Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Babadi ba Makasine Ono

Go Babadi ba Makasine Ono

Go Babadi ba Makasine Ono

GO SIMOLOLA ka makasine ono, tsela e Tsogang! e kwalwang ka yone e tlile go fetoga go se kae. Le fa gone go tlile go nna le diphetogo di le mmalwa mo go yone, bontsi jwa diteng tsa yone ga bo tle go fetoga.

Makasine wa Tsogang! o sa ntse o tla gatisiwa ka boikaelelo jo o sa leng o gatisiwa ka jone ka masomesome a dingwaga. Jaaka fa go tlhalositswe mo tsebeng ya 4, “lokwalopaka lono lo kwalelwa go sedimosetsa lelapa lotlhe.” Makasine wa Tsogang! o sa ntse o tla sedimosetsa babadi ba rona le go ba tsibosa ka dilo tse di diregang mo lefatsheng ka go sekaseka ditiragalo tsa lefatshe, go bua ka ditso tse di farologaneng tsa batho, go tlhalosa dilo tse di gakgamatsang tsa popo, go tlotla ka tsa boitekanelo kgotsa go tlhalosetsa batho ba ba sa itseng saense ka dilo tsa saense.

Mo makasineng wa Tsogang! wa August 22, 1946, go ne ga solofediwa jaana: “Boikaelelo jo bogolo jwa makasine ono ke go bolela boammaaruri.” Makasine wa Tsogang! o ile wa ikanyega mo ntlheng eno ka gonne ka metlha o leka thata go bega tshedimosetso e e boammaaruri. Gore o kgone go dira jalo, go dirwa dipatlisiso tse di tseneletseng ka ditlhogo tsa makasine ono di bo di tlhatlhobiwa ka kelotlhoko go tlhomamisa gore di nepile. Mme makasine ono o ile wa bontsha gore “o bolela boammaaruri” ka tsela e nngwe gape e e botlhokwa thata.

Tsogang! ga e bolo go nna e kgothaletsa babadi go dirisa Baebele. Le fa go ntse jalo, go simolola ka Tsogang! eno go tla tlhagelela thata ditlhogo tse di buang ka Baebele go gaisa jaaka fa go ne go ntse mo nakong e e fetileng. (Johane 17:17) Gape Tsogang! e tla tswelela e nna le ditlhogo tse di bontshang kafa kgakololo e e mosola ya Baebele e ka re thusang ka teng go tshela botshelo jo bo nang le bokao le jo bo atlegileng gompieno. Ka sekai, bontsi jwa kaelo e e theilweng mo Baebeleng e fitlhelwa mo ditlhogong tsa “Basha ba Botsa Jaana. . . ” le “Baebele ya Reng,” tse di tlileng go tswelela pele di tlhagelela ka metlha mo lokwalopakeng lono. Mo godimo ga moo, Tsogang! e tla tswelela pele go thusa babadi go lemoga ditsholofetso tsa Baebele tsa lefatshe le lesha la kagiso le le tla tlogang le emisetsa tsamaiso e e boikepo ya gone jaanong ya dilo.—Tshenolo 21:3, 4.

Ke eng gape se se tla fetogang mo makasineng ono? Go simolola ka makasine ono, Tsogang! e tla gatisiwa gangwe ka kgwedi ka bontsi jwa dipuo di le 82 tse e gatisiwang ka tsone (e ne e ntse e gatisiwa gabedi ka kgwedi mo dipuong di le dintsi). * Karolo ya one ya “Dikgang Tsa Lefatshe” e e sa bolong go tlhagelela mo makasineng ono wa Seesemane fa e sa le ka 1946, e tla tswelela pele e tlhagelela mo makasineng mongwe le mongwe wa Tsogang! mme e tla tsaya tsebe e le nngwe fela go na le tse pedi. Gape, mo tsebeng ya 31, go tla nna le setlhogo se se kgatlhang se se tlileng go tlhagelela ka metlha se se reng, “O ne O ka Reng?” Se tla bo se bua ka ga eng, mme o ka se dirisa jang?

A o ke o lebelele tsebe 31 mo makasineng ono mme o akanye ka yone. Dikarolo dingwe tse di mo tsebeng eno di ka kgatlha babadi ba ba saleng basha ka dingwaga; tse dingwe ke tse di tla lekang baithuti ba Baebele ba ba setseng ba na le kitso e ntsi go bona gore ba gakologelwa go le kana kang. Karolo ya “Di Diragetse Leng?” e tla go thusa gore o itse go latelana ga nako ya ditiragalo le go go bontsha gore batho ba ba umakiwang mo Baebeleng ba tshedile leng le gore ditiragalo tsa botlhokwa di diregile leng. Dikarabo tsa bontsi jwa dipotso tseno di tla tlhagelela mo tsebeng e e kailweng ya makasine di kwadilwe di lebile kwa tlase, mme dikarabo tsa karolo ya “Tse di mo Makasineng Ono” di tla fitlhelwa fale le fale mo go one makasine oo. Ke eng fa o sa dire dipatlisiso pele e bo e le gone o balang dikarabo tseo mme morago ga moo o bo o bolelela batho ba bangwe se o se ithutileng? Gape o ka nna wa dirisa karolo eno e ntšha ya “O ne O ka Reng?” go tshwara motlotlo wa Baebele le ba lelapa kgotsa le setlhopha sa batho ba o ratang go tlotla le bone.

Mo e ka nnang dingwaga di le 60 tse di fetileng, Tsogang! e ile ya solofetsa jaana: “Makasine ono o tla leka thata go tlhagisa ditlhogo tse di buang ka tshedimosetso e e tswang mo lefatsheng lotlhe go na le ya lefelo le o gatisiwang mo go lone fela. O tla kgatlha batho botlhe ba ba ikanyegang ba dinaga tsotlhe. . . . Tshedimosetso le diteng tsa makasine . . . di tla sedimosa, di ruta e bile di kgatlha batho ba le bantsi thata, ba basha le ba bagolo ka go tshwana.” Babadi ba makasine ono mo lefatsheng lotlhe ba bolela gore Tsogang! e ile ya diragatsa tsholofetso eo ya yone. Re lo tlhomamisetsa gore e tla tswelela pele e dira fela jalo.

Bagatisi

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Mo dipuong dingwe, Tsogang! e gatisiwa gangwe mo dikgweding di le tharo. Ka jalo, dikarolo tse go buiwang ka tsone mo setlhogong seno di ka nna tsa se ka tsa tlhagelela mo dipuong tseo tsotlhe.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

E ne e bidiwa “The Golden Age” ka 1919, leina leno la fetolwa go nna “Consolation” ka 1937, mme ya bidiwa “Tsogang!” ka 1946

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

“Tsogang!” ga e bolo go nna e kgothaletsa babadi ba yone go sekaseka Baebele

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Guns: U.S. National Archives photo; starving child: WHO photo by W. Cutting