Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lebana le Mathata a Bogodi

Go Lebana le Mathata a Bogodi

Go Lebana le Mathata a Bogodi

“RE NA le dingwaga di le masome a supa fela—di le masome a le robedi, fa re nonofile; le fa go ntse jalo di tletse ka mathata le kutlobotlhoko; go ise go ye kae botshelo bo a khutla, mme re bo re sa tlhole re le gone.” (Pesalema 90:10, Today’s English Version) Pina eno ya poko e e nang le dingwaga di le 3 000 e le gone e tlhomamisa gore botsofe ga e bolo go nna kgwetlho. Le fa gone go ile ga nna le kgatelopele e e molemo mo go tsa kalafi, go na le dilo dingwe mo botsofeng tse di sa ntseng di baka “mathata le kutlobotlhoko.” Dilo tseno ke dife, mme batho bangwe ba itshokela jang mathata ano?

Go Tsofala Mme Tlhaloganyo e Bereka Sentle

Hans yo o nang le dingwaga di le 79 o ne a bua jaana ka bohutsana: “Selo se ke se boifang go gaisa dilo tsotlhe ke go latlhegelwa ke tlhaloganyo.” Fela jaaka Hans, bagodi ba le bantsi ba tshwenngwa ke go lebala dilo. O ne a tshwenyegile ka gore o simolola go palelwa ke go laola se mmoki wa bogologolo a neng a se bitsa “mogopo wa gouta”—e leng boboko jo bo botlhokwatlhokwa jo bo nang le tshedimosetso e e botlhokwa. (Moreri 12:6) Hans o ne a botsa a re, “A go latlhegelwa ke tlhaloganyo ke selo se se tlwaelegileng fa motho a tsofala?”

Fa e le gore jaaka Hans o na le go lebala maina kgotsa o ipotsa gore a go lebala jalo go raya gore o nna le bothata jo bo masisi jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo, tsweetswee tlhomamisega ka seno: Go lebala dilo go diragalela batho ba dingwaga tsotlhe, mme diphetogo tse motho yo o godileng a ka nnang le tsone mo tseleng e tlhaloganyo ya gagwe e berekang ka yone ga se gantsi di kaya gore o latlhegelwa ke tlhaloganyo. * Le fa gone go palelwa ke go gakologelwa dilo e le selo se se tlwaelegileng mo botsofeng, Dr. Michael T. Levy, yo e leng mookamedi wa saense e e malebana le tsela e batho ba itshwarang ka yone kwa Staten Island University Hospital kwa New York a re: “Batho ba le bantsi ba ba tsofetseng ba tshela botshelo jotlhe jwa bone ditlhaloganyo tsa bone di bereka sentle.”

Ke boammaaruri gore gantsi basha ba gaisa batho ba ba tsofetseng fa go tliwa mo kgannyeng ya go gakologelwa dilo dingwe ka bonako. Mme gone, ngaka nngwe e e alafang malwetse a boboko e bong Richard Restak a re: “Kwa ntle ga gore ba bonya, gantsi batho ba ba godileng ba kgona go gakologelwa dilo sentle fela jaaka batho ba basha.” Tota e bile, fa boboko jwa motho yo o tsofetseng bo rutiwa le go thapisiwa sentle, a ka kgona go tswelela pele a ithuta, a gakologelwa dilo e bile a kgona le go tokafatsa bokgoni bongwe jo a nang le jone.

Mathata a go Lebala le a Mangwe A a Ka Alafegang

Go tweng he, fa e le gore motho o nna le bothata jo bo masisi jwa go lebala dilo? Tota le fa go ntse jalo, ga a tshwanela go ipolelela fela gore o na le bothata jwa go latlhegelwa ke tlhaloganyo. Mathata a le mantsi a a kgonang go alafiwa a bagodi ba nang le one a ka dira gore ba nne le bothata jwa go lebala dilo le go tlhakana tlhogo ka bonako fela ka tsela e e sa tlwaelegang. Mathata a a ntseng jalo gantsi a tsewa ka phoso e le “bogodi” kgotsa “go latlhegelwa ke tlhaloganyo”—mme ka dinako tse dingwe seno se ka bolelwa le ke dingaka tse di se nang kitso e e lekaneng. Seno ga se tseele bagodi kwa tlase fela mme gape se ka ba thibela go batla kalafi e e tshwanetseng. Mangwe a mathata ano e ka nna eng?

Go tlhakana tlhogo ka tsela e e sa tlwaelegang ka bonako fela go ka bakwa ke phepelotlase, go tlhaela metsi mo mmeleng, go tlhaela madi, go gobala mo tlhogong, mathata a dikgeleswa tsa kgokgotso, go tlhaela dibitamine, mathata a a bakwang ke kalafi e e rileng kgotsa go fetoga ga maemo a tikologo e motho a leng mo go yone. Mathata a a amanang le go lebala dilo a ka bakwa ke go gatelelwa thata mo maikutlong ka lobaka lo loleele, mme go tshwaediwa ke megare le gone ke bothata jo bo dirang gore batho ba ba godileng ba tlhakane tlhogo. Go tshwenyega thata mo maikutlong le gone go ka dira gore batho ba ba godileng ba palelwe ke go gakologelwa dilo le go tlhakana tlhogo. Le fa go ntse jalo, Dr. Levy o gakolola jaana: “Go tlhakana tlhogo ka bonako fela ga go a tshwanela ga itlhokomolosiwa kgotsa ga tsewa e le go latlhegelwa ke tlhaloganyo fela mo go ka se kang ga dirwa sepe ka gone.” Go tlhatlhobiwa ke ngaka ka tsela e e tseneletseng go ka thusa motho go lemoga gore bothata jono bo bakwa ke eng.

Go Lebana le Bothata Jwa go Tshwenyega Thata mo Maikutlong

Go tshwenyega thata mo maikutlong ga se selo se sesha mo bathong, tota le mo batlhankeng ba ba ikanyegang ba Modimo. Mo e ka nnang dingwaga di le dikete di le pedi tse di fetileng, moaposetoloi Paulo o ne a tshwanelwa ke go gakolola Bakeresete mmogo le ene jaana: “Buang ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo.” (1 Bathesalonika 5:14) Mo metlheng eno ya rona e e ngomolang pelo, kgomotso eno e tlhokega fela thata. Le fa go ntse jalo, ka maswabi go tshwenyega thata mo maikutlong ga batho ba ba godileng gantsi go tlhalosiwa ka tsela e e phoso.

E re ka go na le dikgopolo di le dintsi tse di phoso tsa gore batho ba sulafalelwa ke botshelo go ya pele le go fetofetoga maikutlo fa ba ntse ba tsofala, batho bangwe tota le bagodi ka bobone ba ka tsaya matshwao a go tshwenyega thata mo maikutlong e le letshwao fela la go tsofala. Buka ya Treating the Elderly ya re: “Mme tota ga go a nna jalo. Go tshwenyega thata mo maikutlong ga bagodi ga se letshwao la go tsofala.”

Go tshwenyega thata mo maikutlong mo go tlhokang kalafi—e seng go kgopisega fela go go tlwaelegileng kgotsa go hutsafala—ke bolwetse jo bo masisi jo bo ka nnang le matswela a a masisi mme ga go a tshwanela ga itlhokomolosiwa. Fa go tshwenyega thata mo maikutlong go sa alafiwe go ka etegela mo balwetse ba bangwe ba feleletsang ba itlhobogile ba bo ba ipolaya. Dr. Levy o tlhalosa gore bothata jo bogolo jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ga batho ba ba godileng ke gore, “bolwetse jwa tlhaloganyo jo bo ka kgonang go alafiwa ke jone jo bo kotsi le go feta.” Fa go tshwenyega thata mo maikutlong go tswelela pele, molwetse a ka nna a tlhoka go alafiwa ke ngaka e e nang le maitemogelo mo malwetseng a a amanang le go fetofetoga maikutlo. *Mareko 2:17.

Batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ka tlhomamisega gore Jehofa “o pelonomi tota mo go bontsheng lorato e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) O “gaufi le ba ba pelo e phatlogileng.” (Pesalema 34:18) Ee ruri, ke ene yo tota a “gomotsang ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong.”—2 Bakorintha 7:6, New American Standard Bible.

Ga ba Tlhoke Gore ba Ikutlwe Ba se Na Mosola

Kgosi e e ikanyegang e bong Dafide o ne a rapela jaana dingwaga di feta 3 000 tse di fetileng: “O se ka wa ntatlha mo motlheng wa botsofe; fa maatla a me a fela, o se ka wa ntlogela.” (Pesalema 71:9) Tota le mo lekgolong la bo21 la dingwaga, mafoko a a ntseng jalo a tlwaelegile mo bathong ba ba godileng ba ba boifang gore ba ka se tlhole ba tsewa ba le mosola. Makoa a ba nang le one ka ntlha ya botsogo jo bo bokoa a dira gore ba ikutlwe ba se na mosola, mme go patelesega go rola tiro go ka dira gore motho a itseye a se botlhokwa.

Le fa go ntse jalo, fa re tlhoma mogopolo mo go se re kgonang go se dira go na le go kgobiwa marapo ke se re sa tlholeng re kgona go se dira, re ka kgona go itsaya re le botlhokwa e bile re le mosola. Malebana le ntlha eno, pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e ne ya kgothaletsa gore bagodi ba ‘tswelele pele ka go ithuta kwa sekolong kgotsa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi, go tsenela mekgatlho ya setšhaba le ditiro tsa bodumedi.’ Ernest, yo e leng setswerere sa go baka marotho mme jaanong a rotse tiro e bile e le Mosupi wa ga Jehofa kwa Switzerland, ke sekao se se bontshang mosola wa ‘go tswelela pele ka go ithuta.’ Mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70, o ne a ithekela khomputara mme a ithuta kafa e dirisiwang ka teng. Ke ka ntlha yang fa a ile a dira jalo, fa bagodi ba le bantsi ba dingwaga tsa gagwe ba tshaba dilo tsa botegeniki? O tlhalosa jaana: “Sa ntlha, ke dira seno gore tlhaloganyo ya me e nne e ntse e le tlhaga fa ke ntse ke gola. Sa bobedi, ga ke batle go salela kwa morago mo dilong tsa botegeniki ka gonne di ka nthusa fa ke itirela dipatlisiso mo Baebeleng le mo tirong ya me ya phuthego ya Bokeresete.”

Go nna le seabe mo ditirong tse di mosola go ka thusa bagodi ka dilo di le dintsi tsa botlhokwa tse ba di tlhokang: Go dira gore ba se ka ba itsaya e se batho ba sepe e bile go a ba kgotsofatsa mme go ka ba direla le lotseno. Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a lemoga gore ke mpho e e tswang kwa Modimong go “ipela le go dira molemo mo nakong ya botshelo jwa motho; gape gore motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla.”—Moreri 3:12, 13.

Go Dira Sotlhe Se re Ka se Kgonang

Mo ditšhabeng di le dintsi, bagodi ke bone ba ba fetisetsang kitso, melaometheo ya boitshwaro le ya semoya mo dikokomaneng tse di latelang. Kgosi Dafide o ne a kwala jaana: “E re ka jaanong ke tsofetse e bile moriri wa me o thuntse, o se ka wa ntlogela, tlhe Modimo! Nna le nna fa ke ntse ke bolela maatla a gago le nonofo ya gago mo dikokomaneng tsotlhe tse di tlang.”—Pesalema 71:18, Today’s English Version.

Mme gone, go tweng fa bagodi ba sa kgone go dira dilo dingwe ka ntlha ya maemo a botsogo kgotsa maemo a ba mo go one? Bothata jono bo utlwisa Sarah wa dingwaga di le 79 botlhoko, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa, yo o neng a bolelela mogolwane wa Mokeresete ka bothata jono. Mogolwane yono o ne a mo gakolola molaomotheo wa Baebele wa gore ‘mokokotlelo wa motho yo o siameng o na le maatla a magolo.’ (Jakobe 5:16) Mogolwane o ne a mmolelela jaana: “Fa dingwaga di ntse di feta, o ile wa itirela botsalano jo bo gaufi le Modimo. Jaanong o ka dira gore rotlhe re solegelwe molemo ke botsalano joo fa o re rapelela o le nosi.” Sarah o ne a kgothadiwa thata ke go utlwa a re: “Sarah, re tlhoka gore o re rapelele.”

Jaaka fa Sarah a ile a lemoga, go rapela ke selo se se kgotsofatsang le se se nang le bokao se bagodi ba le bantsi ba ka se tlhoafalelang bosigo le motshegare ba rapelela batho ba bangwe. (Bakolosa 4:12; 1 Timotheo 5:5) Ka nako e e tshwanang, dithapelo tse di ntseng jalo di thusa bagodi ba ba ikanyegang go atamalana le “Moutlwi wa thapelo,” e bong Jehofa.—Pesalema 65:2; Mareko 11:24.

Bagodi ba ba sa kgoneng go dira dilo dingwe mme ba le pelotshweu ka go abela ba bangwe maitemogelo a bone le dithoto tsa bone ba botlhokwa thata mo setšhabeng sa bone. Ba supa gore “botlhogoputswa ke serwalo sa bontle fa bo bapalwa ka tsela ya tshiamo.”—Diane 16:31.

Mme gone, go a tshwanela gore re ipotse gore: Isagwe ya rona e tla nna eng fa re ntse re tsofala? A go a utlwala gore re solofele botshelo jo bo botoka fa re ntse re tsofala?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 5 Babatlisisi bangwe ba bolela gore “mo e ka nnang diperesente di le 90 tsa batho botlhe ba ba tsofetseng ba ba fetileng dingwaga di le 65 ga ba a latlhegelwa ke tlhaloganyo.” Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le kalafi ya go latlhegelwa ke tlhaloganyo, tsweetswee bona setlhogo se se reng “Go Itebaganya le Bolwetse Jwa Alzheimer,” mo makasineng wa Tsogang! wa October 8, 1998.

^ ser. 13 Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse ba tlhomamisa gore kalafi e ba e dirisang e dumalana le melaometheo ya Baebele. Tsweetswee bona setlhogo se se reng “Go Tlhaloganya Malwetse a go Fetofetoga Maikutlo,” mo makasineng wa Tsogang! wa January 8, 2004.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Bagodi gantsi ba ikutlwa e kete ga ba tsewe tsia mo lefatsheng leno la rona le go tshelelwang mo lobelong mo go lone

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kafa o ka Thusang Bagodi ka Teng

Se ba Dige Seriti. “O se ka wa tshwaya monna yo mogolwane phoso mo go botlhoko. Go na le moo, mo rapele jaaka rrago, . . . basadi ba bagolwane jaaka bommaago.”—1 Timotheo 5:1, 2.

Ba Reetse ka Kelotlhoko. “Nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.”—Jakobe 1:19.

Ba Utlwele Botlhoko. “Nnang le mogopolo o o tshwanang lotlhe, lo bontshe go utlwela ba bangwe botlhoko, lo na le lorato lwa bokaulengwe, lo le pelotlhomogi ka bonolo, lo le boikokobetso mo mogopolong, lo sa duele go utlwisiwa botlhoko ka go utlwisa botlhoko kgotsa go gobololwa ka go gobolola.”—1 Petere 3:8, 9.

Lemoga fa ba Tlhoka go Kgothadiwa. “Lefoko le le builweng ka nako e e le tshwanetseng le tshwana le diapole tsa gouta mo dilong tse di setilweng tsa selefera.”—Diane 25:11.

Ba Laletse mo Dilong Tse o di Dirang. “Latelang mokgwa wa go tshola baeng.”—Baroma 12:13.

Ba Thuse ka Dilo Tse ba di Tlhokang. “Le fa e le mang yo o nang le mo go tshegetsang botshelo ga lefatshe leno mme a bona mokaulengwe wa gagwe a tlhoka mme le fa go ntse jalo a mo tswalela setswalo sa mapelotlhomogi, ke ka tsela efe lorato lwa Modimo lo ntseng mo go ene? Bana ba bannye, a re rateng, e seng ka lefoko le fa e le ka loleme, mme ka tiro le boammaaruri.”—1 Johane 3:17, 18.

Nna Pelotelele mo go Bone. “Aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.

Fa re tlhokomela batsofe, re bontsha gore re tsaya melao ya Modimo tsia ka gonne Lefoko la gagwe la re: “O tlotle motho yo o tsofetseng.”—Lefitiko 19:32.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go tlhatlhobiwa ke ngaka ka botlalo go ka go solegela molemo