Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Dikakgelo Tsa Babadi

Kankere ya Letlalo—Kafa o ka Itshireletsang ka Gone (June 8, 2005) Tshedimosetso e e mo ditlhogong tseno e molemo tota. Ke ngaka e kgolo kwa tliliniking ya malwetse a letlalo. Nka rata go amogela dikhopi tse dingwe gape gore ke di neye ba bangwe.

K. W., kwa Denmark

Setlhogo seno se ne sa dira gore ke ye go bona ngaka gore e tlhatlhobe selo sengwe se se neng se ntse se gola kafa mokwatleng wa me. Ngaka e ne ya mpolelela gore se ka bo se ile sa fetoga kankere e e bidiwang bolwetse jwa Bowen. E ne ya se sega ka bonako. Ditlhogo tseno di ile tsa nthusa go tsaya kgato ka bonako.

S.M., kwa Japane

Lebokoso le le mo tsebeng ya 7 le ne la dira gore ke kope ngaka go tlhatlhoba dipatso tse di neng di ndule mo letlalong. Ngaka e ne ya mpolelela gore dipatso tseo e ne e le kankere e e kotsi ya melanoma e e neng e sa ntse e simolola. Jaaka fa setlhogo seno se bontsha, fa kankere eno ya melanoma e ka bo e se kile ya alafiwa e sa ntse e simolola, gongwe e ka bo e mpolaile. Ke leboga ngaka ya me le ditlhogo tseno tsa Tsogang! tse e ka tswang e le tsone di sireleditseng botshelo jwa me!

L. S., kwa United States

Poeletso e e Dirwang ke Lelapa (May 8, 2005, ka Seesemane) Ke ne ke tle ke bale fela ditlhogo tse ke di kgatlhegelang, mme fa ke sena go bona se se reng “Poeletso e e Dirwang ke Lelapa,” ke ne ka bala makasine otlhe gore ke tle ke kgone go araba dipotso tsa one. Go ise go ye kae, ke ne ka tlwaela go bala makasine otlhe!

Y. Z., kwa Russia

Ke ratile tsebe eno thata. Mo godimo ga gore go ne go le monate tota go araba dipotso tse di mo go yone, e ne ya dira gore ke lemoge gore ke sa ntse ke tshwanelwa ke go nna kelotlhoko thata fa ke bala!

D. S., kwa Boritane

Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng fa ke Kgatlhegela Batho Ba ba Sa Siamang? (August 8, 2005) Go bonala e kete morago ga dingwaga di le lesome tsa ‘go nna le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,’ ga ke ise ke itse gore nka baakanya jang bothata jono jo ke nang le jone. (1 Bakorintha 15:58) Ke ne ka lemoga gore ke ne ke ise ke gole sentle mo maikutlong, mme ke ne ke sa itse gore ke baakanye bothata jono jang. Ke leboga Jehofa go bo a re kwaletse ditlhogo tse di tshwanang le seno, se se re thusang go gatela pele mo tsamaisong eno.

J. F., kwa United States

Mo setlhogong seno, go umakiwa sengwe ka ‘go se itlhokomolose batho ba bangwe gotlhelele ba ba sa itseng boammaaruri jwa Baebele.’ A lo ka tlhalosa go le gontsinyana ka kgang eno? Go tweng fa Mokeresete a tsalana thata le motho yo e seng Mokeresete? A ga re a tshwanela go tshwenyega ka gone?

D. P., kwa United States

“Tsogang!” e a araba: Setlhogo seno se ne se sa kgothaletse Bakeresete gore ba tsalane thata le batho ba e seng Bakeresete. Molaomotheo o o latelang o a dira mo maemong otlhe: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore re tshwanetse gore gotlhelele re itlhokomolose batho ba e seng Bakeresete. Jaaka go bontshitswe mo setlhogong seno, Baebele e re kgothaletsa go ‘dira se se molemo mo go botlhe’—e seng fela mo go ba ba leng mo bodumeding jo re leng mo go jone. (Bagalatia 6:10) Eleruri, mofuta wa bodiredi jwa rona jwa Bokeresete o re batla gore re kgatlhegele batho ba bangwe ka tsela ya mmatota, re ba tshware ka seriti le ka tlotlo. Jesu o ile a re tlhomela sekao se se molemo mo ntlheng eno. Le ka motlha ga a ise a ko a tsalane thata le batho ba ba sa batleng go dira thato ya Modimo. (Johane 15:14) Le fa go ntse jalo, o ne a tlotla le batho e bile a itse sentle tsela e a neng a tshwanetse go ba tshwara ka yone. Ka ntlha ya go dira jalo, Jesu o ne a bulegelwa ke tshono ya go ba neela bosupi ka tsela e e nang le matswela. (Ka sekai, bona pego e e mo go Luke 7:36-50.) Jaaka Jesu, le rona re ka kgona go tshwarana sentle le batho ba e seng Bakeresete. Boikaelelo jwa rona ke ‘go nna tekatekano, re bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.’—Tito 3:2.