Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Batla Kaelo mo Baebeleng?

Ke Eng fa re Tshwanetse go Batla Kaelo mo Baebeleng?

Baebele ya Reng

Ke Eng fa re Tshwanetse go Batla Kaelo mo Baebeleng?

“Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.”—2 Timotheo 3:16.

O YA kae fa o batla kaelo mo botshelong? Gompieno go na le dikgakololo tse dintsi ka kgang nngwe le nngwe e o batlang go itse ka yone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba batla kaelo go tswa mo dikwalong tsa bogologolo tsa Baebele.

Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba tsaya gore Baebele ga e na mosola, segolobogolo mo motlheng ono o mo go one go nang le tshedimosetso e ntsintsi e e ka bonwang ka didirisiwa tsa botegeniki. Barutisi le baitse ba saense bangwe ba ba tlotlegang ba dumela gore Baebele ga e tlhole e na le mosola. A ba bua boammaaruri? E re ka go na le metswedi e mentsi jaana gompieno e motho a ka bonang kaelo mo go yone, ke eng fa motho a ka senka kaelo mo Baebeleng?

Buka e e Nang le Boammaaruri

Ka lekgetlho lengwe Jesu Keresete o ne a ntse a ikhutsise mo sedibeng mme a tlotla le mosadi mongwe wa Mosamarea. O ne a mo raya a re: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Mafoko ano a supa gore go na le mofuta wa kobamelo e Modimo a e amogelang. Gore re tle re obamele Modimo ka boammaaruri, kobamelo ya rona e tshwanetse ya tsamaisana le se Modimo a se senolang ka ga gagwe mo Baebeleng. Lefoko la Modimo le na le boammaaruri.—Johane 17:17.

Le fa go ntse jalo, go na le madumedi a le mantsi a a bolelang gore a dumela mo Baebeleng mme go bonala a ruta dilo tse di farologaneng. Seo se dira gore batho ba tlhakane tlhogo ba se ka ba itse gore tota Baebele e rutang eng. A Jesu ke Modimo, kgotsa ke Morwa Modimo? A go na le botshelo morago ga loso kgotsa nnyaa? A dihele ke lefelo la mmatota le batho ba tlhokofadiwang mo go lone fa ba sena go swa? A Satane ke motho wa mmatota? Go nna Mokeresete go akaretsa eng? A tota Modimo o amega ka dilo tse re di dirang le tse re akanyang ka tsone? A go bo batho ba ratana tota ke lebaka la gore ba ka tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? A go phoso go nwa bojalwa? * Madumedi a le mantsi a bolela gore a ruta boammaaruri ka dikgang tseno. Mme gantsi dithuto tse madumedi a di rutang di a thulana. Di ka se ka tsa bo di le boammaaruri tsotlhe.—Mathaio 7:21-23.

Mme gone, o ka bona jang boammaaruri kaga Modimo le ka mofuta wa kobamelo e e mo itumedisang? A re re gongwe o tlhoka go ariwa go fodisa bolwetse bongwe jo bo masisi jo o nang le jone. O ne o tla dirang? Ga go pelaelo gore o ne o tla batlisisa ka botlalo gore o bone ngaka e e molemo e e ka kgonang go dira karo eo. O tla batla go bona bosupi jwa gore a tota o na le ditshwanelego tsa bongaka le maitemogelo, mme e bile o tla batla go kopana le ene le go bua le ene. Fa o setse o kgotsofetse ka bosupi jo o bo boneng jwa gore ke ngaka e e molemo, o tla mo tshepa mme o dumele gore a go are. Batho ba bangwe ba ka nna ba bo ba sa ikutlwe jaaka wena. Mme wena o na le mabaka a a utlwalang a go tshepa ngaka eno.

Ka tsela e e tshwanang, fa o sekaseka bosupi jo bo leng teng ka Modimo mo Baebeleng, o tla kgona go mo ikanya. (Diane 2:1-4) Fa o batla dikarabo tsa dipotso tse di malebana le gore ke kobamelo efe e Modimo a e amogelang, o ka kgona go itlhophela. O ka nna wa ikanya dithuto le dikgopolo tse di ganetsanang tsa batho, kgotsa o ka sekaseka se Baebele e se bolelang.

E Boammaaruri e Bile e Mosola

Fa o sekaseka Baebele ka kelotlhoko o ka kgona go bona bosupi jo bontsi jwa gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” * (2 Timotheo 3:16, 17) Ka sekai, Baebele e na le boporofeti jo bontsi jo bo tlhalosiwang ka botlalo. Dibuka tsa ditiragalo di bontsha kafa boporofeti jono bo diragaditsweng ka teng. (Isaia 13:19, 20; Daniele 8:3-8, 20-22; Mika 5:2) Le fa gone Baebele e se buka ya saense, e nepa dilo tsa saese. E na le dintlha tse di malebana le tlhago le boitekanelo tse di kwadilweng makgolokgolo a dingwaga pele ga baitse ba saense le bone ba di lemoga.—Lefitiko 11:27, 28, 32, 33; Isaia 40:22.

Mo godimo ga moo, Baebele e re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. E na le kgakololo e ntsi kaga botshelo jwa lelapa, boitekanelo jwa mmele le jwa maikutlo, kgwebo le dikgang tse dingwe tse di amang botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Diane 2:6, 7 ya re: “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo. Mme o tla bolokela ba ba thokgameng botlhale jo bo mosola.” Fa o batla kaelo mo Baebeleng, o ka kgona go thapisa bokgoni jwa gago jwa go lemoga gore o kgone go ‘farologanya se se siameng le se se sa siamang.’—Bahebera 5:14.

Lefoko la Modimo le re thusa le gore re tlhaloganye boikaelelo jwa botshelo. (Johane 17:3; Ditiro 17:26, 27) Le tlhalosa maemo a lefatshe. (Mathaio 24:3, 7, 8, 14; 2 Timotheo 3:1-5) Mo go lone Modimo o re bontsha gore o tla tlosa jang bosula mo lefatsheng le go dira gore batho ba itumelele botsogo jo bo siameng le botshelo jo bo sa khutleng.—Isaia 33:24; Daniele 2:44; Tshenolo 21:3, 4.

Dimilione tsa batho di iponetse ka botsone gore botlhale jo bo mo Baebeleng bo ka ikanngwa e bile bo mosola. Bagatisi ba Tsogang! ba go laletsa gore o sekaseke metseletsele ya ditlhogo tse di reng “Baebele ya Reng,” tse di tlhagang mo dikgatisong tsa kgwedi le kgwedi tsa makasine ono. Fa o dira jalo, o tla kgona go bona bosupi jo bo oketsegileng jo bo bontshang gore Baebele ke motswedi o o molemo go di gaisa tsotlhe o o ka kgonang go go kaela mo botshelong jwa gago.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Setlhogo seno se se tlhagang ka metlha mo makasineng ono wa Tsogang! sa “Baebele ya Reng” se tla sekaseka dipotso tseno le tse dingwe mo dimakasineng tse di latelang.

^ ser. 12 Go bona bosupi jwa gore Baebele e tlhotlheleditswe ke Modimo, bona buka ya setlhogo se se reng Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A O KILE WA IPOTSA GO RE . . .

▪ Ke mofuta ofe wa kobamelo o Modimo a o amogelang?—Johane 4:24.

▪ O tshwanetse go dira eng gore botlhale jo bo tswang kwa Modimong bo go solegele molemo?—Diane 2:1-4.

▪ Baebele ke motswedi wa kaelo e e mosola ka tsela efe?—Bahebera 5:14.