Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Noka ya Thames—Boswa jo bo Kgethegileng Jwa Engelane

Noka ya Thames—Boswa jo bo Kgethegileng Jwa Engelane

Noka ya Thames—Boswa jo bo Kgethegileng Jwa Engelane

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA BORITANE

Noka ya Thames e simologa mo melapong e menè e megolo kwa lefelong le lentle le le bidiwang Cotswold Hills kwa borwabogare jwa Engelane. Fa e ntse e itsoketsa dikilometara di le 350 go ya kwa botlhaba, e kopana le dinoka tse dingwe go fitlha kgabagare e tshololele metsi a yone mo kgogometsong ya North Sea e e bophara jwa dikilometara di ka nnang 29. Go a kgatlha go utlwa kafa noka e khutshwane eno e ileng ya ama hisitori ya Engelane ka teng.

JULIUS CAESAR o ne a etelela letsholo la pele la Baroma la go tlhasela Engelane mo e ka nnang ka 55 B.C.E. Fa a ne a boa ngwaga o o latelang, o ne a palelwa ke go tlhasela ka gonne a ne a kgorelediwa ke noka e a neng a e bitsa Tamesis, Noka ya Thames. Mmusimogolo wa Roma e bong Claudius ke ene kgabagare a ileng a fenya naga eo dingwaga di le 90 moragonyana.

Ka nako eo go ne go setse go na le sekgwa se se kitlaneng mo matlhakoreng oomabedi a noka ya Thames, mme moragonyana sesole sa Roma se ile sa aga borogo jo bo dirilweng ka logong mo lefelong le makhubu a teng a tlhatlogang bogodimo jwa dikilometara di ka nna 50 go tswa mo kgogometsong. Mo ntlheng ya bokone ya losi lwa noka ba ile ba dira boemakepe jo ba ileng ba bo bitsa Londinium. *

Mo makgolong a a latelang a manè a dingwaga, Baroma ba ile ba dira kgwebo kwa dikarolong tse dingwe tsa Yuropa mme ba reka dilo tsa manobonobo go tswa kwa Mediterranean—tota le logong go tswa kwa Lebanona. Gape ba ne ba dirisa noka ya Thames go isa dilwana kwa Lontone go tswa mo mafelong a a kgakala le lewatle, mme ka ntlha ya seo, go ise go ye kae, motse oo o o nang le ditsela tse dintsi tse dikgolo, e ne ya nna lefelo le le botlhokwa la kgwebo.

Tlhotlheletso ya ga William wa Mogapi

Fa Mmusomogolo wa Roma o sena go wa, mephato ya masole a Roma e ne ya tswa kwa Boritane ka 410 C.E., go ne go sa tlhole go na le batho ba bantsi kwa Lontone mme kgwebo ya noka ya Thames le yone e ne ya fokotsega. Dikgosi tsa Anglo-Saxon di ne tsa tlhomiwa go nna dikgosi kwa Kingston—lefelo lengwe le le dikilometara di le 19 gaufi le noka go tswa kwa Lontone, mo go neng go le motlhofo go kgabaganya noka ya Thames gone—go fitlha mo lekgolong la bo11 la dingwaga, fa William wa Mogapi a ne a tlhasela a tswa kwa Normandy. Fa a sena go tlhomiwa mo setulong sa Bogosi ka 1066 kwa Westminster o ne a aga Tower of London mo teng ga dipota tsa motse wa Roma gore a tle a laole motse oo le go atolosa kgwebo le go laola boemakepe jwa one. Kgwebo e ne ya boa ya atlega gape mme baagi ba Lontone ba ne ba oketsega go nna batho ba ba ka nnang 30 000.

William wa Mogapi o ne a aga gape le kago ya phemelo mo godimo ga setlhoa sa kalaka se se dikilometara di le 35 kafa bophirima jwa Lontone, mo lefelong le gompieno le bidiwang Windsor. E ne ya agiwa mo boemong jwa moago mongwe wa segosi wa Saxon mme go tswa mo go one o ka kgona go bona bontle jwa noka ya Thames. Winsor Castle e nnile teng ka ntlha ya diphetogo le ditlhabololo tse dintsi tse di dirilweng mo kagong eo mme e sa ntse e le nngwe ya dikago tse dintle thata tse bajanala ba ratang go ya go di bona kwa Boritane.

Ka ngwaga wa 1209 go ne ga wediwa tiro ya kago ya dingwaga tse 30—go agiwa borogo jwa maje go kgabaganya noka ya Thames kwa Lontone—e le yone ya ntlha ya mofuta oo kwa Yuropa. Moago ono o o sa tlwaelegang, o mo go one go agilweng mabenkele, matlo le e leng kereke, o ne o na le marogo a mabedi a a kgonang go bulwa le go tswalwa gape o na le tora e e o sireletsang kwa Southwark, kafa ntlheng ya borwa.

Kgosi John wa Engelane, (1167-1216) o ne a dira maikano a gagwe a a tumileng a a bidiwang Magna Carta ka 1215 kwa Runnymede mo nokeng ya Thames gaufi le Windsor. Ka go dira seno, o ne a patelesega go tlhomamisa e seng fela kgololesego ya baagi ba Engelane mme gape le go tlhomamisa kgololesego ya motse wa Lontone le kgololesego ya kgwebo mo boemakepeng le ya bagwebi ba bangwe.

Noka ya Thames e Tlisa Katlego

Mo makgolokgolong a dingwaga a a neng a latela, kgwebo e ne ya atlega thata mo nokeng ya Thames. Fa nako e ntse e tsamaya, noka e ne e tlala thata ka ntlha ya kgwebo e e neng e dirwa koo. Dingwaga di le 200 tse di fetileng, noka ya Thames e ne e kgona go tsaya fela dikepe di le 600 mo boemakepeng jwa teng, mme ka dinako tse dingwe, go ne go a tle go nne le dikepe di le 1 775 tse di neng di leta mo boemakepeng go folosa merwalo ya tsone. Ka ntlha ya go pitlagana gono, bogodu e ne ya simolola go nna bothata jo bogolo. Fa go le bosigo magodu a ne a bofolola dikepe tse di bofeletsweng ba bo ba di thukhutha, mme batho ba ba nang le mekoro e mennye ba ne ba itshedisa ka go rwalela dilo tse di utswitsweng mo dikepeng ba bo ba di isa kwa mafelong a mangwe go bapa le noka ya Thames. Go rarabolola bothata jono, puso ya Lontone e ne ya tlhoma sepodise sa ntlha se se berekang mo nokeng. Se sa ntse se le teng le gompieno.

Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega go le gontsi go fokotsa mathata mo boemakepeng. Ka jalo, mo lekgolong la bo19 la dingwaga, Palamente ya Engelane e ne ya dumela go aga boemakepe jo bogolo go gaisa mo lefatsheng, le jo bo ka kgonang go tswalwa mme bo kgaoganngwa gore e nne maemakepe a le mabedi a a kwa tlase mo matlhakoreng oomabedi a noka. Mo masimologong a bo1800 maemakepe a Surrey Commercial Docks, London Dock le a India Bophirima le Botlhaba e ne ya nna one a pele a a neng a wediwa go agiwa, ka 1855 go ne ga agiwa Royal Victoria Dock mme Royal Albert Dock yone ya wediwa ka 1880.

Baenjeniri ba babedi—motho le morwawe—Marc I. le Isambard K. Brunel, ba ne ba lomaganya dintshi tse pedi tsa Thames ka 1840 ka go aga thanele ya ntlha mo lefatsheng ya kafa tlase ga metsi. E boleele jwa dimetara di le 459 mme e sa ntse e dirisiwa jaaka karolo ya diporo tsa terena tse di kafa tlase ga lefatshe tsa Greater London. Ka 1894 go ne ga wediwa Tower Bridge e bajanala ba le bantsi ba ratang go e etela. Borogo jwa yone jo bo nang le mabati a mabedi a a bulegang kwa godimo a tlogela phatla ya dimetara di le 76 go letla dikepe tse dikgolo go kgona go feta mo gare ga dikarolo tsa jone tse pedi. Fa e le gore o tla palama ditepisi tse di ka nnang 300, o tla tswela mo tselaneng e e fa thoko mme o bo o kgona go bona bontle jwa noka.

Mo lekgolong la bo20 la dingwaga, moago wa boemakepe jwa Lontone o ne o setse o siametse go ka tsaya dikepe tse dikgolo tse di neng di dirisiwa go rwala dilwana tsa kgwebo tse di neng di dirwa mo motseng oo. Ka nako ya fa boemakepe jwa bofelo jo bo reeletsweng ka Kgosi George V, bo sena go agiwa ka 1921, Lontone e ne e setse e na le “tsamaiso e kgolo le e e humileng go gaisa tsotlhe lefatsheng ya boemakepe.”

Go Bapa le Noka Eno Go na Le Matlo a Segosi, Bantlo ya Segosi le Mafelo a Mantle

Ka nako ya fa Lontone e ntse e tlhabololwa, ditsela tsa teng di ne di sa baakanngwe mme gantsi di ne di sa tsamaege fa go le mariga. Ka jalo, tsela ya go tsamaya e e neng e le botoka e bile e le e e tshwanelang e ne e le noka ya Thames, e go fetileng dingwaga di le dintsi e le tsela ya mo metsing e e dirisiwang ka bontsi. Gantsi batsamaisi ba mekoro ba ne ba tle ba kokoane mo ditepising tse di fa losing lwa noka ba goeletsa ba batla batho ba ba ka ba kgabagantsang melatswana e mengwe e e jaaka Fleet le Walbrook, e jaanong e leng kafa tlase ga mebila ya Lontone e e reeletsweng ka yone.

Fa nako e ntse e tsamaya, Lontone e ne ya feleletsa e tshwana thata le Venice, e na le matlo a mantsi a segosi a a agilweng go ela kwa losing lwa noka. Bantlo ya segosi ba ne ba simolola go rata thata go nna mo losing lwa noka ya Thames, sekai ke matlo a segosi a kwa Greenwich, Whitehall le Westminster. Ka tsela e e tshwanang, Hampton Court le yone e ne ya nna legae la dikgosi le dikgosigadi tsa Engelane mme Windsor Castle, e e gaufi le noka, e sa ntse e le lefelo la bantlo ya segosi.

Ka 1717, George Frideric Handel o ne a tlhama pina ya “Mmino wa Metsi” a batla go kgatlha Kgosi George I ka nako ya fa bantlo ya segosi ba ne ba dirile pikiniki gaufi le metsi. Lokwalodikgang longwe lo ile la bega gore ka letsatsi leo, mokoro wa kgosi o ne o patilwe ke “Mekoro e Mentsi mo e leng gore go ne go lebega noka yotlhe e tletse.” Mokoro o o neng o bapile le wa kgosi o ne o na le baopedi ba le 50 ba ba neng ba tshameka mmino o o tlhamilweng ke Handel ka makgetlho a le mararo fa mekoro eno yotlhe e ntse e tsamaya sekgala sa dikilometara di le 8 go tswa gaufi le noka kwa Westminster go ya kwa Chelsea.

Noka e e Lapolosang le go Itumedisa Batho

Go ne go se na tsela e nngwe ya go kgabaganya noka ya Thames ka dinao fa e se go feta ka London Bridge, go fitlha go agiwa Westminster Bridge ka 1740, e moragonyana e neng ya agiwa sesha mme kgabagare ka 1820 ga agiwa borogo jo bongwe mo boemong jwa yone. Dipilara tse di neng di tshegeditse moago wa maje wa ntlhantlha wa diakere di le 19 o ne o kgoreletsa noka go elela sentle. Ka ntlha ya seo, mo dingwageng di le 600 tsa go nna gone ga marogo ano, noka ya Thames e ne ya swa dikgapetla mo e ka nnang ka makgetlho a le robedi. Fa go nna le dikgapetla jalo, go ne go dirwa “mekete ya segagane” mo mafelong a go neng go tshwarelwa metshameko e mentsi e mo go one. Go ne go besiwa nama ya dipholo mme bantlo ya segosi ba ne ba jela teng. Dibuka le ditshamekisi tsa bana tse di neng di kwadilwe gore “di rekilwe kwa nokeng ya Thames” di ne di rekwa koo. Go ne go gatisiwa makwalodikgang le dikhopi tsa Thapelo ya Morena mo metšhineng e e neng e tlhomilwe mo nokeng eo e e suleng dikgapetla!

Bosheng jaana, Kgaisano ya Mekoro ya Yunibesithi, e e leng kgaisano fa gare ga yunibesithi ya Oxford le Cambridge e nnile tiragalo e e botlhokwa e e tshwarwang ngwaga le ngwaga ka nako ya dikgakologo. Babogedi ba ema mo losing lwa noka ya Thames fa gare ga Putney le Mortlake, go dudueletsa bagaisani ba le robedi mo mokorong mongwe le mongwe fa ba ntse ba e kgweetsa sekgala sa dikilometara di le supa mo metsotsong e e sa feteng e le 20. Kgaisano ya ntlha e ne ya tshwarwa ka 1829 kwa karolong e e kwa godimonyana ya noka ya Thames kwa Henley. Moragonyana kgaisano eo e ne ya fudusediwa gaufi le molomo wa noka, mme Henley e ne ya ithulaganyetsa kgaisano ya yone ya segosi, e e neng e le kgaisano e e di gaisang tsotlhe kwa Yuropa. E ngoka banna le basadi ba ba nang le botswerere jo bogolo jwa go tsamaisa mekoro mo sekgaleng sa dikilometara di ka nna 1 600 mo dikgaisanong. Kgaisano eno ya mekoro e e tshwarwang ka nako ya selemo e setse e le selo se batho ba se ratang thata.

Kgatiso nngwe ya bojanala ya kwa Boritane ya re noka ya Thames “e na le mafelo a le mantsi a a itumedisang fa e ntse e feta metseselegaeng ya Engelane ya dithotana tse di sa golelang kwa godimo, dikgwa, mafelo a a bojang le matlo a selegae le metsana e mentle. . . . Mo dikarolong tse di telele tsa yone ga go na tsela epe e e tsamayang fa thoko ga yone mme gantsi go na le tselana e e fa thoko e mekoro e gogiwang mo go yone. Se se dira gore le fa gone beng ba dikoloi ba kgona go bona bontle jwa noka eno mo ditseleng tsa kwa toropong tse di bapileng le yone, gone mme bontle jwa noka ya Thames bo bonala sentle fa motho a tsamaya ka dinao kgotsa fa a le mo mokorong.”

A o rulaganyetsa go etela kwa Engelane? Fa e le gore go ntse jalo, iphe nako ya go ya go bona noka ya Thames mme o utlwe le ka hisitori ya yone. Go tloga fela ka bontle jwa mo e simologang teng go fitlha ka bontle jwa mo e felelang teng , go na le dilo tse dintsi tse o ka di bonang, tse o ka di dirang le tse o ka di ithutang! Noka eno e ntle ya Thames e ka se ka ya go swabisa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Le mororo leina London le tserwe go tswa mo lefokong la Selatine la Londinium, maina ano ka bobedi a ka tswa a ile a tsewa go tswa mo mafokong a Se-Celtic a llyn le din, a e reng fa a kopane a bo a raya “motse [kgotsa kago ya phemelo] mo letsheng.”

[Lebokoso mo go tsebe 27]

DIBUKA TSE DI KWADILWENG KA NOKA YA THAMES

Jerome K. Jerome, o ne a kwala ka bontle jo bo lapolosang jwa noka ya Thames mo bukeng ya gagwe ya Three Men in a Boat. E bua ka ditsala tse tharo tse di neng di le mo malatsing a boikhutso di tsamaya mo nokeng eno ka mokoro le ntša ya bone, ba tswa kwa Hampton Court ba ya Oxford. Ke buka e e ileng ya kwalwa ka 1889 mme ya ranolelwa mo dipuong di le dintsi, mme e sa ntse e le nngwe ya dibuka tse di ratwang thata “tsa maemo a a kwa godimo tsa metlae.”

The Wind in the Willows ke buka e nngwe e e itsegeng thata e e ratiwang ke bagolo le bana ka go tshwana. E ile ya wediwa go kwalwa ka 1908 ke Kenneth Grahame, yo o neng a nna kwa Pangbourne, motse mongwe o o neng o le gaufi le noka ya Thames, mme ke buka ya kgang e e itlhametsweng e e kaga diphologolo tse di nnang mo losing kgotsa gaufi le losi lwa noka eno.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 27]

KGOSI KGATLHANONG LE NOKA YA THAMES

Kgosi James I, yo o neng a busa mo tshimologong ya lekgolo la bo17 la dingwaga, o ile a batla madi a a kana ka £20,000 go tswa go setlhopha sa Bagwebi sa kwa Lontone. Fa ramotse a gana go duela madi ao, kgosi e ne ya ba tshosetsa ka go re: “Ke tla lo fedisetsa ruri le motse wa lona. Ke tla tlosa dikgotlatshekelo tsa me, Kgotla ya me le Palamente ke di fudusetsa kwa Winchester kana kwa Oxford, mme ke tla dira gore Westminster e sale e se na sepe; mme akanya fela gore go tla diragalang ka lona!” Fa ramotse a tsibogela seo o ne a re: “Go tla nna go ntse go na le sengwe se bagwebi ba Lontone ba ka ikgomotsang ka sone: kgosi e ka se ka ya tsamaya ka noka ya Thames.”

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Ridpath’s History of the World (Vol. VI)

[Dimmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

ENGELANE

Lontone

Noka ya Thames

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Big Ben le matlo a Palamente a Westminster, Lontone

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

London Bridge, e e agilweng ka maje, ka 1756

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Old and New London: A Narrative of Its History, Its People, and Its Places (Vol. II)

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setshwantsho seno se se gabilweng sa 1803 se bontsha noka ya Thames le makgolokgolo a dikepe tse di neng di ema mo maemakepeng a Lontone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Corporation of London, London Metropolitan Archive

[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27]

Setshwantsho se se gabilweng sa mokete wa segagane ka 1683

[Motswedi wa Setshwantsho]

From the book Old and New London: A Narrative of Its History, Its People, and Its Places (Vol. III)