Mouta—O ka Go Tswela Mosola e Bile o ka Nna Kotsi!
Mouta—O ka Go Tswela Mosola e Bile o ka Nna Kotsi!
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA SWEDEN
Mefuta mengwe ya mouta e a thusa; e mengwe e a bolaya. E mengwe e natetsha ditšhisi le majalwa; e mengwe e dira gore dijo di nne botlhole. Mengwe e tlhoga mo dikoteng; e mengwe yone e tswa mo matlwaneng a botlhapelo le mo dibukeng. Tota e bile, mouta o fitlhelwa gongwe le gongwe—go ka direga gore jaaka fa o bala mola ono gone jaanong jaana, disele dingwe tsa mouta di ntse di foka mo dinkong tsa gago.
FA E le gore ga o dumele gore mouta o gongwe le gongwe, baya fela selae sa borotho golo gongwe, le fa e le mo setsidifatsing. Go ise go ye kae, se tla bo se na le selo se e keteng boboanyana fa godimo—ke mouta!
Mouta ke Eng?
Mouta ke setshidi sa mofuta wa dijalo tse di bidiwang Fungus, mme go na le mefuta e le 100 000 ya ditshedi tseno, go akaretsa le mokubo, maboa, rusi ya dijalo, le yeast. Ke e le 100 fela ya mefuta eno ya mouta e go itsiweng e lwatsa batho le diphologolo. E mengwe e mentsintsi e thusa thata mo go direng dijo—e dira gore dilo tse di suleng di bole mme ka go dira jalo e nna mo sebopegong se dijalo di ka kgonang go boa di e dirisa gape. Mefuta e mengwe yone e dirisana mmogo le dijalo, e di thusa go monya dikotla mo mmung. Mme e mengwe yone e dira jaaka dinta tsa selomela kobong.
Mouta o simolola e le selenyana e nnye thata e e phaphailwang ke mowa. Fa selenyana eno e ka kotama mo e kgonang go bona dijo teng, mme lefelo leo, ga reng ga tse dingwe, le na le themperetšha e e siameng e bile go na le bongola jo bo lekaneng, e tla mela, e dira disele tse di maodi tse di bidiwang di-hypha. Fa di nna di ntsifala, di dira boboa jo bo maodi a a kgweleaneng a a bidiwang mycelium, mme fa o bona go ntse jalo, ke one mouta oo. Mouta gape o ka nna le sebopego se e keteng ke leswe kgotsa sebalanyana, ka sekai mo gare ga dithaele tsa ntlwana ya go tlhapa.
Mouta o na le bokgoni tota mo go ikatiseng. Mo mouteng o o tlwaelegileng o o tlhogang mo borothong, o o bidiwang Rhizopus stolonifer, marontho a mannye a mantsho a a bonalang mo go jone ke disele tsa mouta. Leronthonyana le le lengwe fela le na le disele di feta 50 000, mme nngwe le nngwe ya disele tseno e kgona go tlhagisa disele tse dingwe di le dimilione di le makgolo mo sebakeng sa malatsi a le mmalwa fela! Mme fa mouta o ka iphitlhela o le mo maemong a a siameng, o kgona go tlhoga sentle fela mo bukeng, mo setlhakong kgotsa mo pampiring e e kgabisang lobota, fela jaaka fa o tlhoga mo setlhareng.
Mouta o “ja” jang? Ga o tshwane le diphologolo le batho, ba ba jang pele e re go tswa foo ba monye dikotla tsa dijo ka go di sila. Mouta one o “ja” ka tsela e e farologaneng. Fa dilo tse o di jang di le dikgolo thata kgotsa di raraane thata gore mouta o ka di ja, o ntsha dikhemikale tse di silang dijo, mme dikhemikale tseno di sila dijo tseno gore e nne dikotla tse mouta o kgonang go di monya. Selo se sengwe gape ke gore, e re ka mouta o sa kgone go nna o tsamayatsamaya go batlana le dijo, o nna mo teng ga dijo tse o di jang.
Mouta o kgona go ntsha botlhole jo bo bidiwang mycotoxins, jo bo ka nnang kotsi mo bathong le mo diphologolong. O ka kgona go tsena mo mothong ka go o hema, ka go o metsa, kgotsa ka gore o kgome letlalo
la gago. Mme gone ga se gore mouta o kotsi ka dinako tsotlhe, ka gonne go na le mo o tlang o thusa teng.Dikarolo Tse di Ntle ka Mouta
Ka 1928, go ne ga direga fela gore Alexander Fleming, yo e leng mankge mo go tsa saense, a ele tlhoko gore mouta o motala o kgona go bolaya megare. Mouta ono, o moragonyana o neng wa bidiwa Penicillium notatum, go ne ga fitlhelwa gore o kotsi mo dibakaterieng mme gone ga o kotsi mo bathong le mo diphologolong. Phitlhelelo eno e ne ya dira gore go dirwe seokobatsi sa peniselene, se se neng sa feleletsa se itsiwe e le “seokobatsi se le sosi se se thusitseng batho ba le bantsi go gaisa lefa e le sefe se sengwe mo ditlhareng tsa segompieno.” Ka ntlha ya tiro eno ya bone e e duleng diatla, Fleming le babatlisisi mmogo nae e bong Howard Florey le Ernst Chain ba ne ba ikgapela Sekgele sa Nobel mo go tsa kalafi ka 1945. Fa e sa le ka nako eo, mouta o thusitse go dira ditlhare tse dingwe di le mmalwa, tse di akaretsang ditlhare tse di thusang mo go gwameng ga madi, go opa ga tlhogo go go bakwang ke migraine, le bolwetse jwa Parkinson.
Mouta o thusitse gape go natetsha dijo. Ka sekai, akanya ka tšhisi. A o ne o itse gore mefuta ya tšhisi ya Brie, Camembert, Danish blue, Gorgonzola, Roquefort, le Stilton, e dirwa ke mouta wa Penicillium gore e bo e latswega ka tsela e e latswegang ka yone jaana? Le gore go dirisiwa mefuta mengwe ya mouta go dira dilo tse di tshwanang le salami, moro wa soy, le bojalwa.
Go a tshwana le ka beine. Mefuta mengwe ya morara, fa e kgetlilwe ka nako e e tshwanetseng e bile e na le selekanyo se se tshwanetseng sa mouta mo lositlheng longwe le longwe, go ka dirwa beine e e monate e e nowang morago ga dijo. Mofuta wa mouta o o bidiwang Botrytis cinerea, o oketsa sukiri mo morareng, o dira gore morara o nne le tatso e e monate. Mo mabolokelong a beine, mofuta wa mouta o o bidiwang Cladosporium cellare o natetsa beine le go feta fa e ntse e bela. Jaaka balemi ba ba-Hungary ba tle ba bue: ‘Mouta wa maemo a a kwa godimo o dira beine ya maemo a a kwa godimo.’
Fa Mouta o Nna Kotsi
Mme gape go tloga bogologolo mefuta mengwe ya mouta e ntse e le kotsi. Mo lekgolong la borataro la dingwaga B.C.E., Baasiria ba ne ba tshela mouta wa Claviceps purpurea mo didibeng tsa baba ba bone go dira metsi a bone botlhole—e leng mokgwa wa bogologolo wa go dirisa dilo tse di lwatsang go tlhasela batho mo ntweng. Mo Metlheng ya Bogare, one mouta ono, o ka dinako dingwe o nang le go tswa mo bojannyeng jwa rye, o ne wa dira gore batho ba le bantsi ba tsenwe ke bolwetse jwa kidibalo, ba utlwe e kete ba sha, ba tswe dintho, ba bo ba bone dipono. Bolwetse jo gone jaanong bo bidiwang bolwetse jwa ergotism, bo ne bo bidiwa molelo wa ga St. Anthony, ka gonne batho ba le bantsi ba bo ba tshwereng, ba ne ba tsaya loeto go ya kwa lefelong le le boitshepo la ga St. Anthony, le le kwa Fora, ka ba ne ba solofela gore ba tla fodisiwa ka kgakgamatso.
Botlhole bongwe jo bo itsiweng bo le bogale thata jo bo bakang kankere jo bo dirwang ke mouta bo bidiwa aflatoxin. Mo nageng nngwe ya kwa Asia, go begwa gore ngwaga le ngwaga go swa batho ba le 20 000 ba bolawa ke aflatoxin. Mo metlheng ya rona go dirisiwa sere seno se se kotsi go tlhasela batho mo ntweng.
Le fa go ntse jalo, mo botshelong fela jwa letsatsi le letsatsi, mouta fela o o tlwaelegileng ga o go lwatse thata jalo fa o go tsene, e ka nna fela gore o dira gore o ikutlwe o khidiega. Kgatiso ya UC Berkeley Wellness Letter ya re: “Mefuta e le mentsi ya mouta, tota le fa o ka e hema, ga e kotsi.” Batho ba gantsi o nang le go se ba tshware sentle ke ba ba nang le malwetse a makgwafo, a a jaaka asema; batho ba mmele wa bone o sa utlwaneng le dilo dingwe, ba ba lwatswang ke dikhemikale dingwe, kgotsa ba thulaganyo ya bone ya mmele ya go lwantsha malwetse e neng e ntse e le bokoa; kgotsa ba ba dirang mo temong ba ba ka nnang ba bo ba bereka mo lefelong le le tletseng mouta thata. Masea le batho ba ba tsofetseng le bone ba ka nna ba lwatswa ke go tsenwa ke mouta.
Go ya ka Lephata la Tsa Pholo Kwa California kwa United States, mouta o ka nna wa baka matshwao a a latelang: ‘Mathata a go hema, a a jaaka go hupelwa, go se kgone go hema sentle, le go fegelwa; go kabala ga dinko le ga marobana a khemo; go nna botlhoko ga matlho (o utlwe e kete a a fisa, a tletse metsi kgotsa a le mahibidu); go gotlhola mme go se na segotlholo se se tswang; go loma mo dinkong kgotsa mo mometsong; go tswa diso mo letlalong kgotsa go loma ga letlalo.’
Mouta le Dikago
Kwa mafatsheng mangwe ke selo se se tlwaelegileng go utlwa go twe dikolo dingwe di tswetswe kgotsa batho ba ile ba tshwanelwa ke go tswa mo matlong a bone kgotsa mo diofising tsa bone gore go tlosiwe mouta. Mo masimologong a 2002, Musiamo wa Botaki Jwa Segompieno o o neng o sa tswa go bulwa kwa Stockholm, kwa Sweden, o ne wa tshwanelwa ke gore o tswalwe ka ntlha ya mouta. Go tlosa mouta mo kagong eo go ne ga ja mo e ka nnang diranta di le dimilione di le 32! Ke ka ntlha yang fa bothata jono bo ile jwa ntsifala jaana mo dingwageng tsa morago jaana?
Ke ka ntlha ya dilo tse pedi tse dikgolo: dilo tse di dirisiwang go aga, le tsela e matlo a agiwang ka yone. Mo dingwageng tsa bosheng jaana, dingwe tsa dilo tse di dirisiwang mo kagong di ntse di akaretsa tse di dirilweng ka dilo tse di ratwang thata ke mouta. Tsaya ka sekai, diboto tse di dirang lebota tse di dirilweng ka kalaka, tse o fitlheleng gantsi go tlhatlagantswe dipampiri di le mmalwa di bo di tshwaraganngwa ka kalaka. Karolo e e mo gare ya kalaka e kgona go tshwara metsi. Ka jalo, fa boto eno e ka nna metsi lobaka lo loleele, disele tsa mouta di a mela di bo di gola, di ja pampiri e e mo botong eno.
Mekgwa e e dirisiwang go aga le yone e fetogile. Pele ga dingwaga tsa bo1970, dikago di le dintsi kwa United States le dinaga tse dingwe di ne di sa tsenngwe dilo tse di e sireletsang mo go fiseng le mo serameng e bile di sa tsenngwe dilo tse di thibelang mowa go tsena jaaka go ntse ka mekgwa ya gone jaanong ya go aga. Gone jaanong go tsenngwa dilo tseno ka gonne batho ba leka go somarela motlakase ka go dira gore matlo a se ka a ntsha mogote o montsi e bile a se ka a tsenya serame se sentsi le go dira gore go se ka ga nna le mowa o montsi o o tsenang le go tswa mo kagong. Ka gone, fa metsi a tsena mo kagong, a nna lobakanyana, a dira gore mouta o tlhoge. A go na le tsela ya go rarabolola bothata jono?
Selo se se molemo thata se se ka thusang go baakanya bothata jono jwa mouta, kgotsa sa bo fokotsa, ke go boloka sengwe le sengwe se se mo teng ga ntlo se le phepa e bile se se bongola le go dira gore go se ka ga nna bongola thata mo ntlong. Fa go ka nna le golo gongwe mo go nnang le bongola teng, phimola lefelo leo ka bonako o bo o dire diphetogo lefa e le dife tse di tlhokegang kgotsa o baakanye se se tlhokang go baakanngwa gore karolo eo e se ka ya nna ka metsi. Ka sekai, dira gore dithulelo le mekoro ya metsi a a tswang mo dithulelong e nne e le phepa e bile e le mo maemong a mantle. Gape dira gore metse a elelele kgakala le ntlo gore a se ka a ya go dira letamo gaufi le motheo wa ntlo. Fa o na le sedirisiwa se se tsenyang mowa o o tsididi sa motlakase mo ntlong, boloka dipane tsa sone tsa metsi di le phepa o bo o tlhokomele gore mesele ya sone ya metsi ga e kabale.
Buka nngwe e ne ya re: “Selo se segolo se se thusang go laola mouta, ke go laola bongola.” Go dira dilo tseno tse go lebegang di sa re sepe go ka lo thusa wena le lelapa la gago gore lo se ka lwa lebana le dikotsi tsa mouta. Ka tsela nngwe mouta o tshwana fela le molelo. O ka nna kotsi, mme gape o ka thusa fela thata. Selo se segolo ke gore re o dirisa jang le gore re o laola jang. Gone mme re sa ntse re na le go le gontsi go re tlhokang go go ithuta ka mouta. Mme go itse ka popo e e gakgamatsang ya Modimo go tla re thusa thata.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 14, 15]
A GO NE GO NA LE MOUTA MO METLHENG YA BAEBELE?
Baebele e bua ka “sebetso sa lepero mo ntlong,” e raya mo kagong ka boyone. (Lefitiko 14:34-48) Go ile ga nna ga akantshiwa gore selo seno, se gape se bidiwang “lepero le le kotsi,” e ne e le sebopego sengwe sa mouta, mme ntlha eno ga e tlhomamisiwe. Lefa e ka tswa e ne e le eng, Molao wa Modimo o ne wa laela beng ba matlo ao go tlosa matlapa a a nang le lepero, ba gotlhe ntlo yotlhe kafa gare, ba bo ba latlhe lefa e le eng se ba dumelang gore se ka nna sa tshwaetsa ntlo ‘kwa lefelong le le itshekologileng.’ Fa sebetso seno se ne se ka boa gape, ntlo yotlhe e ne e tshwanetse go tsewa e le e e itshekologileng, e thubiwe. Melao ya ga Jehofa e e neng e tlhalosa dilo jaaka fa di tshwanetse go dirwa e ne e bontsha tsela e a ratang batho ba gagwe thata ka yone le tsela e a neng a batla go ba sireletsa mo malwetseng ka yone.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Ditlhare tse di dirilweng ka mouta di alafile batho ba le bantsi
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Boto e e dirilweng ka kalaka le pampiri e e bipang lobota ya “vinyl” e tshwara metsi, mme seo se tlhogisa mouta