Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo Ya me E Nnonotshitse—Fa ke Ntse ke Itshokela Bolwetse Jwa ALS

Tumelo Ya me E Nnonotshitse—Fa ke Ntse ke Itshokela Bolwetse Jwa ALS

Tumelo Ya me E Nnonotshitse—Fa ke Ntse ke Itshokela Bolwetse Jwa ALS

JAAKA GO BOLETSE JASON STUART

“Rre Stuart, ke maswabi. O na le bolwetse jwa “amyotrophic lateral sclerosis” kgotsa bolwetse jwa ALS jo gape bo itsegeng e le bolwetse jwa Lou Gehrig.” * Morago ga foo ngaka e ne ya mpolelela dikgang tseno tse di utlwisang botlhoko tsa go re: Go ise go ye kae ke tla bo ke sa kgone go suta kgotsa go bua mme kgabagare bolwetse jono bo tla mpolaya. Ke ne ka mmotsa jaana: “Ke saletswe ke nako e kana kang?” O ne a re: “Gongwe dingwaga di le tharo go ya go di le tlhano.” Ke ne ke le dingwaga di le 20 fela. Le fa dikgang tseo di ne di utlwisa botlhoko, ke ne ke ikutlwa ke le lesego ka ditsela di le dintsi. Mma ke tlhalose.

KE NE ka tsholwa ka March 2, 1978, kwa Redwood City, kwa California, U.S.A., ke le ngwana wa boraro mo baneng ba le banè ba ga Jim le Kathy Stuart. Batsadi ba me ba ne ba rata Modimo thata mme ba ne ba dira gore nna le bonkgonne le nnake—Matthew, Jenifer le Johnathan—re tlotle dilo tsa semoya thata.

Go ya kafa ke gakologelwang ka teng, go nna le seabe mo bodireding jwa ntlo le ntlo, go ithuta Baebele, go ya dipokanong tsa Bokeresete e ne e le dilo tse re neng re di dira ka metlha mo lelapeng la gaetsho. Go bo ke godisitswe ka tsela eo ya semoya go ile ga nthusa gore ke nne le tumelo e e nonofileng mo go Jehofa Modimo. Ke ne ke sa itse gore tumelo ya me e ne e tlile go lekwa.

Toro Ya me Ya Bongwana e a Diragadiwa

Ka 1985, rre o ne a isa lelapa la gaetsho kwa New York, gore re ye go bona Bethele ya Brooklyn, ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. Le mororo ke ne ke le dingwaga di le supa fela ka nako eo, ke ne ka lemoga gore go na le sengwe se se kgethegileng ka Bethele. Go ne go bonala mongwe le mongwe a itumelela tiro ya gagwe. Ke ne ka ipolelela gore ‘Fa ke gola, ke batla go tla Bethele go tla go thusa go direla Jehofa Dibaebele.’

Ka October 18, 1992, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa. Dingwaga di se kae morago ga foo, fa ke ne ke le dingwaga di le 17, rre o ne a nkisa Bethele gape. E re ka jaanong ke ne ke godile, ke ne ka kgona go tlhaloganya botoka botlhokwa jwa tiro e e dirwang koo. Ke ne ka boela gae ke ititeile sehuba le go feta gore ke batla go fitlhelela mokgele wa me wa go ya kwa Bethele.

Ka September 1996, ke ne ka simolola go nna mmulatsela wa ka metlha kgotsa moreri wa nako e e tletseng. Go re ke tle ke kgone go tlhoma mogopolo wa me mo mokgeleng wa me, ke ne ka tshwarega thata ka dilo tsa semoya. Ke ne ka oketsa nako e ke e dirisetsang mmalo wa me wa Baebele le go ithuta ka namana. Bosigo ke ne ke a tle ke reetse dipuo tsa Baebele tse di rekotilweng. Dingwe tsa dipuo tseno di ne di bua ka maitemogelo a Bakeresete ba ba ileng ba lebana le loso mme ba na le tumelo e e nonofileng ka Paradaise le ka tsogo ya baswi. (Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4) Go ise go ye kae ke ne ke setse ke tshwere dipuo tseo tsotlhe ka tlhogo. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore tshedimosetso eo e ne e tlile go ntsholegela molemo jang gautshwane.

Ka July, 11, 1998, ke ne ka amogela lekwalo le le tswang kwa Brooklyn. Fela jaaka ke ne ke solofetse, e ne e le taletso ya gore ke tle Bethele. Kgwedi morago ga foo ke ne ke le mo kamoreng ya me ya Bethele. Ke ne ke abetswe go bereka kwa lephateng la go roka dibuka, re dira dibuka le go di romela kwa diphuthegong. Toro ya me ya bongwana e ne ya diragadiwa. Ke ne ke le mo Bethele, ‘ke direla Jehofa Dibaebele’!

Fa Bolwetse bo Simolola

Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang kgwedi kgotsa go feta pele ga ke ya Bethele, ke ne ka lemoga gore ga ke kgone go otlolola monwana wa me o o supang sentle. Mo e ka nnang ka yone nako eo, ke ne ka lemoga gore tiro e ke neng ke e dira ya go phepafatsa matamo a go thuma e ne e dira gore ke lape ka bonako. Ke ne ka akanya gore gongwe ga ke iteke ka natla. Ke ne nkile ka dira ditiro tse dingwe tse di boima go gaisa eo mme ke ne ke sa nne le mathata ape.

Mo dibekeng di le mmalwa fa ke sena go goroga kwa Bethele, matshwao a bolwetse ao a ne a oketsega. Ke ne ke sa kgone go itlola mo ditepising jaaka makawana a mangwe. Tiro ya me ya go roka dibuka e ne e akaretsa go tsholetsa ditsebe tse go dirwang dibuka ka tsone. E ne e se fela gore ke lapa ka bonako mme gape letsogo la me la moja le ne la simolola go sokama. Mme gape le monwana wa me wa kgonojwe o ne o simolotse go nna bokoa mme go ise go ye kae ke ne ke sa tlhole ke kgona go o tshikinya gotlhelele.

Mo bogareng jwa October, dikgwedi di le pedi fela fa ke sena go goroga kwa Bethele, ngaka e ne ya mpolelela gore ke na le bolwetse jwa ALS. Fa ke tswa kwa ofising ya ngaka, ke ne ka simolola gone fela foo go gakologelwa dipuo tsele tsa Baebele tse ke neng ke di tshwere ka tlhogo. E tshwanetse ya bo e ne e le moya wa ga Jehofa o o neng o nnonotsha ka gonne kgang ya gore ke tlile go swa e ne ya se ka ya ntshosa. Ke ne ka tswela fela kwa ntle mme ka letela koloi go mpusetsa kwa Bethele. Ke ne ka rapela Jehofa gore a nonotshe ba lelapa la me fa ke ba bolelela dikgang tseno.

Jaaka ke ile ka bolela kwa tshimologong, ke ne ke ikutlwa ke le lesego tota. Toro ya me ya bongwana ya gore ke tle Bethele e ne e diragetse. Maitseboa ao, ke ne ka ya go tsamaya mo godimo ga Brooklyn Bridge mme ka leboga Jehofa go bo a ile a ntetla gore ke fitlhelele mokgele wa me. Gape ke ne ka mo kopa ka pelo yotlhe gore a nthuse go itshokela seemo se se botlhoko seno.

Bontsi jwa ditsala tsa me di ne tsa mphounela di batla go nthusa le go nkgothatsa. Ke ne ka leka go nna ke ritibetse e bile ke itumetse. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang beke morago ga go utlwa ka bolwetse jwa me, fa ke ntse ke bua le mmè mo founong, o ne a re go a itumedisa go bo ke le pelokgale jalo, mme a re ga go phoso go lela. O ne a ise a fetse go bua mafoko ao fa ke simolola go putsaputsa dikeledi. E ne ya nna gone ke lemogang gore ke tla tloga ke palelwa ke go dira sengwe le sengwe se ke neng ke ikemiseditse go se dira.

Mama le Papa ba ne ba batla gore ke tle gae, mme ke ne ka gakgamala moso mongwe kwa bofelong jwa October fa ba kokota mo lebating la kamore ya me. Mo malatsing a se kae a a latelang ke ne ka ba bontsha Bethele le go ba itsise ditsala tsa me le maloko mangwe a a setseng a godile a a sa bolong go nna kwa Bethele. Malatsi a a monate ao fa ke ne ke bolelela batsadi ba me ka botshelo jwa Bethele ke dingwe tsa dilo tse di itumedisang thata tse ke di gakologelwang.

Go Tlhoma Mogopolo mo Masegong a ke Nang le One

Fa e sa le ka nako eo, Jehofa o ile a nna a ntshegofatsa ka ditsela tse dintsi. Ka September 1999, ke ne ka neela puo ya me ya ntlha ya phatlalatsa. Ke ne ka kgona go neela di se kae mo diphuthegong tse di farologaneng, mme ka bonako morago ga foo ke ne ke sa tlhole ke kgona go bua sentle mme ka tshwanela gore ke tlogele go neela dipuo tsa phatlalatsa.

Tshegofatso e nngwe e ne ya nna lorato lo logolo le tshegetso ya ba lelapa la gaetsho mmogo le lelapa la rona la semoya la bakaulengwe le bokgaitsadi. Fa maoto a me a ntse a koafala, ditsala tsa me di ne di tle di ntshware ka matsogo gore ke kgone go tsamaya fa ke le mo bodireding jwa tshimo. Ba bangwe ba bile ba tla kwa gae go tla go thusa go ntlhokomela.

Mme tshegofatso e kgolo go di gaisa e ile ya nna mosadi wa me e bong Amanda. Fa ke boela gae go tswa kwa Bethele, re ne ra nna ditsala mme bomoya jwa gagwe bo ne jwa nkgatlha. Ke ne ka mmolelela sengwe le sengwe se se amanang le bolwetse jwa me jwa ALS le gore ngaka ya re bo tla felela ka eng. Re ne re dira mmogo thata mo bodireding pele ga re simolola go ratana. Re ne ra nyalana ka August 5, 2000.

Amanda o tlhalosa jaana: “Ke ne ka kgatlhwa ke Jason ka go bo a ne a rata Modimo le ka ntlha ya go tlhoafalela ga gagwe dilo tsa semoya. Gantsi batho ba ne ba mo kgatlhegela, basha le bagolo. Nna ke motho yo o didimetseng le yo ditlhong ka tlholego mme ene o ne a le matlhagatlhaga a tlwaela batho ka bonako. Ka bobedi jwa rona re rata metlae, ka jalo re ne re rata go tshega mmogo. Ke ne ke ikutlwa ke gololesegile fa ke na le ene, e kete ga re bolo go itsane. Jason o ne a tlhomamisa gore ke tlhaloganya bolwetse jwa gagwe sentle le gore bo tla felela ka eng. Mme ke ne ka ipolelela gore re tla itumelela nako e e setseng ka botlalo ka mo re ka kgonang re le mmogo. Mo godimo ga moo, ga go na sepe se motho a ka tlhomamisegang ka sone mo tsamaisong eno ya dilo. ‘Motlha le ditiragalo tse di sa bonelwang pele’ di wela le batho ba ba nang le botsogo jo bo siameng.”—Moreri 9:11.

Go Bona Ditsela Tse re Ka Buisanang ka Tsone

Fa puo ya me e simolola go koafala le go feta, Amanda o ne a simolola go nthanolela fa batho ba bua le nna. Fa ke ne ke sa tlhole ke kgona go bua gotlhelele, re ne ra itlhamela thulaganyo e e kgethegileng ya go buisana. Amanda o peleta ditlhaka mme fa a peleta tlhaka e ke e batlang, ke bonya ka matlho. O tla bo a gakologelwa tlhaka eo mme re tla bo re fetela kwa go e nngwe. Ka tsela eno ke ne ke kgona go peleta seele se se feletseng. Nna le Amanda re ne ra nna ditswerere mo go diriseng mokgwa ono wa go buisana.

Mme gone jaanong, ka ntlha ya botegeniki jwa segompieno, ke na le khomputara ya laptop e e dirang gore ke kgone go buisana le batho. Ke kwala se ke batlang go se bua mme lentswe le le utlwalang go tswa mo khomputareng le tla bua se ke se kwadileng. E re ka ke sa tlhole ke kgona go dirisa diatla, go na le sensara e e kgonang go bereka fa e ama letlalo la motho, e bewa go lebagana le lerama mme e kgona go utlwa fa ke tshikinya lerama. Go na le lebokoso le le nang le ditlhaka le le tlhagang mo khomputareng eno. Mme ke kgona go supa tlhaka e ke e batlang le go kwala mafoko ka go tshikinya lerama.

Ka khomputara eno, ke kgona go kwalela batho ba ba kgatlhegelang Baebele ba mosadi wa me a kopanang le bone kwa bodireding. Ka go dirisa lentswe le le mo khomputareng ya me, ke kgona go buisana le batho mo matlong a bone le go tshwara dithuto tsa Baebele ke dirisa motlotlo o ke o baakanyeditseng. Ka go dirisa ditsela tseno ke ile ka kgona go tswelela ke le mmulatsela wa ka metlha. Bosheng jaana ke ile ka kgona go boa ke neela dipuo le go dira dikabelo tse dingwe tsa go ruta mo phuthegong e mo go yone ke leng motlhanka wa bodiredi.

Go Nna ke Dira Metlae

Go na le dinako tse re neng re hutsafala thata ka tsone. Fa maoto a me a ntse a koafalela pele, ke ne ka simolola go nna le bothata jwa go wa. Ka makgetlhonyana ke ile ka wela kwa morago mme ka gobala mo tlhogong. Mesifa ya me e ne e tle e gagamale, mme ke ne ke a tle ke we ke gagametse fela jaaka setlhare. Batho ba bangwe ba ne ba tle ba tshoge mme ba itlhaganelele go nthusa. Gantsi ke ne ke tle ke dire metlae ka gone go ritibatsa maemo. Ka metlha ke ne ke leka go nna ke dira metlae ka seemo se ke leng mo go sone. Go ne go se ka tsela e nngwe. Ke ne nka galefela go bo botshelo jwa me bo le boima, mme seo se ne se ka se nthuse ka sepe.

Maitseboa mangwe fa nna le Amanda le ditsala dingwe tse pedi re ne re ile gongwe, ke ne ka wela kwa morago ke sa lebelela mme ka itaagana ka tlhogo. Ke gakologelwa kafa boraro jwa bone ba neng ba tshwenyegile ka teng fa ba ne ba nteba mme nngwe ya ditsala e mpotsa gore a ke siame.

Ke ne ka re: “Ee, mme ke bona dinaledi.”

O ne a re: “Ruri?”

Ke ne ka re: “Ee, bona, ke tsele!” ke supa kwa loaping. “Di dintle tota.” Botlhe ba ne ba thubega ka setshego.

Go Itshokela Dikgwetlho Tsa Letsatsi le Letsatsi

Fa mesifa ya me ntse e koafalela pele, ke ne ka simolola go nna le dikgwetlho tse dingwe. Dilo tse di sa reng sepe, tse di jaaka go ja, go tlhapa, go ya kwa ntlwaneng, le go kopela dikonopo tsa diaparo, e ne ya nna ditiro tse di lapisang le tse di nkgobang marapo. Gone jaanong seemo sa me se maswe thata mo e leng gore ga ke tlhole ke kgona go suta, go ja, kgotsa go hema kwantle ga thuso. Ke na la tšhupu e ke jang ka yone e e tsenang mo maleng mme ke jesiwa dijo tse di motlhofo tsa diedi ka yone. Ke na le motšhine o o nthusang go hema o o tsentsweng mo mometsong.

Le mororo ke ne ke batla go itirela dilo ka bonna fa go sa ntse go kgonega, ka metlha Amanda o ne a iketleeleditse go nthusa. E re ka ke setse ke ikaega thata ka ene, le ka motlha ga a ise a ko a dire gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe. Ka metlha o dira gore ke ikutlwe ke na le seriti. Tiro e a e dirang gone jaanong go ntlhokomela e kgolo tota, mme ke a itse gore ga go motlhofo.

Amanda o tlhalosa kafa a ikutlwang ka teng jaana: “Go koafala ga ga Jason go diregile ka bonya, ka jalo ke ile ka ithuta gore ke tshwanetse go mo tlhokomela jang fa seemo se ntse se etegela pele. E re ka a dirisa motšhine o o mo thusang go hema, o tlhoka go tlhokomelwa diura di le 24. O nna le go nna le segotlholo le mathe a mantsi mo makgwafong, mme di tshwanetse go gopiwa ka sediriswa se se di gopang. Mme ka ntlha ya seo, ka bobedi jwa rona ga re kgone go thulamela sentle bosigo. Ka dinako tse dingwe ke ikutlwa ke jewa ke bodutu e bile ke kgobegile marapo. Le mororo ka metlha re le mmogo, go thata gore re buisane. Jason e ne e le motho yo o matlhagatlhaga mme gone jaanong ke matlho a gagwe fela a a bontshang matlhagatlhaga. O sa ntse a rata metlae mme le tlhaloganyo ya gagwe e sa ntse e le tlhaga. Mme gone ke tlhologelelwa lentswe la gagwe. Gape ke tlhologelelwa go utlwa a ntlamparela le go tshwara fela seatla sa me.

“Ka dinako tse dingwe batho ba mpotsa gore ke kgona jang go itshokela seemo seno. Boammaaruri ke gore, mathata ano a ile a nthuta go bona kafa ke tshwanetseng go ikaega thata ka Jehofa ka teng. Fa ke itshepa, ke akanya thata ka seemo sa me mo e leng gore ke ikutlwa ke sa kgone le go dira sepe. Thapelo e a thusa, ka gonne ke Jehofa fela yo o ntlhaloganyang ka botlalo le go tlhaloganya seemo se ke lebaneng le sone. Batsadi ba ga Jason ba nthusa thata. Ba teng ka metlha fa ke tlhoka go ikhutsa kgotsa fa ke batla go ya bodireding jwa tshimo. Ke anaanela thuso le tshegetso e re e newang ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba phuthego ya rona. Selo se sengwe se se nthusang ke go gakologelwa gore, tsela le fa e le efe e re bogang ka yone mo tsamaisong eno ke ‘ya nakwana e bile e motlhofo.’ (2 Bakorintha 4:17) Ke leka go tlhoma mogopolo mo lefatsheng le lesha le le tlang, mo Jehofa a tla baakanyang sengwe le sengwe. Gongwe ke tla bo ke tshega e bile ke lela ka nako ya fa matshwenyego ano otlhe a tla bo a fedile mme Jason e le Jason yo ke mo itseng.”

Go Lwantshana le go Tshwenyega mo Maikutlong

Go bua boammaaruri, ka dinako tse dingwe ke kgobega marapo tota go bo ke le monna mme ke tlhola ke dutse fela mo setulong seno sa maotwana ke sa kgone go dira sepe. Ke gakologelwa nako nngwe fa re ne re etetse kgaitsadiake ka nako ya kokoano nngwe ya lelapa. Ke ne ke ise ke je mme ke ne ke tshwerwe ke tlala. Mongwe le mongwe o ne a itumelela di-hamburger tsa nama e e gadikilweng le mmidi o o apeilweng ka setlhotlha. Fa ke ntse ke lebile fa ba bangwe ba ja le go tshameka le masea, ke ne ka hutsafala thata. Ke ne ka simolola go akanya jaana: ‘Ruri ga go a siama! Ke eng fa nna ke sa kgone go dira dilo tseno?’ E re ka ke ne ke sa batle go sulafaletsa mongwe le mongwe maitseboa ao, ke ne ka kopa Jehofa gore a nthuse gore ke se ka ka lela.

Ke ne ka ikgopotsa gore ka go nna ke ikanyega nka kgona go dira gore Jehofa a nne le tshono ya go ‘fetola Satane, yo o mo kgobang.’ (Diane 27:11) Seno se ne sa nnonotsha, ka gonne ke ne ka lemoga gore go na le dilo tse di botlhokwa thata go na le go tshwenyega ka kgang ya go ja mmidi wa setlhotlha le go tshameka le masea.

Ke itse sentle gore go motlhofo jang gore motho yo o lwalang jaaka nna a akanye fela ka mathata a gagwe. Mme ke lemogile gore go nthusa thata go nna ke na le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Ka go nna ke tshwaregile mo bodireding, ga ke na nako ya go tshwenyega thata ka mathata a me. Go tlhoma mogopolo mo go thuseng batho ba bangwe le go nna le tumelo mo go Jehofa go dira gore ke nne ke itumetse.

Go na le selo se sengwe gape se se ileng sa nthusa go lwantsha bothata jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Ke nna ke akanya ka se se diragaletseng batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba le kwa kgolegelong, bangwe ba bone ba tswaletswe ba le nosi ka go bo ba ne ba gana go tlogela go rera ka Bogosi jwa Modimo. Ke na le go akanya kamore ya me e le sele ya kgolegelo le go ikakanya ke le mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya me. Ke akanya ka ditshono tse nna ke nang le tsone tse bangwe ba bone ba neng ba se na tsone. Ke na le Baebele le dikgatiso tse dingwe. Ke kgona go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, e ka tswa e le ka namana kgotsa ka go di reetsa ka founo. Ke gololesegile go dira bodiredi jwa tshimo. Ke na le mosadi wa me yo o rategang yo o nkentshang bodutu. Go tlhatlhanya ka dilo tseno go thusa gore ke bone kafa ke leng lesego ka teng.

Ke rata thata mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Ga re ineele, mme le fa motho yo re leng ene kafa ntle a onala, eleruri motho yo re leng ene mo teng o ntšhafadiwa letsatsi le letsatsi.” Tota nna ke motho yo o onalang kafa ntle. Mme ke ititeile sehuba gore nka se ineele. Selo se se nthusang ke go nna ke tlhomile matlho a me a tumelo mo “dilong tse di sa bonweng,” go akaretsa le masego a lefatshe le lesha le le tlang, mo ke itseng gore Jehofa o tla dira gore ke boe ke itekanele gape.—2 Bakorintha 4:16, 18.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Go tlhaloganya bomasisi jwa bolwetse jono, re akantsha gore o bale lebokoso la setlhogo se se reng “Dintlha Tse di Malebana le Bolwetse Jwa ALS,” le le mo tsebeng ya 27.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

Dintlha Dingwe ka Bolwetse Jwa ALS

ALS ke eng? Ditlhaka tsa ALS di emela amyotrophic lateral sclerosis. Ke bolwetse jo bo tlhaselang dinyurone tse di tsamaisang mesifa (disele tsa ditshika) mo monyetsaneng le mo karolong e e kwa tlase ya boboko, jo bo dirang gore motho a koafale ka bonako. Dinyurone tse di tsamaisang mesifa ke tsone tse di tsamaisang molaetsa o o tswang kwa bobokong go ya kwa mesifeng e e thusang gore dikarolo tsa mmele di kgone go tshikinyega. ALS e dira gore dinyurone tse di tsamaisang mesifa di koafale kgotsa di se ka tsa tlhola di kgona go dira mme se se felela ka gore motho a swe ditokololo. *

Ke eng fa gape ALS e bidiwa Bolwetse Jwa Lou Gehrig? Lou Gehrig e ne e le motshameki yo o tumileng wa kwa Amerika wa beisebolo yo go neng ga fitlhelwa gore o na le bolwetse jwa ALS ka 1939 mme a swa ka 1941 a le dingwaga di le 38. Mo dinageng tse dingwe bolwetse jwa ALS bo tlhalosiwa e le bolwetse jwa dinyurone tse di laolang mesifa, e leng tlhaloso e e akaretsang malwetse a mantsi a a akaretsang le jwa ALS. Bolwetse jwa ALS ka dinako tse dingwe ga twe ke bolwetse jwa Charcot, jo bo reeletsweng ka Jean-Martin Charcot, ngaka nngwe ya Mofora e e alafang malwetse a boboko, e e ileng ya nna yone e bo tlhalosang la ntlha ka 1869.

Bolwetse jwa ALS bo bakwa ke eng? Ga go itsiwe gore bolwetse jwa ALS bo bakwa ke eng. Go ya ka babatlisisi, go akanngwa gore bo ka tswa bo bakwa ke dibaerase, go tlhaela diporoteine mo mmeleng, mathata mangwe a dijini (segolobogolo ALS e motho a e gotsang), go tshwaediwa ke dimetale tse di botlhole, botlhole jo bo tlhaselang dinyurone (segolobogolo mo balwetseng ba ALS ya Guam), mathata mangwe a thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, le go sa dire sentle ga diensaeme.

Ditlamorago tsa jone ke eng? Fa bolwetse bo ntse bo etegela pele, mesifa e a koafala mme mmele otlhe o feleletse o le bokoa. Fa nako e ntse e tsamaya, bolwetse jono bo koafatsa mesifa ya thulaganyo ya go hema mme kgabagare balwetse ba tshwanetse go ikaega ka motšhine o o ba thusang go hema. E re ka bolwetse jono bo ama fela dinyurone tse di laolang mesifa, ga bo ame tlhaloganyo, botho, tsela ya go akanya kgotsa kgopolo ya motho. Mme e bile ga bo ame ditemosi—molwetse o kgona go bona, go dupa, go latswa, go utlwa, le go utlwa fa mongwe a mo ama. Gantsi bolwetse jwa ALS bo bolaya batho mo dingwageng di le tharo go ya go di le tlhano go tloga ka nako e matshwao a jone a simololang go bonala ka yone mme mo e ka nnang diperesente di le 10 tsa balwetse ba ka kgona go tshela dingwaga tse di fetang tse di lesome le go feta.

Go dirwa eng go alafa bolwetse jono? Bolwetse jwa ALS ga bo na kalafi. Ngaka e ka nna ya naya motho melemo e e tla mo thusang go fokotsa botlhoko jo bo bakwang ke matshwao mangwe a jone. Go ikaegile ka gore bolwetse bo etegetse go le kana kang, molwetse a ka kgona go thusiwa ke ditirelo tse di rileng tse di ka mo thusang go tokafala, tse di akaretsang go mo thapisa go dirisa dikarolo tsa mmele, go ithuta ditiro dingwe, go ithuta go bua le ka go dirisa didirisiwa tse dingwe tse di ka thusang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 48 Go na le mefuta e le meraro ya bolwetse jwa ALS: jo bo tshwarang motho fela mme a sa bo gotsa (ke jone jo bo tlwaelegileng thata), jo motho a bo gotsang (mo diperesenteng di le 5 go ya go di le 10 tsa batho ba ba nang le jone go na le mongwe mo losikeng yo o kileng a nna le jone), le jwa Guam (bontsi jwa batho ba ba tshwarwang ke mofuta ono ke ba ba nnang kwa Guam le dinaga tse dingwe tsa Pacific).

[Motswedi wa Setshwantsho]

Lou Gehrig: Photo by Hulton Archive/Getty Images

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa re ne re ile go bona moago wa Bethele ka 1985

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Nna le Amanda ka letsatsi la rona la lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Khomputara e e kgethegileng ya “laptop” e e nthusang go buisana le batho

[Setshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Ke itumelela go neela dipuo mo phuthegong ya rona