Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Etela Kwa Setheong sa Matsogo le Maoto a Maitirelo

Go Etela Kwa Setheong sa Matsogo le Maoto a Maitirelo

Go Etela Kwa Setheong sa Matsogo le Maoto a Maitirelo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA NEW ZEALAND

KE NE ke na le mabaka a mabedi a go bo ke batla go ya kwa Setheong sa Matsogo le Maoto a Maitirelo kwa Wellington, kwa New Zealand. Sa ntlha, leoto la me la maitirelo le ne le tlhoka go baakanngwa. Sa bobedi, ke ne ke batla go bontshiwa setheo seno gore ke ithute mo go oketsegileng ka tsela e go dirwang matsogo le maoto a maitirelo ka teng.

Ngaka ya me e e berekang ka ditokololo tsa mmele tsa maitirelo e ne ya dumela ka bopelonomi fa ke e kopa go mpontsha setheo seno. Ke ne ka solegelwa molemo tota ke go bontshiwa setheo seno, ka gonne ke ne ka kgona go godisa kitso ya me ka tiro e e botswerere le maiteko a batho ba ba ineetseng tota mo tirong eno ya go dirwa ga ditokololo tsa mmele tsa maitirelo.

Leoto la Maitirelo le Dirwa Jang?

Bontsi jwa balwetse ba ba tlang mo setheong seno ba a bo ba tlile go batla leoto la maitirelo. Selo sa ntlha se se dirwang fa go dirwa leoto la maitirelo ke go apesa kutu e e setseng e fodile ya leoto ka letsela. Morago ga moo, go tla bo go dirwa semente se se tshwanang kgo le kutu eno e e setseng ya leoto. Semente seno se tla bo se dirisiwa go bopa khuti e leoto le lesha le tlileng go tsenngwa mo go yone. Ke yone tsela e go simololwang ka yone fa go dirwa leoto le le berekang sentle le le tla tsayang maemo a le le sa tlholeng le le gone. Tsela e ntšha le e e berekang botoka ke ya go lekanya leoto go dirisiwa thulaganyo ya CAD/CAM (thulaganyo ya khomputara ya go tlhama le go dira dilo). Morago ga moo, motšhine o tla bo o gaba semente se se tshwanang kgo le kutu e e setseng ya leoto la motho yoo.

Fa ke sena go bontshiwa bokgeleke jwa botegeniki jo bo dirisiwang mo setheong seno, ke ne ka bontshiwa gape le dikarolo dingwe tse di setseng di diretswe ruri tsa matsogo le maoto a maitirelo tse di rekilweng go tswa kwa dinageng tse dingwe. Nngwe ya tsone e e kgatlhang e ne e le lelokololo la lengole le le berekang ka metsi le le tsenngwang mo soketeng ya polasetiki e e kgonang go bopiwa sesha ka go nna e gotediwa go fitlha e lekana molwetse sentle. Go na le mafelo a le mantsi a a nang le dimakasine tse di nang le ditshwantsho tse di bontshang dilo tseno ka botlalo.

Fa go dirwa ga leoto go setse go felelediwa, go dirwa diphetogo di se kae go baakanyetsa mo le tlileng go tsena gone, lengole, letlalo le dikarolo tsa lonao gore motho a kgone go tsamaya ka tsela ya tlholego ka mo go ka kgonegang ka teng. La bofelofelo, go tla bo go dirwa khabara ya sepontšhe. Yone khabara eno e dirisiwa go apesa se go ka tweng ke marapo a leoto leno la maitirelo. Go tla bo go dirisiwa ditlolo tse di dirang gore leoto leno la maitirelo le tshwane le leoto le lengwe le le setseng ka mo go ka kgonegang ka teng.

Fa molwetse a setse a kgona go tsamaya ka selekanyo se se rileng, o direlwa dithulaganyo tsa gore a kopane le ngaka e e berekang ka ditokololo tsa mmele e e nang le go etela Setheo seno sa matsogo le maoto. Ka gone, ngaka eno e tla bo e dira tlhatlhobo ya bofelo go tlhomamisa gore leoto leno le lesha le bereka sentle.

Bana ba ba Golafetseng le Baatleletiki

Fa ke ntse ke bontshiwa setheo seno, ke ne ka bona gape le mosetsanyana mongwe. O ne a sa tshabe go re bontsha kutu ya leoto la gagwe le le kgaogileng a bo a re bontsha la maitirelo le a le diretsweng. Moragonyana, ke ne ka mo lebelela fa a ntse a tlolatlola, go lebega a sa tshwenyege ka sepe.

Ke ne ka kgatlhegela thata go utlwa gore ngaka ya me e ne e ka reng ka bana ba ba se nang letsogo kgotsa leoto. O ne a mpontsha seatla se sennye sa maitirelo a bo a ntlhalosetsa gore mefuta ya didirisiwa tseno di tsenngwa mo maseeng a dikgwedi di ka nna thataro. Ka ntlha yang? Seno se direlwa go thapisa ngwana yono gore a kgone go dirisa letsogo kgotsa seatla sa maitirelo moragonyana. O ne a mpolelela gore fa a sa thapisiwe ka tsela eno, ngwana yono o gola a ithuta go dirisa seatla se le sengwe fela mme a ka ketefalelwa ke go dirisa diatla tse pedi fa a setse a godile.

Ke ne ka utlwalela gore malobanyana fela jaana khampani nngwe ya kwa Yuropa e ne ya romelela baatleletiki dikarolo tsa matsogo le maoto a maitirelo kwa Sydney, Australia, gore ba di dirise kwa Dikgaisanong Tsa Metshameko ya Diolimpiki ya Batho ba ba Golafetseng. Dikarolo tseno tsa matsogo le maoto di ne di abelwa batshameki mahala, mme dingaka tse di berekang ka ditokololo tsa mmele tsa maitirelo, go akaretsa le tse di tswang kwa New Zealand, di ne di le gone go thusa batsayakarolo ka nako ya metshameko.

Dikarolo dingwe tsa matsogo le maoto di diretswe bone baatleletiki. Ke ne ka bontshiwa sekai se le sengwe. E ne e le karolo ya lonao le legwejana tse di dirilweng ka tsela e e kgethegileng gore lonao lono lo kgone go tsamaya ka tsela e lonao lwa motho lo tsamayang ka yone ka tlholego.

Kgatelopele ya Bosheng

Ditokololo tsa mmele tsa maitirelo di tla bo di ntse jang mo isagweng? Ngaka ya me e ne ya mpolelela ka leoto la maitirelo le le laolwang ka khomputara le gone jaanong le setseng le dirisiwa ke molwetse a le mongwe fela kwa New Zealand. Ka fa go bonalang ka teng, leoto leno le dirilwe le na le didiriswa tse di kgonang go tsiboga fa le gata. Seno se dira gore motho a kgone go tsamaya ka tsela ya tlholego fela.

Mo dinageng dingwe dingaka tse di nang le bokgoni tse di arang ditokololo di lekeletsa mokgwa o o bidiwang osteointegration (wa go lomaganya letsogo kgotsa leoto la maitirelo le lerapo). Go na le nnale e e kgethegileng, e e tsenngwang mo kutung e e setseng fa motho a sena go kgaolwa letsogo kgotsa leoto, mme ke yone e tshegetsang sediriswa sa maitirelo. Fa e tsentswe ga go tlhokege gore go dirwe semente le khuti e letsogo kgotsa leoto la maitirelo le tsenngwang mo go yone.

Gape go dirwa dipatlisiso go bona gore a go ka se dirwe didiriswa tse di tla lomaganngwang le ditshikana, tse di tla dirang gore motho a kgone go laola letsogo kgotsa leoto la maitirelo a dirisa tlhaloganyo fela. Kwa United States le mo dinageng tse dingwe, go na le batho ba le mmalwa ba ba ileng ba tsenngwa diatla tsa batho ba bangwe, mme batho bangwe ga ba rate karo eno ka gonne motho yo a e dirwang o tshwanetse a nwa diokobatsi tse di dirang gore mmele wa gagwe o se ka wa ganana le serwe seno se e seng sa gagwe. Motho yono o tshwanetse a nwa diokobatsi tseno botshelo jotlhe jwa gagwe.

Gone jaanong go setse go dirisiwa mokgwa o o bidiwang myoelectronics go tsenya batho matsogo a maitirelo. Didiriswa tsa motlakase di amogela melaetsa e e tswang mo mesifeng ya letsogo, e gantsi e a bong e sa ntse e le gone mo kutung e e setseng. Morago ga moo, go dirisiwa beteri gore melaetsa eno e nne maatla le go feta gore e laole didiriswa tsa eleketeroniki tse di mo letsogong la maitirelo. Botegeniki jwa bosheng jaana jwa letsogo la maitirelo bo dirisa khomputara go dira gore letsogo le tsamaisane sentle le motho yo a tlileng go le dirisa.

E re ka ke ne ke gakgamaditswe ke botegeniki jono jwa go dira matsogo le maoto a maitirelo, ke ile ka botsa ngaka ya me gore o ne a ka bapisa jang tsela e botegeniki jono bo berekang ka yone le tsela e ditokololo tseno di berekang ka yone ka tlholego fela. Ebu, ka bonako fela o ne a dumela gore ditokololo tsa tlholego ke tsone di berekang sentle go gaisa tsa maitirelo. Seno se ne sa dira gore ke akanye ka mafoko a mopesalema yo o neng a bolela jaana a rapela Mmopi wa gagwe: “Ke tla go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang.”—Pesalema 139:14.

[Setshwantsho/Ditšhwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

[Ditshwantsho]

Matsogo a “myoelectric” a dirisa melaetsa ya mesifa go laola lobelo le maatla a letsogo le tshwarang ka one

[Motswedi wa Setshwantsho]

Hands: © Otto Bock HealthCare

[Ditshwantsho]

Mo teng ga lengole leno la botegeniki jwa maemo a a kwa godimo, didiriswa tse dinnye tsa khomputara le makenete di thusa lengole gore le tsamaelane le tsela e motho yo o le tsentsweng a tsamayang ka yone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Knee: Photos courtesy of Ossur

[Setshwantsho]

Setshwantsho seno se se bontshang dikarolo tse di kafa gare tsa lenao se bontsha khabara ya lone ya sepontšhe le legwejana tsa maitirelo

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Otto Bock HealthCare

[Motswedi wa Setshwantsho]

© 1997 Visual Language

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Leoto la maitirelo le a baakanngwa

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ngaka e tsenya molwetse leoto la maitirelo

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Seatla se sennye sa maitirelo se se dirisiwang go thapisa masea a a kgaogileng diatla

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Ka 2004, mofenyi wa lobelo lwa dimitara tse 100 kwa Dikgaisanong Tsa Metshameko ya Diolimpiki ya Batho ba ba Golafetseng o ne a taboga lobelo lono mo metsotswaneng e le 10,97 a tsentse leoto le le dirilweng ka “carbon-fiber”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo courtesy of Ossur/Photographer: David Biene

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 21]

© Otto Bock HealthCare