Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Mo ngwageng wa 2000, go fopholediwa gore batho ba le dimilione di le 8,3 mo lefatsheng lotlhe ba ile ba tshwarwa ke bolwetse jwa lehuba (TB), mme go ne ga swa mo e ka nnang dimilione di le pedi tsa bone—bontsi jwa ba ba neng ba swa e ne e le ba dinaga tse di humanegileng.—MEDICAL JOURNAL OF AUSTRALIA.

“Gone jaanong, go na le basha ba le dimilione di le lesome ba ba nang le HIV, mme ba ba fetang halofo ya dimilione di le 4,9 ba ba tshwaediwang ke mogare ono ngwaga le ngwaga ke ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 15 le 24.”—UNITED NATIONS POPULATION FUND.

Go dirisiwa sathalaete go sala dinonyane tsa di albatross morago fa di tsaya maeto go dikologa lefatshe. E e lobelo thata e ne ya dikologa lefatshe lotlhe mo malatsing a le 46 fela.—MAKASINE WA SCIENCE, U.S.A.

“Letsatsi le letsatsi, go dirisiwa madi a a fetang didolara di le dimilione di le 100 [diranta di le dimilione di le 635] ka ura go tlhokomela masole le go reka dibetsa.”—VITAL SIGNS 2005, WORLDWATCH INSTITUTE.

A go Tlhaselwa ga Baruti go a Oketsega?

Daily Telegraph ya 2005 e bega jaana: “Go nna moruti ke nngwe ya ditiro tse di kotsi thata mo [Boritane].” Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa ke puso ka 2001 e ne ya bontsha gore mo dingwageng di le pedi tse di fetileng, diperesente di ka nna 75 tsa baruti ba ile ba sotlwa kgotsa ba tlhaselwa. Go bolailwe baruti ba ka nna supa fa e sa le ka 1996. Letsatsi le letsatsi, lengwe la mafelo a a 1 400 a kobamelo a motsesetoropo wa Merseyside le a tlhaselwa, le a thukhutwa kgotsa le jewa ka molelo.”

Ditshedi Tsa Mathalethale

The New York Times e bega gore le fa gone dikgwa tsa pula di senngwa, “setlhaketlhake sa Borneo se sa ntse se na le ditshedi le dimela tsa methalethale.” Go ya ka mokgatlho wa World Wildlife Fund, mo magareng a 1994 le 2004, baithutatshelo ba lemogile gore go na le mefuta e mengwe gape e le 361 ya dimela le ditshedi mo setlhaketlhakeng seno, se dikarolo dingwe tsa sone e leng tsa Brunei, tse dingwe e le tsa Indonesia mme tse dingwe tsone e le tsa Malaysia. Dilo dingwe tse ba ileng ba di bona mo setlhaketlhakeng seno di akaretsa mefuta e le 260 ya ditshenekegi, e le 50 ya dimela, e le 30 ya ditlhapi, e le 7 ya digwagwa, e le 6 ya mekgantitswane, e le 5 ya makakaie, e le 2 ya dinoga le o le mongwe wa menopi. Le fa go ntse jalo, dikgwa tsa pula tse di kwa tengteng ga setlhaketlhake seno di ka nna tsa senngwa ke go bo go na le batho ba le bantsi ba ba remang ditlhare ba batla dikgong, raba le leokwane la ditlhare tsa mokolane.

Go Dumela mo Botlhoding go a Gola

“Tota le mo nakong eno ya kgatelopele mo dilong tsa botegeniki le tsa saense, go dumela mo botlhoding go sa ntse go tlhotlheletsa batho ba le bantsi thata,” go bega jalo setheo sengwe sa Allensbach sa kwa Jeremane se se neng se dira dipatlisiso. Patlisiso nngwe e e neng ya dirwa e bontshitse gore “batho ba ba dumelang mo botlhoding mme ba se na mabaka ba bantsi thata gompieno go gaisa mo dingwageng di le 25 tse di fetileng.” Mo dingwageng tsa bo1970, diperesente di le 22 tsa batho ba ne ba dumela gore dinaledi tse di kgabolang ka lobelo mo loaping di ama botshelo jwa bone ka tsela nngwe. Jaanong diperesente tsa bone di tlhatlogetse go di le 40. Gompieno, ke mogolo a le 1 mo go ba le 3 yo o sa dumeleng mo botlhoding gotlhelele. Patlisiso e nngwe e e neng ya dirwa mo baithuting ba le 1 000 ba yunibesithi ya kwa Jeremane e ne ya bontsha gore nngwetharong ya bone ba dumela mo go diriseng dipheko dingwe tse ba reng di ba tlisetsa masego, ba tsamaya ka tsone mo dikoloing tsa bone kgotsa ba di gokelela mo dinotlolong tsa bone.

Dikgapetla Tsa Aese Tsa Kwa Antarctica di a Ngotlega

Lekwalodikgang la kwa Buenos Aires la Clarin le bega gore mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, diperesente di le 87 tsa dikgapetla tsa aese tsa pheninsula ya Antarctica di ile tsa ngotlega,” e bile di ngotlegile ka bonako go feta kafa baitse bangwe ba neng ba akantse ka gone. Patlisiso ya ntlha e e tseneletseng e e neng ya dirwa ka dikgapetla tseno mo lefelong leno e ne ya bontsha gape gore mo dingwageng di le 50 tse di fetileng, mogote wa moya o ne wa gola ka di dikirii tsa Celsius tse di fetang 2.5. David Vaughan wa mokgatlho wa kwa Boritane wa Dipatlisiso ka Antarctica o ne a re go ngotlega ga dikgapetla tseno tsa aese mo mafelong a le mantsi go ne go bakwa thata ke go fetoga ga tlelaemete. O ne a botsa a re: “A batho e ka tswa e le bone ba leng molato? Ga re ka ke ra tlhomamisega ka gone, mme re gaufi le go araba potso eno e e botlhokwa.”