Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Ngwana a Tlhokafala

Fa Ngwana a Tlhokafala

Fa Ngwana a Tlhokafala

▪ Loso lwa ngwana lo hutsafatsa ba ba salang, segolobogolo batsadi gagwe. Mmè mongwe yo morwawe wa dingwaga di le 16 a ileng a sha mo go botlhoko mo kotsing e maswe o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Modimo ga a re letle gore re tseye boemo jwa bana ba rona ba ba lwalelang go swa e bile ga a re letle go swa le bone.”

Le fa go ntse jalo, o ne a na le tsholofelo, ka gore o ne a tlhalosa jaana: “Modimo o re boleletse gore go diragala eng ka rona fa re swa mme seo se dira gore nna le monna wa me re se ka ra ngomoga pelo thata kgotsa ra tlhakana tlhogo.” A re: “Ga se Modimo wa rona yo o dirileng gore ngwana wa rona a tlhokafale mme e bile o ikaeletse go tsosa baswi gore ba boe ba tshele mo lefatsheng la paradaise. Ka leitlho la mogopolo, re kgona go bona morwarona a tshela, a itekanetse e bile a itumetse a le mo gare ga ditsala tsa gagwe le ba losika.”

Le fa go ntse jalo, tota le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng mo tsholofetsong ya Modimo ya go tsosa baswi, ba tlhoka kgomotso e e tshwanang le e mmè yono a ileng a e fiwa ke ditsala tsa gagwe tse dintsi. O ne a bolela jaana: “Dintlha tse dintsi tsa Dikwalo le ditiro tsa bopelonomi tse re neng ra thusiwa ka tsone di ne di tswa mo boroutšhareng jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala. Re ne ra kgothaletsa botlhe ba re ba itseng gore ba e bale gore ba tle ba tlhaloganye botoka kafa re ikutlwang ka teng le go tlhaloganya kutlobotlhoko e re tla tswelelang re na le yone.”

Gongwe le wena o itse mongwe yo o tla gomotsegang fa a ka bala boroutšhara jono jwa setlhogo se se reng Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala. O ka e kopa ka go tlatsa setlankana se se mo makasineng ono mme o bo o se romela kwa atereseng e e supilweng mo go sone kgotsa kwa atereseng e e tshwanelang e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa lo nthomelele boroutšhara jwa setlhogo se se reng Fa Mongwe Yo O Mo Ratang a Tlhokafala kwantle ga gore ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya mahala ya legae ya Baebele.