Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Dingwaga Tsa Bogodi ke Nako e e Itumedisang?

A Dingwaga Tsa Bogodi ke Nako e e Itumedisang?

A Dingwaga Tsa Bogodi ke Nako e e Itumedisang?

KE 6:30 mo mosong wa mariga a a tsididi kwa Soweto, mo Afrika Borwa. E setse e le nako ya gore Evelyn a tsoge. * E re ka ntlo ya gagwe e se na didiriswa tsa go e thuthafatsa, go tsoga go dingalo.

Mangole a gagwe a botlhoko ka ntlha ya ramatiki, ka jalo o folosa maoto a gagwe ka iketlo mo bolaong a bo a nna mo godimo ga jone a itheetsa. Botlhoko jo a bo utlwang mo maotong bo okobala ka iketlo. Jaanong Evelyn o a ikokotlela a bo a ema ka dinao. O lela ka ditlhabi. A itshwere lotheka, fela jaaka fa ‘tsiakgope e ikgoga,’ Evelyn o totobela kwa ntlwaneng.—Moreri 12:5. *

Evelyn o bua jaana a le nosi: ‘Ka ba ka goroga!’ Ga a kgona fela go tsoga mo mosong ono mme o kgonne gape le go itsamaisa le fa mmele wa gagwe o le botlhoko.

Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se se mo tshwenyang. Evelyn a re: “E kete ke tla tloga ke latlhegelwa ke tlhaloganyo.” Nako le nako o latlhegelwa ke dilotlolo, mme gone tlhaloganyo ya gagwe e sa ntse e bereka sentle. Evelyn a re: “Ke rapelela fela gore ke se ka ka latlhegelwa ke tlhaloganyo jaaka go a tle go direge ka batsofe bangwe.”

Fa Evelyn a ne a sa le mosha, o ne a se nke a akanya ka botsofe. Jaanong go bonala dingwaga di le dintsi di fetile ka bonako a sa lemoge, mme jaanong mmele wa gagwe o nna o mo gakolola gore kana o na le dingwaga di le 74.

Bagodi ba bangwe ba ba tshelang botokanyana go na le Evelyn, ba ba sa tshwenngweng ke malwetse a a masisi go le kalo e bile ba sa tshwenyege thata mo maikutlong, bone ba ka tsaya dingwaga tsa bone tsa bogodi e le tse di itumedisang. Fela jaaka tlhogo ya lotso Aborahame, ba ka nna ba bo ‘ba godile e bile ba kgotsofetse.’ (Genesise 25:8) Ba bangwe bone ba nna le ‘malatsi le dingwaga’ tsa masetlapelo mme se ba ka se buang fela ke go re: “Ke sulafalelwa ke botshelo.” (Moreri 12:1, Today’s English Version) Go ya ka patlisiso nngwe, batho ba le bantsi ba ile ba leba nako ya go rola tiro ba se na tsholofelo thata jaana mo makasine wa Newsweek o ileng wa akantsha gore o bitse dingwaga tsa botsofe o re ke “Metlha ya Masetlapelo.”

O leba botsofe jang? Mangwe a mathata a batsofe ba lebanang le one ke afe? A motho a ka kgona go dira gore a se ka a latlhegelwa ke tlhaloganyo fa a setse a tsofetse? Ke eng se motho a ka se dirang gore a nne le kagiso ya mogopolo fa a setse a tsofetse?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Maina mangwe mo ditlhogong tseno a fetotswe.

^ ser. 3 Mafoko ano a a mo bukeng ya Baebele ya bogologolo ya Moreri ga a bolo go tsewa e le a poko a a tlhalosang mathata a a bakwang ke botsofe.