaelo gore o tla dumalana le mopesalema yo o neng a re: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.”—Pesalema 139:1, 14.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Disele tse dikhibidu tsa madi

Lotha

Hemoglobin (setshwantsho sa yone se se godisitsweng)

Okosejene