Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Ruri Jesu E ne E le Morwa Modimo?

A Ruri Jesu E ne E le Morwa Modimo?

Baebele ya Reng

A Ruri Jesu E ne E le Morwa Modimo?

MOAPOSETOLOI Petere o ne a raya Jesu a tlhatswegile pelo tota a re: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” (Mathaio 16:16) Leno ke lengwe fela la makgetlho a mantsi a a mo Baebeleng a Jesu a bidiwang Morwa Modimo mo go one mme ke mafoko a a ileng a dira gore batho ba ba ratang bodumedi ba tsibogele seo ka ditsela tse di farologaneng.

Batho ba le bantsi ba ba dumelang gore Jesu Keresete ke Modimo ga ba kgone go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a bidiwa Morwa Modimo. Go phepafetse gore go ka se direge gore a bo a le Modimo le Morwa ka nako e le nngwe fela. Ba bangwe ba tsaya Jesu e le motho mongwe yo o botlhokwa mo hisitoring, monna yo o botlhale, kgotsa gongwe e le moporofeti wa mmatota wa Modimo mme a se na maemo a mangwe gape a a fetang ano. Baebele yone e ruta eng tota? A go a kgathalesega gore o dumela eng?

Leitibolo la Modimo

Baebele e bontsha gore go na le nako nngwe e Modimo a kileng a bo a le nosi ka yone. Ka ntlha ya lorato lwa gagwe, o ne a swetsa ka gore a abelane mpho eno ya botshelo ka go nna rre—mme e seng ka tsela ya senama. Go na le moo, Jehofa o ne a dirisa maatla a gagwe a a sa lekaneng le ape go bopa motho wa semoya yo o botlhale—“tshimologo ya popo ka Modimo,” yo gone jaanong re mo itseng e le Jesu Keresete. (Tshenolo 3:14; Diane 8:22) E re ka Jesu a bopilwe ka tlhamalalo ke Modimo ka nako ya fa Modimo a ne a sa ntse a le nosi, Jesu o bidiwa ka tshwanelo go twe ke “yo o tsetsweng a le esi” le “leitibolo la popo yotlhe.”—Johane 1:14; Bakolosa 1:15.

Ka jalo, ga go pelaelo gore jaaka sebopiwa sa ntlhantlha sa Modimo, Jesu a ka se ka a nna Mmopi, “Modimo yo o esi.” (1 Timotheo 1:17) Kafa letlhakoreng le lengwe, Modimo o ile a naya Morwawe ditshiamelo tse dintsi. Ka sekai, ka go dirisa Jesu, Modimo o ile a bopa “dilo tsotlhe tse dingwe” go akaretsa le baengele tota. Baengele bano ba bidiwa “bomorwa Modimo”—le bone Jehofa ke Moneibotshelo wa bone.—Bakolosa 1:16; Jobe 1:6; 38:7.

Go bonala fa Modimo a sena go baakanya lefatshe gore le agiwe ke batho, o ne a bua jaana le Morwawe wa leitibolo: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” (Genesise 1:26; Diane 8:22-31) Ka jalo, Jehofa o ile a bopa gape le morwawe yo e neng e le motho wa ntlha e bong Adame ka go dirisa sebopiwa sa semoya se se neng se tla nna Jesu.—Luke 3:38.

Jesu o Nna Morwa wa Modimo wa Motho

Moaposetoloi Johane o senola gore ka nako e e neng e beilwe, Morwa Modimo wa semoya, “o ne a nna nama mme a aga mo gare ga rona.” (Johane 1:14) Gore Modimo a fetole sebopego sa ga Jesu gore a nne motho wa nama, o ne a fetisetsa botshelo jwa ga Jesu ka kgakgamatso go tswa legodimong mme a bo tsenya mo sebopelong sa ga Marea kgarebana nngwe ya Mojuda. Ka tsela eo, Jesu o ne a nna a ntse a le Morwa Modimo, le fa jaanong e ne e le motho. Mo godimo ga moo, e re ka go ne go se na motho ope yo o neng a naya Jesu botshelo fa e se Modimo fela, Jesu o ne a tsholwa a itekanetse, a se na boleo. Moengele Gabariele o ne a raya Marea a re: “Se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”— Luke 1:35; Bahebera 7:26.

Rara ka boene o ne a tlhomamisa sentle gore Jesu ke morwawe fa a ne a sa ntse a le motho wa nama. Ka nako ya fa Jesu a ne a kolobediwa, Johane Mokolobetsi o ne a bona magodimo a bulega mme a utlwa lentswe le tswa kwa legodimong le re: “Yo ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:16, 17) Ga go gakgamatse go bo Johane a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke o bone, ka ba ka naya bosupi gore yono ke Morwa Modimo.”—Johane 1:34.

Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu mo lefatsheng, ga a ka a ikitsise ka tsela e e sa tshwanelang gore ke Mesia, Morwa Modimo. (Mareko 8:29, 30) Gantsi o ne a dira gore batho e nne bone ba iponelang seo ka bobone ka go reetsa dithuto tsa gagwe le ka go bona tsela e a tshelang ka yone le ka go bona dikgakgamatso tse dintsi tse a neng a di dira, tse bontsi jwa tsone a neng a di dira phatlalatsa. Ka sekai, o ne a fodisa “botlhe ba ba mo seemong se se maswe, ba ba neng ba tshwenngwa ke malwetse a a farologaneng le ditlhokofatso.” (Mathaio 4:24, 25; 7:28, 29; 12:15) Batho ba ba foufetseng, ba ba sa utlweng, ba ba digole le ba ba nang le malwetse a mangwe ba ne ba tla botlhe mo go Jesu mme o ne a ba fodisa. O ile a ba a tsosa le baswi! (Mathaio 11:4-6) Jesu o ne a dira kgakgamatso ya go tsamaya mo godimo ga metsi a ba a kokobatsa diphefo le makhubu ka nako ya sefefo se segolo, a dira jalo a bonwa ke barutwa ba gagwe. Go mmona a dira dikgakgamatso tseno go ne ga dira gore barutwa ba gagwe ba re: “Ruri o Morwa Modimo.”—Mathaio 14:24-33.

Kafa Morwa Modimo A ka Go Thusang ka Teng

Ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a tlisa Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng go tswa kwa legodimong, le gore kgabagare a swe loso lo lo setlhogo? “Gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ee, Jesu o ne a ka kgona fela go “ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi” ka go swa. (Mathaio 20:28) Ga go ope mo hisitoring yo o kileng a bontsha batho lorato lo logolo go gaisa lo Jehofa le Morwawe wa leitibolo ba le bontshitseng.—Baroma 8:32.

Morago ga loso lwa ga Jesu, o ne a “bolelwa a le Morwa Modimo” ka tsela e e maatla le e e kgethegileng “ka go tsoga mo baswing” gore a boe gape a nne Morwa Modimo wa semoya. (Baroma 1:4; 1 Petere 3:18) Morago ga moo, fa a sena go leta ka bopelotelele fa thoko ga ga Rraagwe mo e ka nnang makgolo a le 19 a dingwaga, Jesu o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya Bogosi jwa Modimo—puso ya kwa legodimong e e tla tlogang e busa mo lefatsheng lotlhe.—Pesalema 2:7, 8; Daniele 7:13, 14.

A o batla go amogelwa ke Morwa yono wa Modimo yo o nang le maatla? Fa e le gore go ntse jalo, re go kgothaletsa gore o tlhatlhobe dithuto tsa gagwe mme o di dirise mo botshelong jwa gago. Jesu ka boene o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, go a kgathalesega tota gore motho o dumela eng ka Morwa Modimo!—Johane 3:18; 14:6; 1 Timotheo 6:19.

A O KILE WA IPOTSA GORE . . .

▪ Jesu ke Morwa Modimo yo o tsetsweng a le esi ka tsela efe?—Johane 1:3, 14; Tshenolo 3:14.

▪ Ke eng fa o ka dumela gore Jesu ke Morwa Modimo?—Mathaio 3:16, 17.

▪ Go dumela gore Jesu ke Morwa Modimo go ka go thusa jang?—Johane 3:16; 14:6; 17:3.

[Ditshwantsho mo go tsebe 12, 13]

Dithuto tsa ga Jesu tse di mosola le dikgakgamatso tsa gagwe tse di maatla di ile tsa supa gore e ne e se motho yo o tlwaelegileng fela