Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Matlhagatlhaga a Bosha ka Bosakhutleng!

Matlhagatlhaga a Bosha ka Bosakhutleng!

Matlhagatlhaga a Bosha ka Bosakhutleng!

MONNA yo o fa thoko ga ga Jesu o ne a tloga a swa. O ne a kopa jaana: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu a mo raya a re: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, o tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:42, 43) Ke boammaaruri gore monna yoo yo o sa bolelwang ka leina o ne a sa bolawe ke bolwetse bongwe ka gonne a tsofetse; o ne a atlholetswe loso ka ntlha ya bokebekwa. Le fa go ntse jalo, batho ba ba tsofalang ba ka kgothadiwa thata ke monna yono yo o neng a le mo maemong a a thata.

Re amiwa maikutlo thata ke tsholofelo e e gakgamatsang e monna yono a neng a na le yone! Le fa gone Jesu a ne a swa mo koteng ya tlhokofatso gaufi le ene, monna yono o ne a se na pelaelo gore ruri Jesu o tla busa e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Gape, o ne a kopa Jesu gore a mo gakologelwe ka tsela e e molemo ka letsatsi lengwe. Akanya fela—monna yole yo o neng a bonwe molato o tla tsoga mo baswing a tsogela mo paradaiseng e e molemo, fa Jesu e tla bo e le Kgosi!

Batho ba mo seemong se se tshwanang le sa monna yoo yo o neng a swa ka ntlha ya go dira dilo tse di bosula. Ka tsela efe? Le fa re ka tswa re na le dingwaga di le kae, rotlhe re duela katlholo ya boleo mme re tlhoka go bolokiwa. (Baroma 5:12) Fela jaaka sekebekwa sele re ka leba kwa go Jesu Keresete gore re nne le tsholofelo—tota le tsholofelo ya gore re gololwe mo mathateng a a utlwisang botlhoko a re lebanang le one fa re setse re tsofetse! Gore re tlhomamisege ka seno, Jesu o neile batho tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng ba na le mebele le ditlhaloganyo tse di itekanetseng mo lefatsheng la paradaise.—Johane 3:16, 36.

Dilo Tsotlhe di Dirwa Sesha mo Bagoding le mo Basheng

Mo Bogosing jwa ga Keresete, batho ba ba nnang mo lefatsheng “ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) Ga go na ope yo o tla reng: “Ke a bobola.” (Isaia 33:24) Bokoa bope fela jo re ileng ra nna le jone bo tla fedisiwa, ka gonne “setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo.” (Isaia 35:6) Batho ba ba tsofetseng ba tla boa gape ba nna matlhagatlhaga jaaka basha; nama ya bone e tla ‘shafala go gaisa le nako ya bosha.’—Jobe 33:25.

Le fa go ntse jalo, a go nna le tsholofelo e e ntseng jalo ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela? A o ke o akanye ka motho yo o neng a solofetsa monna yole yo o neng a a swa Paradaise. Ka makgetlo a le mantsi boidiidi jwa batho bo ne bo tlisa digole, batho ba ba gobetseng thata, difofu le bosusu kwa go Jesu. O ne a alafa “bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe” ka tlhoafalo. (Mathaio 9:35, 36; 15:30, 31; Mareko 1:40-42) O ile a bontsha sentle se Bogosi jwa gagwe bo tlileng go se dira. Jesu o ne a ba a tsosa batho ba se kae ba ba neng ba sule. (Luke 7:11-17; Johane 11:38-44) Ka go dira jalo, o ne a tlhomamisa tsholofetso ya gagwe le go feta ya gore ‘botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwa lentswe la gagwe mme ba tla tswa.’—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

Akanya fela o tsosiwa mo Paradaiseng o na le mmele o mosha, o bona sentle, ditsebe tsa gago di utlwa melodi ya dinonyane le mantswe a batho ba ba itumetseng, o sa utlwe ditlhabi mo matsogong le mo maotong e bile tlhaloganyo ya gago e bereka sentle. “Malatsi a masetlapelo” a botsofe a tla bo a etse ruri. (Moreri 12:1-7; Isaia 35:5, 6) Tota le loso lo tla “nyelediwa”—lo tla “komediwa ka bosaengkae.”—1 Bakorintha 15:26, 54.

Ditiragalo tsa bosheng tsa lefatshe fa di sekasekwa go dirisiwa boporofeti jwa Baebele di bontsha gore go fedisiwa ga botsofe go ntse go atamela ka bofefo. (Mathaio 24:7, 12, 14; Luke 21:11; 2 Timotheo 3:1-5) Nako e setse e le gaufi e ka yone bagodi ba ba ileng ba bontsha tumelo mo Modimong ba bo ba mo direla ba tla boang gape ba itumelela matlhagatlhaga a bosha—mme jaanong e le ka bosakhutleng!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Thapisa Boboko Jwa Gago!

Fela jaaka fa go itshidila mmele go nonotsha mesifa, go ntse jalo le ka go thapisa boboko. Gore boboko jwa rona bo bereke, re tshwanetse ra dira dilo tse disha. Dilo tse di latelang ke dingwe tsa ditsela tsa go thapisa disele tsa methapo ya boboko le go di nonotsha.

▪ Kgatlhegela go dira dilo tse disha, tse di jaaka botaki, go betla, go tshameka metshameko ya mafoko kgotsa jigsaw le di-crossword puzzle; ithute puo e nngwe.

▪ Dirisana le batho ba ba farologaneng; tlotla le batho ba bangwe gore o se ka wa dira selo se le sengwe fela ka metlha le gore o tlhabolole mogopolo wa gago.

▪ Nna motho wa semoya. “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.”—Bafilipi 4:6, 7.

▪ Bala dibuka tse di siameng; tlotlela mongwe ka se o se badileng.

▪ Leka go gakologelwa dilo tse o di utlwileng mo dikgannyeng tsa radio kgotsa thelebishene o bo o di tlotlela ba bangwe gore o thapise bokgoni jwa gago jwa go gakologelwa dilo tsa gone jaanong le tsa bogologolo.

▪ Dirisa letsogo la gago le o sa le diriseng thata (la molema fa e le gore o dirisa la moja thata kgotsa la moja fa e le gore o dirisa la molema thata) fa o dirisa remote ya thelebishene, o dirisa founu kgotsa o tlhapa meno.

▪ Dirisa ditemosi tsotlhe tsa gago thata ka mo o ka kgonang ka teng mo letsatsing.

▪ Ithute ka mafelo a a kgatlhang a a fa gaufi kgotsa a a kgakala o bo o etele kwa go one.

[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Jesu o solofetsa gore botsofe jo bo utlwisang botlhoko bo tloga bo nyelediwa, bo bo bo emisediwa ke matlhagatlhaga a bosha ka bosakhutleng